Academia.eduAcademia.edu
UNITED KINGDOM - Part 2 BOGOSI JO BO KOPANENG Karolo 2 THE WRITINGS DURING THE PERIOD OF THE UNITED KINGDOM. DIKWALO TSA NAKO YA BOGOSI JO BO KOPANENG. INTRODUCTION KETAPELE We will now study the writings that was written during the years the kingdom of Israel was still united. These are the Poetic books of the Bible, and include Psalms (mostly written by David), Proverbs, Ecclesiastes, Song of Solomon (written by Solomon) and Job. You will remember that even though Job lived during the time of the Patriarchs (Genesis), the book was written in Poetic form and so will be considered here. Re tla ithuta ka dikwalo tse di kwadilweng ka nako ya dingwaga tse bogosi jwa Iseraele bo neng bo santse bo kopane. Tse ke dibuka tsa poko tsa Beibele, di akaretsa Dipesalome (tse bontsi jwa tsona di kwadilweng ke Dafita), Diane, Moreri, Difela tsa ga Solomone (tse di kwadilweng ke Solomone) le Jobe. O tla gapola gore le fa Jobe a ne a phela mo dinakong tsa Bagale (Genesi), buka e e kwadilwe ka mokgwa wa poko mme e lebelelwa mo go tse. PSALMS, PROVERBS, ECCLESIASTES, SONG OF SOLOMON DIPESALOME, DIANE, MORERI. DIFELA TSA GA SOLOMONE I. THE PSALMS I. DIPESALOME There are three basic ways to study the Psalms: Go na le mekgwa e meraro ya go ithuta Dipesalome: (1) by book division, (1) ka go kgaoganya dibuka, (2) by authorship, (2) ka bokwadi, (3) by subject matter. (3) ka thuto A. By book division Chapters 1 - 41 (corresponds to Genesis) A. Ka go kgaoganya dibuka Dikgaolo 1-41 (e tsamaelana le Genesi) Key word is man. Lefoko la pulo ke monna. "Blessed is the man that walketh not in the counsel of the ungodly, nor standeth in the way of sinners, nor sitteth in the seat of the scornful" (1:1). “Go sego monna yo o sa tsamaeng mo kgakololong ya baikepi, le eseng go gata mo tseleng tsa baleofi, le eseng go nna mo mannong a basotli” (1:1). "What is man, that thou art mindful of him? And the son of man, that thou visitest him?" (8:4). “Kana motho ke eng fa o mo gopotse? Ngwana wa motho ke eng fa o mmabalela?” (8:4). "What man is he that feareth the Lord: him shall he teach in the way that he shall choose"(25:12). “Motho yo o boifang Morena ke mang: O tla mo ruta ka ga tsela e o tshwanetseng go e itlhaolela.” (25:12). "O taste and see that the Lord is good: blessed is the man that trusteth in him" (34:8). “Lekang le bone, fa Morena a le molemo: go sego monna yo o itiketseng ka ena” (34:9). "What man is he that desireth life, and loveth many days, that he may see good?" (34:12). “Motho ke ofe yo o eletsang bophelo, a rata bontsi jwa malatsi gore a tle a bone molemo?” (34:13). "The steps of a good man are ordered by the Lord: and he delighteth in his way" (37:23). “Morena o tlhomamisa dikgato tsa monna, fa a kgatlhwa ke tsela ya gagwe” (37:23). "Mark the perfect man, and behold the upright: for the end of that man is peace" (37:37). “Ela modumedi tlhoko, o lebe mosiami; gonne motho wa kagiso o na le botswelelopele” (37:37). "Blessed is that man that maketh the Lord his trust, and respecteth not the proud, nor such as turn aside to lies" (40:4). “Go sego monna yo o ikanyang Morena, a sa fapogele kwa baikgantshing le kwa baikeping ba maaka” (40:4). Chapters 42 - 72 (corresponds to Exodus) Dikgaolo tsa 42-72 (di tsamaelana le Ekesoda) Key word is deliverance. Lefoko la pulo ke kgololo. "And call upon me in the day of trouble: I will deliver thee and thou shalt glorify me" (50:15). “O mpitse ka letsatsi la tlalelo: ke tla go namolela mme o tla nkgalaletsa” (50:15). "For he hath delivered me out of all trouble: and mine eye hath seen his desire upon mine enemies" (54:7). “Gonne le nnamoletse mo tlalelong yotlhe, mme leitlho la me le lebile baba ba me ka boitumelo” (54:9). "For thou hast delivered my soul from death: wilt not thou deliver my feet from falling, that I may walk before God in the light of the living?" (56:13). “Gonne o golotse bophelo jwa me mo losong, le dinao tsa me mo go kgotsweng gore ke tsamaye fa pele ga Modimo mo leseding la bophelo” (56:14). "Deliver me from mine enemies, O my God: defend me from them that rise up against me" (59:1). “Nnamolele mo babeng ba me, o ntshireletse mo go ba ba ntsogelang” (59:2). "Deliver me out of the mire, and let me not sink: let me be delivered from them that hate me and out of the deep water" (69:14). “Ntshwatole mo legareng, gore ke seke ka roromelela ruri: a ke gololwe mo ga ba ba ntlhoileng le mo madibeng a metsi” (69:14). "Deliver me in thy righteousness, and cause me to escape: incline thine ear unto me, and save me" (71:2). "for he shall deliver the needy when he crieth; the poor also, and him that hath no helper" (72:12). “Mpholosa ka tshiamo ya gago, o nkgolole ntshekegela tsebe o nthuse” (71:2). “Gonne o tla golola mohumanegi yo o goelang thuso, le mmogisegi yo o se nang mothusi” (72:12). Chapters 73 - 89 (corresponds to Leviticus) Dikgaolo tsa 73 – 89 (di tsamaelana le Lefitiko) Key word is sanctuary. Lefoko la pulo ke felo ga Boitshepo. "Until I went into the sanctuary of God; then understood I their end" (73:17). “Go tsamaya ka tsenelela ditsamaisong tse di boitshepo tsa Modimo, ke lemoga bokhutlo jwa bona”(73:17). "They have cast fire into thy sanctuary, they have defiled by casting down the dwelling place of thy name to the ground" (74:7). “Ba tshubile felo-ga- Boitshepo ga gago, ba itshekolola boago jwa leina la gago ka go bo digela fa fatshe. (74:7). "'Thy way, O God, is in the sanctuary: who is so great a God as our God?" (77:13). “Tsela ya gago Modimo e mo boitshepong; ke Modimo ofe o o kana ka wena, Modimo wa rona?” (77:13). "And he built his sanctuary like high palaces, like the earth which he hath established for ever" (78:69). “A aga Felo-ga-Boitshepo ga gagwe jaaka bogodimo jwa legodimo, jaaka lefatshe le o le thaetseng bosakhutleng” (78:68). Chapters 90 - 106 (corresponds to Numbers) Dikgaolo tsa 90 – 106 (di tsamaelana le Numeri) Key words are unrest, wanderings. (See chapters 90 and 106.) Mafoko a pulo ke go sa nne le boikhutso, le kgarakgatshego. (leba kgaolo ya 90 le 106). Chapters 107 - 150 (corresponds to Deuteronomy) Dikgaolo tsa 107 – 150 (di tsamaelana le Doiterenomio) Key phrase is Word of God. (See chapter 119.) Mafoko a teng ke Lefoko la Modimo. (leba kgaolo ya 119) B. By authorship. B. Ka bokwadi. 1. David 1. Dafita a. The Shepherd Psalms: 8, 19, 23, 29, 144 a. Dipesalome tsa Modisa: 8,19, 23, 29, 144 b. The Sinner Psalms: 32, 51, 38 b. Dipesalome tsa moleofi: 32, 51, 38 c. The Suffering Psalms: 3, 4, 5, 6, 7, 11, 12,13, 14, 17, 22, 25, 26, 27, 28, 31, 34, 35, 39, 40, 41, 53, 54, 55, 56, 57, 58, 59, 61,62, 63, 64, 69, 70, 86, 109, 140, 141, 142,143 c. Dipesalome tsa tshotlego: 3, 4, 5, 6, 7, 11, 12, 13, 14, 17, 22, 25, 26, 27, 28, 31, 34, 39, 40, 41, 53, 54, 55, 56, 57, 58, 59, 61, 62, 63, 64, 69, 70, 86, 109, 140, 141, 142, 143 d. The Satisfied Psalms: 2, 9, 15, 16, 18, 20, 21, 24, 30, 36, 37, 52, 60, 65, 68, 72, 95, 101, 103, 105, 108, 110, 122, 124, 131, 133, 138, 139, 145 d. Dipesalome tsa go kgotsofala: 2, 9, 15, 16, 18, 20, 21, 24, 30, 36, 37, 52, 60, 65, 68, 72, 95, 101, 103, 105, 108, 110, 122, 124, 131, 133, 138, 139, 145 2. Korah: 42, 44, 45, 46, 47, 48, 49, 84, 85, 87 2. Kora: 42, 44, 45, 46, 47, 48, 49, 84, 85, 87 3. Asaph: 50, 73, 74, 75, 76, 77, 78, 79, 80, 81, 82, 83 3. Asafe: 50, 73, 74, 75, 76, 77, 78, 79, 80, 81, 82, 83 4. Heman: 88 4. Hemane: 88 5. Ethan: 89 5. Ethane: 89 6. Solomon: 127 6. Solomone: 127 7. Moses: 90 7, Moshe: 90 8. Hezekiah: 120, 121, 123, 125, 126, 128, 129, 130, 132, 134 8. Hesekia: 120, 121, 123, 125, 126, 128, 129, 130, 132, 134 9. Anonymous: 1, 10, 33, 43, 66, 67, 71 91 92, 93, 94, 96, 97, 98, 99, 100, 102, 104, 106, 107, 111, 112, 113, 114, 115, 116, 117, 118, 119, 135, 136, 137, 146, 147, 148, 149, 150 9. Dipesalome tsa bogolo: 1, 10, 33, 43, 66, 67, 71, 91, 92, 93, 94, 96, 97, 96, 99, 100, 102, 104, 106, 107, 111, 112, 113, 114, 115, 116, 117, 118,119, 135, 136, 137, 136, 147, 148, 149, 150 C. By subject matter. C. Ka thuto. 1. The Devotional Psalms: 4, 9, 12, 13, 14, 16, 17, 18, 19, 22, 23, 24, 27, 30, 31, 33, 34, 35, 37, 40, 42, 43, 46, 50, 55, 56, 61, 62, 63, 66, 68, 69, 71, 73, 75, 76, 77, 80, 81, 84, 85, 88, 90, 91, 94, 95, 100, 103, 106, 107, 111, 115, 116, 118, 119, 122, 123, 126, 133, 136, 138, 139, 141, 142, 144, 147, 148, 149, 150 1. Dipesalome tsa Boineelo: 4, 9, 12, 13, 14, 16, 17, 18, 19, 22, 23, 24, 27, 30, 31, 33, 34, 35, 37, 40, 42, 43, 46, 50, 55, 56, 61, 62, 63, 66, 68, 69, 71, 73, 75, 76, 77, 80, 81, 84, 85, 88, 90, 91, 94, 95, 100, 103, 106, 107, 111, 115,116, 118, 119, 122, 123, 126, 133, 136, 138, 139, 141, 142, 144, 147, 148, 149, 150 2. The Penitential Psalms: 6, 32, 38, 51, 102, 130, 143 2. Dipesalome tsa selelo le boikotlhao: 6, 32, 38, 51, 102, 130, 143 3. The Imprecatory Psalms: 35, 55, 58, 59, 69, 83, 109, 137, 140 3. Dipesalome tsa go hutsa baikepi le kgololo: 35, 55, 58, 59, 69, 83, 109, 137, 140 4. The Degree or Ascent Psalms: 120 through 134 4. Dipesalome tsa go tsholetsa Modimo: 120 go ya go 134 5. The Hallel (Hallelujah) Psalms: 113 through 118 5. Dipesalome tsa Hallel (Halleluja): 113 go ya go 118 6. The Historical Psalms: 78, 105, 106 6. Dipesalome tsa Ditirafalo: 78, 105, 106 7. The Acrostic Psalms: 9, 10, 25, 34, 37, 111, 112, 119, 145 7. Dipesalome tsa go tlotla Modimo: 9, 10, 25, 34, 37, 111, 112, 119, 145 8. The Messianic Psalms: 2, 8, 16, 22, 23, 24, 31, 34, 40, 41, 45, 55, 68, 69, 72, 89, 102, 109, 110, 118, 129 8. Dipesalome tsa ga Messia: 2, 8, 16, 22, 23, 24, 31, 40, 41, 45, 55, 68, 69, 72, 89, 102, 109, 110, 118, 129 We shall now study the Psalms by the subject matter method. Re tla ithuta jaanong Dipesalome ka mokgwa wa thuto. THE DEVOTIONAL PSALMS DIPESALOME TSA BOINEELO These seventy Psalms have been titled "devotional" because they contain precious and personal promises which are for all believers. In dealing with these, sometimes only the promise itself will be quoted with no comment. At other places a few words may be added. These Psalms include both weeping and singing. The authors will at times show displeasure, doubt, and shouting. They review the past and preview the future Dipesalome tse some a supa tse di filwe setlhogo sa “boineelo” ka gonne di na le ditsholofetso tse dintle le botho bo e leng jwa badumedi. Mo go direng ka se, ka nako tse dingwe ditsholofetso di a tlhagelela fela ka botsona di se na tshwaelo. Mo mafelong mangwe, mafoko mangwe a a tlaleletswa. Dipesalome tse di akaretsa go lela le go opela. Nako e nngwe bakwadi ba bontsha go sa itumele, go belaela le go goeletsa. Ba gopola tse di fetileng le go bonelapele ka isago. 1. Psalm 4 1. Pesalome 4 "But know that the Lord hath set apart him that is godly for himself; the Lord will hear when I call unto him" (4:3). “Itseng gore Morena o itlhaoletse yo a mo kgatlhang, Morena o utlwa fa ke tlhaeleletsa go ena” (4:4). "I will both lay me down in peace, and sleep: for thou, Lord, only makest me dwell in safety" (4:8). “Ke tla ya go lala ka kagiso, ke thulamela, gonne ke wena Morena o le wesi yo o mphedisang mo kagisong” (4:9). Here David's praying brought him peace and sleep. One of the blessings of the Christian life is peace. Note: "The Lord ... will bless his people with peace" (Ps. 29:11). Fa, thapelo ya ga Dafita e mo tlisetsa boroko le kagiso. Sengwe sa ditshegofatso tsa bophelo jwa Mokreste ke kagiso. Ela tlhoko: “Morena …O tla tshegofatsa batho ba ona ka kagiso” (Pes. 29:11). "Great peace have they which love thy law: and nothing shall offend them" (Ps. 119:165). “Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e kgolo: ga ba na se se ba kgopisang” (Pes. 119:165). 2. Psalm 9 1. Pesalome 9 "The wicked shall be turned into hell, and all the nations that forget God" (9:17). “Baikepi ba tla boela kwa felong ga baswi, le baheitene botlhe ba ba lebetseng Modimo” (9:18). This will someday become a horrible reality. (See Ps. 11:6; Mt. 25:31-46; Rev. 14:10; 19:20; 20:11-15; 21:8.) Se se tla nna nnete e e tshosang ka letsatsi le lengwe. (Leba Pes. 11:6; Math. 25:31-46; Tsh. 14:10; 19:20; 20:11-15; 21:8) 3. Psalm 13 3. Pesalome 13 "How long wilt thou forget me, O Lord? for ever? how long wilt thou hide thy face from me?" (v. 1). “Morena, go tla nna goleele go le kae? A o tla ntebalela ruri? O tla mphitlhela sefatlhego sa gago sebaka se se kana kang? (v. 2). "How long shall I take counsel in my soul, having sorrow in my heart daily? How long shall mine enemy be exalted over me?" (v. 2). “Ke tla akanya goleele go le kae mo moweng wa ka ke tla tlhola ke tletse bohutsana mo pelong? Mmaba wa me o tla inkgodisetsa sebaka se se kana kang?” (v. 3). One wrong idea about the Bible is that its heroes were men who differed entirely from other men; they never suffered defeat, they never became discouraged, they were at all times successful, saintly, and happy. Nothing could be farther from the truth. The fact is that all of them were "subject to like passions as we are" (Jas. 5:17). These men had all endured the burden of defeat many times. They were at times overcome with despair as the sons and daughters of Adam are today. This misery was often seen in their prayers. Psalm 13 is an example of soul-suffering supplication. Kakanyo e e fosagetseng ka Beibele ke gore bagaka e ne e le banna ba ba farologaneng gotlheleele le banna ba bangwe; ba ne ba sa sotlegele phenyo, ba ne ba sa kgobege marapo, ba ne ba atlega ka dinako tsotlhe, e le baitshepi, ba itumetse. Go ne go se sepe se se neng se feta nnete. Ntlha e kgolo ke gore: “e ne e le batho jaaka rona” (Jak. 5:17). Banna ba ba ne ba itshokela morwalo wa phenyo ka dinako tse dintsi. Ka dinako tse dingwe ba ne ba tlelwa ke go itlhoboga jaaka barwa le barwadie Adame ba dira gompieno. Botlhoko jo, bo ne bo bonala gantsi mo dithapelong tsa bona. Pesalome 13 ke sekai sa thapelo ya mekokotlelo ya mowa o o sotlegileng. 4. Psalm 14 4. Pesalome 14 "The fool hath said in his heart, there is no God. They are corrupt, they have done abominable works, there is none that doeth good" (14:1). “Lesilo le bua mo pelong ya lone le re: Modimo ga o yo. Ba a senya ba dira tsa maila;ga go ope yo o dirang molemo” (14:1). David here describes the unbelieving fool. Dafita o tlhalosa ka lesilo le le sa dumeleng. 5. Psalm 17 5. Pesalome 17 "Keep me as the apple of the eye, hide me under the shadow of thy wings” (17:8). “Mpoloke jaaka thaka ya leitlho, o mphemele mo moriting wa diphuka tsa gago” (17:8). Here David uses two tender terms showing God's affection for the believer. Dafita o bontsha fa dilo di le pedi tse di amanyang Modimo le modumedi. a. Apple of the eye. (See also Deut. 32:10; Zech. 2:8.) a Thaka ya leitlho. (leba Doit. 32:10; Sagar. 2:8). b. Shadow of thy wings. (See also Deut. 32:11, 12; Ps. 36:7; 57:1; 91:1, 4; Mt. 23:37.) b. Moriti wa diphuka. (leba Doit. 32:11, 12; Pes. 36:7; 57:1; 91:1, 4; Math. 23:37). 6. Psalm 18 6. Pesalome 18 "He sent from above, he took me, he drew me out of many waters" (18:16). “O ne a ntsha letsogo a le kwa godimo, a ntshwara a nkinola mo metsing a magolo” (18:17). "He brought me forth also into a large place: he delivered me, because he delighted in me" (18:19). “A kgogela kwa ntle mo mafelong a a atlhameng, a nkgolola ka gonne ke a mo kgatlha” (18:20). "For thou wilt light my candle: the Lord my God will enlighten my darkness" (18:28). “Ee o tukisa lobone la me, Morena Modimo wa me o sedifatsa lefifi la me” (18:29). "Thou hast also given me the shield of thy salvation: and thy right hand hath holden me up, and thy gentleness hath made me great" (18:35). “O nneile thebe ya pholoso ya gago; letsogo le le jang la gago le ntshegofasitse, go ikinamisa ga gago go ntira mogolo” (18:36). In verse 16 he speaks of being drawn out of many waters. Water is often used in the Psalms as a symbol for trouble and anguish. (See Ps. 69:1, 2; 144:7; Isa. 43:2.) Mo temaneng ya 17 o bua ka go inolwa mo metsing. Metsi mo Dipesalomeng a dirisiwa jaaka setshwano sa mathata le botlhoko. (Pes. 69:1, 2; 144:7; Jes. 43:2). 7. Psalm 23 7. Pesalome 23 (The entire Psalm) "The Lord is my shepherd; I shall not want " This is the most famous prayer in the Bible, except for the so-called Lord's prayer in Matthew 6:9-13. (Pesalome e yotlhe) “Jehofa ke modisa wa me , ga nkitla ke tlhoka sepe” Se ke thapelo e e itsegeng thata mo Beibeleng, ntle le e e itseweng jaaka thapelo ya Morena mo Matheo 6:9-13. David says the Lord is his Shepherd. Because of this, he continues, "I shall not want." Thus: Dafita a re Morena ke modisa wa gagwe. Ka ntlha ya se, o tswelela pele ka gore”Ga nkitla ke tlhoka sepe.” O raya gore: a. When his soul needed spiritual refreshment, the Shepherd provided green pastures. a. Fa moya wa gagwe o tlhoka tapologo, Modisa o mo naya mafulo a matalana. b. When his soul was weary, the Shepherd provided still waters. b. Fa moya wa gagwe o lapile, Modisa o o lapolosa mo metsing a tapoloso. c. When his soul needed revival, the Shepherd restored him. c. Fa moya wa gagwe o tlhoka tsoseletso, Modisa o a o boloka. d. When his soul needed guidance, the Shepherd led him in right paths. d. Fa moya wa gagwe o tlhoka mosupatsela, Modisa o mo tsamaisa mo ditseleng tsa tshiamo. e. When his soul was confronted with death, the Shepherd went with him. e. Fa moya wa gagwe o lebagane le loso, Modisa o tsamaya le ena. f. When his soul was confronted with enemies, the Shepherd provided his victory table. f. Fa moya wa gagwe o lebagane le dira/ baba, Modisa o neelana ka bojelo jwa phenyo. g. When his soul was wounded, the Shepherd anointed his head with oil. g. Fa moya wa gagwe o ntshitswe dintho, Modisa o o tlotsa ka lookwane. h. When his soul needed companionship, the Shepherd appointed goodness and mercy to accompany him. h. Fa moya wa gagwe o tlhoka go felegediwa, Modisa o tlhopa molemo le boitshwarelo go mo sala morago. i. When David would leave this temporary earthly dwelling place, the Shepherd would provide a permanent heavenly dwelling place. David's testimony was, "I shall not want." i. Fa Dafita a tlogela boago jwa nakwana jwa lefatshe le, Modisa o tla mo tlamela ka boago jwa leruri jwa legodimo. Bopaki jwa ga Dafita e ne e le, “Ga nkitla ke tlhoka sepe” j. At this point, it is appropriate to consider what is known as the trilogy of the Psalms, that is, a comparison of Psalms 22, 23, 24. j. Mo nakong e, go siame go lebisisa se se itseweng jaaka boraro jwa thuto ya Dipesalome, go raya gore, go farologanya Pesalome 22, 23, 24. Note: Ela tlhoko: Psalm 22 (Jn. 10:11) Pesalome 22 (Joh. 10:11) (1) the Good Shepherd (1) Modisa yo o Molemo (2) the Savior (2) Mopholosi (3) the Foundation (3) Motheo (4) Christ dying (4) Go swa ga Kreste (5) the Cross (5) Sefapano (6) he gives his life (6) o neela ka botshelo jwa gagwe (7) Grace (7) Mautlwelo botlhoko Psalm 23 (Heb. 13:20) Pesalome 23 (Baheb. 13:20) (1) the Great Shepherd (1) Modisa yo Mogolo (2) the Satisfier (2) Mokgotsofatsi (3) the manifestation (3) Go iponagatsa (4) Christ living (4) Kreste yo o tshelang (5) the Comforter (5) Mogomotsi (6) he gives his love (6) o neelana ka lorato (7) guidance (7) Mosupatsela Psalm 24 (1 Pet. 5:4) Pesalome 24 (1 Pet. 5:4) (1) the Chief Shepherd (1) Modisa yo Mogolo thata (2) the Sovereign (2) Mothatayotlhe (3) the expectation (3) tsholofelo (4) Christ coming (4) Kreste yo o tlang (5) the crown (5) Serwalo sa bogosi (6) he gives his light (6) o neelana ka lesedi la gagwe (7) glory (7) kgalalelo 8. Psalm 34 8. Pesalome 34 "This poor man cried, and the Lord heard him, and saved him out of all his troubles. The angel of the Lord encampeth round about them that fear him, and delivereth them. O taste and see that the Lord is good: blessed is the man that trusteth in him. O fear the Lord, ye his saints: for there is no want to them that fear him (34:6-9). ”Motho yo wa batho o biditse, mme Morena a mo utlwa, a mo thusa mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.Moengele wa Morena o thibelela tikologong ya bona ba ba mmoifang, a ba golola. Lekang lo bone fa Morena a le molemo, go sego monna yo o itiketseng ka ena. Boifang Morena, lona baitshepi ba gagwe, gonne ba ba mmoifang ga ba nke ba tlhoka sepe. (Pes. 34:7-10) Our gracious heavenly Father often uses his angelic messengers to aid, protect, and encourage his earthly children. (See 2 Ki. 6:17; Heb. 1:14; Acts 12:7.) Rrarona wa magodimo o re romella ka gale baromiwa ba gagwe ba baengele go re thusa, sireletsa, go rotloetsa bana ba ona ba ba mo lefatsheng. (2 Dikg. 6:17; Baheb. 1:14; Dit. 12:7). 9. Psalm 35 9. Pesalome 35 "False witnesses did rise up; they laid to my charge things that I knew not. They rewarded me evil for good to the spoiling of my soul. But as for me, when they were sick, my clothing was sackcloth: I humbled my soul with fasting; and my prayer returned into mine own bosom" (35:11-13). “Go tsoga basupi ba pateletso, ba mpotsa se ke sa se itseng. Ba ntuelela molemo ka bosula; ke nosi fela. Mme nna erile ba lwala ka apara kgetse, ka bogisa mowa wa me ka go itima dijo; mme thapelo ya me e boetse sehubeng sa me.” (35:11-13). This type of praying is indeed difficult – to intercede for those in their need who perhaps do not even want to be prayed for and who would rejoice if the same calamity overtook you. But the believer is nevertheless commanded to pray such a prayer. Mofuta o wa thapelo ke o o thata ruri – go rapelela bao ba tlhokang, bo gongwe ba sa batleng le go rapelelwa le go itumela mo boiketlong bo o mo go bone. Mme modumedi o laetswe go dira thapelo eo. 10. Psalm 37 10. Pesalome 37 "Fret not thyself because of evildoers, neither be thou envious against the workers of iniquity. For they shall soon be cut down like the grass, and wither as the green herb. Trust in the Lord, and do good; so shalt thou dwell in the land, and verily thou shalt be fed" (37:1-3). “O se ke wa tlhodiega ka ga badirabosula; o se ka wa fufegela ba ba dirang tse di sa siamang. Gonne ba omelela ka bonako jaaka bojang; ba swaba jaaka matlhogela a matalana. Ikanye Morena o dire se se molemo, aga mo lefatsheng o ikanyege” (37:1-3). "Delight thyself also in the Lord; and he shall give thee the desires of thine heart" (v. 4). “O natefelelwe ke Morena, mme o tla go naya dikeletso tsa pelo ya gago” (v. 4). "Commit thy way unto the Lord; trust also in him; and he shall bring it to pass" (v. 5). “Laolela Morena tsela ya gago, o mo ikanye, ena o tla dirafatsa” (v. 5). "Rest in the Lord, and wait patiently for him: fret not thyself because of him who prosepreth in his way, because of the man who bringeth wicked devices to pass" (v. 7). “Didimalela Morena o mo lebelele. O se ka wa ngongoregela yo o sego mo tseleng ya gagwe, le monna yo o dirafatsang maano a boferefere” (v. 7). "The wicked plotteth against the just, and gnasheth upon him with his teeth" (v. 12). “Moikepi o logela mosiami maano, a mo shenele meno” (v. 12). "The Lord shall laugh at him: for he seeth that his day is coming" (v. 13). “Morena o a mo tshega, ka a bona letsatsi la gagwe le atamela” (v. 13). "The Lord knoweth the days of the upright: and their inheritance shall be forever" (v. 18). Morena o itse malatsi a ba ba tlhamaletseng, boswa jwa bona bo tla nna ka bosakhutleng” (v. 18). "The steps of a good man are ordered by the Lord: and he delighteth in his way" (v. 23). “Morena o tlhomamisa dikgato tsa monna, fa a kgatlhwa ke tsela ya gagwe” (v. 23). "Though he fall, he shall not be utterly castdown: for the Lord upholdeth him with his hand" (v. 24). “Le fa a ka wa, ga a wele ruri, gonne Morena o tshwere seatla sa gagwe” (v. 24). "I have been young, and now am old; yet have I not seen the righteous forsaken, nor his seed begging bread" (v. 25). “Ke ne ke le lekau, mme jaanong ke tsofetse. Mme ga ke ise ke bone mosiami a tlogetswe, le fa e le bana ba gagwe ba kopa dijo” (v. 25). "For the Lord loveth judgement, and forsaketh not his saints; they are preserved for ever; but the seed of the wicked shall be cut off" (v. 28). “Gonne Morena o rata tshiamo, ga a tlogele baitshepi ba gagwe, mme ba bolokwa ka bosakhutleng. Losika la badirabosula le a nyelediwa” (v. 29). This prayer Psalm goes from frustration (v. 1) to joy" (v. 34). Thapelo e ya Pesalome e tsamaya go tswa mo theregong (v. 1) go ya boitumelong (v. 34). There are five things we should notice: Go na le dilo di le tlhano tse re tshwanetseng go di ela tlhoko: 1. Fret not - I have a problem. 1. Se tlhodiege – Ke na le bothata. 2. Trust - I believe God can answer my problem. 2. Tshepo - Ke dumela gore Modimo kgona go nkaraba mo mathateng a me. 3. Joy - I believe he will answer my problem. 3. Boitumelo – Ke dumela gore o tla arabela mathata a me. 4. Commit - I bring my problem to him. 4. Dirafatsa - Ke tlisa mathata a me kwa go ena. 5. Rest - I leave my problem with him. 5. Ikhutsa – Ke tlogelela mathata a me mo go ena In the Psalms God is pictured as laughing at two things: Mo Dipesalomeng go bontshiwa fa Modimo a tshega dilo di le pedi: a. the attempts of the wicked to dethrone his son (Ps. 2:2-4) a. maikaelelo a baikepi go diga bana ba ona (Pes. 2:2-4). b. the attempts of the wicked to destroy his saints (Ps. 37:13; 59:8) b. maikaelelo a baikepi go nyeletsa baitshepi (Pes. 37:13; 59:8). Often in the Psalms the one praying will ask the Lord to impress upon him the shortness of this life, so that he might commit each day to his Creator. This is referred to here (37:18). Gantsi mo Dipesalomeng motho yo o rapelang o tla kopa gore Morena a mo kgatlise mo bokhutshwaneng jwa bophelo jwa gagwe, gore a kgone go neela letsatsi lengwe le lengwe la gagwe kwa Mmoping. Se se lebisitswe mo temaneng ya (37:18). 11. Psalm 40 11. Pesalome 40 "I waited patiently for the Lord; and he inclined unto me, and heard my cry. He brought me up also out of an horrible pit, out of the miry clay, and set my feet upon a rock, and established my goings. And he hath put a new song in my mouth, even praise unto our God: many shall see it, and fear, and shall trust in the Lord" (40:1-3). “Ke lebeletse Morena ka tlhologelelo, mme a itshekamisetsa go nna, a nkutlwa ke goela thuso. A ntshwatola mo moleteng wa tshenyego, mo maragarageng a seretse, a tlhoma dinao tsa me mo lefikeng, a tlhomamisa dikgato tsa me. O ntsentse sefela se seseshwa mo molomong, Ba bantsi ba a bona, ba a boifa ba ikanya Morena” (40:2-4). "Many, O Lord my God, are thy wonderful works which thou hast done, and thy thoughts which are to usward: they cannot be reckoned up in order unto thee: if I would declare and speak of them, they are more than can be numbered" (v. 5). “O re diretse dilo di le dintsi, Morena Modimo wa me, dikgakgamatso tsa gago le megopolo ya gago; ga go yo o ka tshwantshiwang le wena. Fa nka rata go di itsese le go di bolela, go ka feta mo nka balang” (v. 5). Verses 1-3 illustrate the differences between Christianity and all other religions. Ditemana tsa 1-3 di bontsha pharologanyo ya Bokreste le ditumelo tse dingwe. In verse 5 of this prayer David mentions God's wonderful works performed for him, and God's thoughts about him. Other passages have this precious truth. (see Ps. 92:5; 139:17, 18; Jer. 29:11). Mo temaneng ya 5 ya thapelo Dafita o bolela ka ditiro tse di kgakgamatsang tse Modimo a di mo diretseng, le megopolo ya Modimo ka ga gagwe. Dikarolo tse dingwe tsa Dipesalome di na le boammaruri bo (Pes. 92:5; 139:17, 18; Jer. 29:11). 12. Psalm 42 12. Pesalome 42 "Why art thou cast down, O my soul? And why art thou disquieted in me? Hope thou in God: for I shall yet praise him . . . (42:5). (See also 42:11; 43:5.) “O obegetseng wena mowa wa me, o huduegelang mo teng ga me? Gonne ke tla bo ke o lebogela … (42:6). (42:11; 43:5). He both asks and answers his own questions. This self-assurance of one's own soul is a good practice. Sometimes it is helpful for a person to teach and comfort himself as he would another. O a botsa a bo a araba dipotso tsa gagwe. Go inetefaletsa ga mowa wa motho ke selo se sentle. Nako e nngwe go a thusa fa motho a ithuta le go ikgomotsa jaaka a ka direla o mongwe. 13. Psalm 46 13. Pesalome 46 "God is our refuge and strength, a very present help in trouble. Therefore will not we fear, though the earth be removed, and though the mountains be carried into the midst of the sea: Though the waters thereof roar and be troubled, though the mountains shake with the swelling thereof" (46:1-3). “Modimo ke botshabelo jwa rona le thata ya rona, o itshupile gantsi e le thuso mo ditlalelong. Ke gona ka moo re sa boifeng,le fa lefatshe le ka roroma, le fa dithaba di ka kgokgoetsegela kwa botennyeng jwa lewatle. Le fa metsi a lone a ka gwasa,a phoka lefulo, le fa dithaba di ka roroma ka go gogomoga ga lone” (46:1-3). "The heathen raged, the kingdoms were moved: he uttered his voice, the earth melted. The Lord of hosts is with us; the God of Jacob is our refuge. Selah. Come, behold the works of the Lord, what desolations he hath made in the earth. He maketh wars to cease unto the end of the earth; he breaketh the bow, and cutteth the spear in sunder; he burneth the chariot in the fire " (vs. 6-9). “Merafe e ne e tsosa moferefere, magosi a reketla, wa dumisa maru a ona, mme lefatshe la roroma. Morena wa Masomosomo o na le rona; Modimo wa ga Jakobe ke botshabelo jwa rona. Sela. Tlayang lo lebe ditiro tsa Morena yo o dirang setlhogo mo lefatsheng, yo o khutlisang dintwa, go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe;yo o robang bora, arobaganya lerumo, a fise dikoloi tsa ntwa ka molelo. This may become a favorite Psalm of the great tribulation period. (Isa. 26:19, 20; Rev. 6:12-14; especially Mt. 24:15, 16; Rev. 12:14). Se e ka nna Pesalome e e tla ratiwang ka nako ya pitlagano e kgolo. (Jes. 26:19, 20; Tsh. 6:12-14; bogolo bogolo Math. 24:15, 16; Tsh. 12:14). 14. Psalm 50 14. Pesalome 50 "Gather my saints together unto me; those that have made a covenant with me by sacrifice" (50:5). “Mphutheleng baratwa ba me ba ba dirileng kgolagano le nna ka setlhabelo” (50:5). "For every beast of the forest is mine, and the cattle upon a thousand hills. I know all the fowls of the mountains: and the wild beasts of the field are mine. If I were hungry, I would not tell thee: for the world is mine, and the fullness thereof. Will I eat the flesh of bulls, or drink the blood of goats? Offer unto God thanksgiving; and pay thy vows unto the most High" (50:10-14). “Gonne diphologolo tsotlhe tsa sekgwa ke tsa me, le ditshedi kwa dithabeng ka dikete. Ke itse dinonyane tsotlhe tsa loapi, le tse di phelang mo nageng ke tsa me. Fa nka tshwarwa ke tlala, ga nkake ka go kopa, gonne lefatshe lotlhe ke la me le tse di tletseng mo go lone. A ke ja mana ya dipoo, a ke nwa madi a diphoko?Ntshetsa Morena setlhabelo sa tebogo ya pelo, o dirafatse maikano a o a ikanetseng magodimodimo” (50:10-14). There are those who say the Old Testament was presenting a cruel Hebrew tribal god who was more interested in sacrifices than in helping men. In this Psalm Asaph says God was more interested in the man's soul than in his sacrifices. Burning devotion was far more precious to him than bloody beasts. It was not the outward brazen altar that pleased the Lord, but the inward, heart altar. Moses had reminded Israel some four centuries previous to this of the same great truth. (See Deut. 10:12-16.) Go na le batho ba ba reng Testamente e Kgologolo e ne e bontsha ditlhabelo tse di setlhogo tsa moetlo wa modimo wa Sehebera yo o neng a itumelela ditlhabelo go na le go thusa batho. Mo Pesalomeng e, Asafe a re Modimo o kgatlegela mowa wa motho go na le ditlhabelo. Tshupelo ya boineelo e ne e le ntle kgakala le tshupelo ya diphologolo. E ne e se aletara ya tshupelo e e kwa ntle e e neng e itumedisa Modimo, e ne e le aletara e e ka fa teng e leng pelo. Moshe o ne a bolelela Baiseraele pele ga dingwaga di le kgolo a mane ka ba nnete e. (Doit. 10:12-16.) 15. Psalm 56 15. Pesalome 56 "Thou tellest my wanderings: put thou my tears into thy bottle: are they not in thy book?" (56:8). “Dikgarakgatshego tsa me o di badile; le dikeledi tsa me o di tsentse mo modutwaneng wa gago? (56:8). "For thou hast delivered my soul from death: wilt not thou deliver my feet from falling, that I may walk before God in the light of the living?" (56:13). “Gonne o golotse bophelo jwa me mo losong; le dinao tsa me mo go kgotsweng gore ke tsamaye fa pele ga Modimo mo leseding la bophelo.” (56:14) The sweet words in verse 8 here should comfort the most unhappy heart. Mafoko a a monate a a mo temaneng ya 9 a tshwanetse go gomotsa pelo e e sa itumelang. 16. Psalm 63 16. Pesalome 63 "When I remember thee upon my bed, and meditate on thee in the night watches" (63:6). “Fa ke go gopola mo bolaong jwa me, ke akanya ka ga gago mo dinakong tsa tebelelo ya bosigo” (63:6). In the Psalms we read of David praying at different times of the day. He seemed enjoy seeking his Shepherd in the still of the night, as he does in verse 6. Mo Dipesalomeng tse re ithuta gore Dafita o ne a rapela ka dinako tse di farologaneng tsa letsatsi. Go bontsha gore o ne a rata go batla Modisa wa gagwe mo bosigong jo bo didimetseng, jaaka a dira mo temaneng ya 6. "Commune with your own heart upon your bed, and be still" (Ps. 4:4). “Bua le pelo ya gago mo bolaong o be o didimale”(Ps. 4:4) "Thou hast visited me in the night . ." (Ps. 17:3). “O nkeleka mo bosigong, o ntlhotlhomisa. .” (Ps. 17:3) "I cry . . . in the night season . . . " (Ps. 22:2). “ Le mo bosigong ke a lela….” (Ps.22:2). "In the night his song shall be with me, and my prayer . . ." (Ps. 42:8). “Mo bosigong difela tsa gagwe di tla ba le nna, le dithapelo tsa me ..”Ps.42:8). "I call to remembrance my song in the night . . .(Ps. 77:6). “Ke gopola sefela sa me bosigo…(Ps.77:6). "To shew forth . . . thy faithfulness every night" (Ps. 92:2). “Ke bolela boikanyego /botshepegi jwa gago bosigo bongwe le bongwe “ (Ps.92:2). "I have remembered thy name, O Lord, in the night (Ps.119:55). “Ke lala ke gopola/gakologelwa leina la gago, Morena. (Ps119:55). "Let the saints be joyful in glory: let them sing aloud upon their beds" (Ps. 149:5). “A baratwi baitumele mo kgalalelong: ba duduetse ba le mo malaong a bona” (Ps.149:5) 17. Psalm 66 17. Dipesalome 66 "If I regard iniquity in my heart, the Lord will not hear me" 66:18). “Ga ke akanya boikepo ka pelo ya me, Morena a ke se nkutlwe” (Ps.66:18). This principle of prayer is stated throughout the Bible and refers to both sinners and saints alike. The blood of Christ will forgive us of all our confessed sins, but will not cover even one of our miserable excuses. (See Prov. 15:29; 28:9; Isa. 1:15; 59:1, 2; Jn. 9:31; Jas. 4:3.) Mokgwa o wa thapelo o tlhagisitswe mo Beibeleng le go akarediwa ga baleofi le basiami. Madi a ga Keresete a tla re itshwarela maleo otlhe a re a ipolelang, mme ga a kitla a akaretsa maipato a tlhomolang pelo. (Diane 15:29; 28:9; Jesa. 1:15; 59:1,2: Johan. 9:31; Jakobo 4:3). 18. Psalm 68 18. Dipesalome 68 "The chariots of God are twenty thousand, even thousands of angels" (68:17). “Dikaraki tsa Modimo di dikete di le some a mabedi, le baengele ba le dikete” (68:17) In verse 17 David numbers the angels in heaven in the thousands. This estimate is supported by other biblical references: Daniel 7:10, Mt. 26:53, and Revelation 5:11. Some five centuries later, a lonely and broken prophet would sit in the remains of a dying and deserted Jerusalem that was recently destroyed by the invading Babylonians. As he sat there he may have recalled David's testimony here in Psalm 68:19. The prophet with the broken heart wrote his testimony based upon David's earlier one: Motemeng ya bosome le bosupa Dafita o ne a balela baengele ba le godimo go dikete. Temene e ithusiwa ke tse di buka dingwe tsa beibele: Daniele 7:10, Matheo 26:53, le Tshenolo 5:11. Mo di ngwageng kgolo tse tlhano tse di fitileng, mo porofeta yo o pelo e botlhoko one a dutse mo matlekgeng a Jerusalema yo o neng a thupilwe ke ba Babele. O ne a ntse a gopola bo paki ba ga Dafita mo go Dipesalome 68:19. Mo porofeta o o pelo ya gagwe e utlwileng botlhoko o kwadile bo paki ba gagwe a le beletse mo go ya ga Dafita: "This I recall to mind, therefore have I hope. It is of the Lord's mercies that we are not consumed, because his compassions fail not. They are new every morning: great is thy faithfulness" (Lam. 3:21-23). Selo se ke tla se tsenya mo pelong, ke gona ka moo ke solofelang ke re: ke mapelonomi a Morena, fa re ise re felele ruri, bopelotlhomogi ba gagwe ga bo fele. A maswa moso mongwe le mongwe, boikanyego ba bagwe bo bogolo. (Dilelo 3:21-23). 19. Psalm 69 19. Dipesalome 69 "But as for me, my prayer is unto thee, O Lord, in an acceptable time: O God, in the multitude of thy mercy hear me, in the truth of thy salvation" (69:13). “ Mme nna , thapelo ya me ke e lebisitse wena , Morena, ka nako e e go kgatlhang. Modimo, nkutlwe ka fa bogolong jwa bopelotlhomogi jwa gago le ka ntlha ya pholoso ya gago e e ikanyegang.” (69:13). When is this "acceptable time"? One of the most important teachings in the Scriptures is the doctrine of today. Nako eo eleng? Ke e ngwe ya di thuto tse di botlhokwa tsa Dikwalo tsa malatsi a se gompieno. God desires: Keletso ya Modimo: a. That the sinner give his heart to Christ today (2 Cor. 6:2). a. Gore mo leofi a neele pelo ya gagwe mo go Keresete gompieno (2 Bakorinthe 6:2) b. That the saint give his body to Christ today (Rom. 6:19; 12:1-3; Heb. 3:7, 13, 15). b. Gore basiami ba neele mebele ya bone mo go Keresete gompieno (Barom 6:19;12:1-3; Baheb. 3:7,13,15). The reason for all this rush is found in the following verses: Proverbs 27:1; James 4:13-15. Lebaka la tlhakatlhakano e le bonwa mo ditemeng tse dilatelang: Diane 27:1; Jakobo 4:13-15. 20. Psalm 71 20. Dipesalome 71 "For thou art my hope, O Lord God: thou art my trust from my youth" (71:5). “O tsholofelo yame, Morena Modimo, o tshepo ya me go tswa bosheng jwa me” (71:5) "Cast me not off in the time of old age; forsake me not when my strength faileth" (71:9). “Se ntatlhe mo motlheng wa botsofe; se ntlogele mogang thata ya me e felang” (71:9). "O God, thou hast taught me from my youth: and hitherto have I declared thy wondrous works" (71:17). “Modimo, o nthutile go tswa bokaung jwa me; ke ntse ke bolela dikgakgamatso tsa gago le kajeno” (71:17). "Now also when I am old and grayheaded, O God, forsake me not; until I have shewed thy strength unto this generation, and thy power to every one that is to come" (71:18). “Le gona Modimo o se ka wa ntlogela go ya botsofeng , fa ke thuntse tlhogo , go ya ke bo ke bolelele losika lo lo tlang tsa letsogo le botlhe ba ba tlang ka thata ya gago.” (71:18). This could be called, "The Psalm of the Old Man." One of the benefits of a believer is that old age simply brings him closer to his Heavenly Home. (see Ps. 25:7; 37:25; Eccles. 11:9, 10; 12:1). Se se ka bidiwa, “Pesalome ya Monna wa Motsofe.” Nngwe ya mabaka a modumedi ke gore dingwaga tsa botsofadi di mo atametsa mo Ntlong ya gagwe ya se Legodimo. (Dipes. 25:7;37:25; Moreri 11:9, 10; 12:1). 21. Psalm 73 21. Dipesalome 73 "But as for me, my feet were almost gone; my steps had well nigh slipped" (73:2). “Mme nna, dinao tsa me di batlile go kgotsa, dikgato tsa me di batlile go relela.” (73:2). "For I was envious at the foolish, when I saw the prosperity of the wicked" (v. 3). “Ke ne ke fufegela baikgantshi, ka go bona letlhogonolo la baikepi .” ( temane ya 3). "They are not in trouble as other men; neither are they plagued like other men" (v. 5). “Ga ba mo tapisegong ya batho ba bangwe, ga ba tshwenyege jaaka batho ba bangwe.” ( tema 5). "Their eyes stand out with fatness: they have more than heart could wish" (v: 7). “Matlho a bone a rotogile ka monono; maano a dipelo tsa bone a tswelela.” (tema 7). "Behold, these are the ungodly, who prosper in the world; they increase in riches" (v. 12). “Bonang, baikepi ba ntse ba jalo, bao ba tswelelang mo lefatsheng ba godisa dikhumo tsa bone.” (tema 12). "Verily I have cleansed my heart in vain, and washed my hands in innocency" (v. 13). “Ruri ke lefelafela fa kentse ke phepafatsa pelo ya me ke tlhapa diatla ka bosenamolato.” (tema 13). For all the day long have I been plagued, and chastened every Morning” (v.14) Gonne ke tlholwa ke tshwenngwa ka metlha, ke watlhaiwa Moso mongwe le mongwe” (v.14). "When I thought to know this, it was too painful for me; until I went into the sanctuary of God; then understood I their end. Surely thou didst set them in slippery places: thou castedst them down into destruction. How are they brought into desolation, as in a moment! They are utterly consumed with terrors" (73:16-19). “Foo ka akanya gore ke tlhaloganye selo se, go ne go le boima mo gonna, go fitlhela ke tsenelela ditsamaisong tse di boitshepo tsa Modimo; ka lemoga bokhutlo ba tsona. Ruri o ba baya mo mareleding, o ba leseletsa go wela mo tshenyegong. Kana ba fetoga theresigo ka tshoganyetso; ba fele ba nyelele ka poitshego.” (73:16-19). Asaph asks a question that has bothered Christians throughout history: Why do the wicked prosper while the righteous suffer? It is the wicked’s world. This world is not our home. Our judgment is over (Christ on the Cross), theirs is yet to come. See Rev. 20:11-15. Asafe a botsa potso e e neng ya tshwenya Bakeresete thata. Goreng baikepi ba atlega fa basiami ba sotlega? Ke lefatshe la baikepi. Lefatshe le gase legae la rona. Katlholo ya rona e fitile (Keresete mo Sefapanong), ya bone e sa ntsane e tlatla. Tshenolo 20:11-15. 22. Psalm 75 22. Dipesalome 75 "For promotion cometh neither from the east, nor from the west, nor from the south. But God is the judge: he putteth down one, and setteth up another" (75:6, 7). “Gonne katlholo ga etswe kwa botlhabatsatsi, le e seng kwa bophirima, le e seng kwa borwa. Mme moatlhodi ke Modimo: o kokobetsa yo, o godisa yole.” (75:6,7). Perhaps no other king in all history can testify to the fearful truthfulness of these words than did the mighty Babylonian king Nebuchadnezzar. He had dreamed of a mighty tree which had been cut down at God's command. Daniel rightly prophesied that God was warning the proud ruler to humble himself. If he did not then god would humble him. Not only would this happen, but he would also suffer a seven-year period of mental illness. But the proud king refused to bend or bow. God judgment came (See Dan. 4:29-37.) Ka gongwe ga gona kgosi epe mo hisitoring yo o ka netefatsang boammaruri bo bo tletseng ba mafoko aa, jaaka go dirile kgosi e e matla ya Babele kgosi Nebukatenesare. O ile a lora setlhare se segolo se se ileng sa kgaolwa ka ntlha ya taelo ya Modimo. Daniele o ile a porofeta sentle gore Modimo o tlhagisa gore mmusi yo o kgogomosang a ikokobetse. Ga a sa ikemisetsa Modimo o tla mo kokobetsa. Ga se seo fela se se tla diragalang, mme gape o tla boga dingwaga dile supa ka bolwetse ba tlhaloganyo. Mme mmusi wa moikgogomosi a gana goikoba. Katlholo ya Modimo ya tla. (Daniele 4:29-37). 23. Psalm 76 23. Dipesalome 76 "Surely the wrath of man shall praise thee" (76:10). “Ruri bogale ba motho bo a mo tlotla.” (76:10). Scripture proves the prayer statement found here. Consider: Dikwalo di netefatsa polelo ya thapelo e fitlhelwang fa. Lebelele : a. The wrath of eleven brothers sent Joseph to Egypt as a slave, where he later became prime minister to the praise of God (Gen. 37:23-28; 41:38-44). Later Joseph would remind his brothers of all this: "But as for you, ye thought evil against me; but God meant it unto good, to bring to pass, as it is this day, to save much people alive" (Gen. 50:20). a. Bogale jwa bo mogoloe Josefa ba le some nngwe ba mo romela kwa Egepeto go nna lekgoba, mo morago a ileng a nna molaodi wa teng, go rorisa Modimo. (Genesi 37:23-28; 41:38-44). Morago Josefa a gopotsa bo mogoloe ka tsotlhe tse: Mme lona lo ikaeletse go ntirela bosula, mme Modimo o bo fetotse gonna molemo gore o tle o dire Jaaka go bonwa kajeno, o phedisa batho ba le bantsi. (Genesi 50:20). b. A Moabite king in anger to curse Israel through a false prophet, but this resulted in a beautiful prophecy about Christ - to the praise of God (Num. 22:1-6; 24:17). b. Kgosi ya Moabe ka bogale a hutsa morafe wa Iseraele ka go dirisa moporofeta wa maaka, mme se ya nna seporofeto ka ga Keresete- a go bakwe Modimo. (Dipalo 22:1-6;24:17). c. The wrath of the Pharisees placed Christ on the cross between two thieves, which resulted in the salvation of the dying thief to the praise of God (Lk. 23:39-43). c. Bo setlhogo ba Bafarasai ba bapola Keresete mo sefapanong mo gara ga disinyi tse pedi, seo sa tlisa pholoso ya se senyi seo se neng se swa go rorisa Modimo. (Luka 23:39-43). d. The anger of a Roman emperor sent the Apostle John to a lonely island to prevent him from preaching the the gospel, resulting in the book of Revelation being written to the praise of God. (Rev 1:5) d. Bogale jwa mmuso wa Roma bo ile jwa romela Moapostola Johane kwa setlhaketlhakeng go mo thibela go rera efangedi, e e ileng ya feleletsa e le ya go rorisa Modimo mo bukeng ya Tshenolo. (Tsh. 1:5). 24. Psalm 80 24. Dipesalome 80 "Give ear, O Shepherd of Israel, thou that leadest Joseph like a flock; thou that dwellest between the cherubims, shine forth" (80:1). “Nkutlwe, Modisa wa Iseraele, wena yo o gogang Josefa jaaka letsomane , wena yo o ntseng godimo ga bo-Kerubime, iponatse ka phatsimo.” (80:1). "Thou hast brought a vine out of Egypt: thou hast cast out the heathen, and planted it" (80:8). “O epolotse setlhatsana kwa Egepeto, wa leleka ditshaba wa se jala.” (80:8). Here a reference is made to the cherubim. The two golden cherubim statues, some fifteen feet high, which stood over the mercy seat of the Ark of the Covenant in the Holy of Holies. We believe they were meant to be represent actual beings. They are mentioned some sixty-four times in the Bible. Se ke se se builweng ka Kerubime. Ditshwantsho tse pedi tsa bo-Kerubime, ba ka nna legodimo la maoto ale sometlhano, ba e me mogodimo ga letlole la kgolagano mo Boitshepo jwa Moitshepo. Re dumela gore ba ne ba ka ya ditshedi dingwe. Ba kailwe ga some a marataro mo Baibeleng. Note: Tlhokomela: a. Both Moses and Solomon placed them in the Holy of Holies (Ex. 25:19; 1 Ki. 6:27). a. Moshe le Solomone ba ne ba ba baya mo Boitshepo jwa Maitshepo. (Ekso.25:19; 1 Dikgosi 6:27). b. God spoke to Moses from between the cherubim (Num. 7:89). b. Modimo o buile le Moshe go tswa mogare ga Kerubime. (Dipalo 7:89). c. The millennial Temple is described as featuring the cherubim (Ezek. 41:17-20). c. Kereke ya ngwaga kgolo e tshwantshiwa le Kerubime (Hesekia 41:17-20). This psalm prayer of Asaph could rightly be titled "The Dying Vine Psalm." The vine is often used in the Bible as a symbol for Israel. Note what Asaph says about this vine. Pesalome e ya thapelo ya ga Asafe e ka fetolelwa gonna “Pesalome ya Setlhatsana se se Swang.” Setlhatsana mo Baibeleng se dirisetswa go tshwantshanya Iseraele. Ela tlhoko se Asafe a neng a se bua ka setlhatsana. He declares: O bolela: f. God brought it out of Egypt (v. 8). f. Modimo o intshitse kwa Egepeto (temane. 8). g. He planted this vine in his chosen land (v. 8). g. A jala setlhatsana sa gagwe kwa lefatsheng le a le itlhaoletseng. ( tema 8). h. He cleared the ground and tilled the soil for his vine (v. 9). h. A phepafatsa lefatshe, a lema mmu ka ntlha ya setlhatsana. (tema 9) i. The vine took root and grew for awhile (v. 9). i. Setlhatsana sa nna le medi le go gola nakwana (temana 9). j. The vine covered the mountains and grew as high as cedar trees (v. 10). j. Se ne se khurumetsa dithaba sa gola go feta setlhare sa mosetere (tema 10). k. It traveled from the Great Sea to the Euphrates River (v. 11). k. Sa godisa dikala tsa sone go fitlha kwa Lewatleng le legolo go ya kwa nokeng ya Ferathe. (tema 11) 1. But then God broke down the hedge protecting his vine (v.12) l. Mme Modimo a phoma dipota tse di se sireleditseng. (tema 12) m. Strangers then took their plunder of its grapes (v.12). m. Bao ba fetang ka tsela ba se fotlha kgotsa ba ja maungo a sone. (tema 12) n. The wild boar rooted it and the wild beast ate it (v. 13). n. Kolobe ya naga ya se epolola mme diphologolo tsa naga tsa seja. (tema 13). o. Its enemies chopped it and burned it (v. 16) Why did God treat his vine like this? The answer is given very clearly. See (Isa. 5:1-4; Jer. 2:21; Hos. 10:1.) God desired that his chosen vine bear fruit (spiritual fruit) to feed the hungry nations around it. But it did not do so. After a long time God set aside this wild and wicked and wasted vine (Israel). Our Lord Jesus solemnly and sadly declared this rejection in a sermon to the wicked Pharisees. He said: "Therefore I say unto you, The kingdom of God shall be taken from you, and given to a nation bringing forth the fruits thereof"(Mt. 21:43).The believer is to do that which Israel would not do, bear fruit, more fruit, much fruit. This can only be done through abiding in him (prayer without ceasing) and allowing his word to abide in us (Bible study) He is the vine, we are the branches. o. Baba ba sone ba se kgaola ba be ba se fisa (tema 16) Goreng Modimo a ne a tshwere setlhare sa gagwe jaana. Karabo e filwe sentle mo go (Jesaya 5:1-4, Jeremia 2:21, Hosea10:1). Modimo o eletsa gore setlhare sa gagwe se ungwe (maungo a semoya) go fepa dinaga tse di tshwerweng ke tlala. Mme ga sa ka sa dira jalo. Morago Modimo a be la thoko setlhare seo se neng se sa ungwe (Iseraele). Morena Jesu ka kutlobotlhoko a bolele ba –Farasai ka ga go ikgatholosa ntlha e are: “Ke ka moo ke reng puso ya Modimo e tla tlosiwa mo go lona, e newa setshaba se se tla ntshang moungo.” (Math.21:43). Modumedi ga a tshwanela go dira jaaka ba-Iseraele ba dirile. Batshwanetse ba ungwa, moungo a mantsi, maungo a mantsintsi. Seo se ka diragala ka go dula mo go ene (thapelo nako le nako) le go buisa lentswe la gagwe. Ke setlhare rona re di kala. 25. Psalm 81 25. Dipesalome 81 "I am the Lord thy God, which brought thee out of the land of Egypt; open thy mouth wide, and I will fill it. But my people would not hearken to my voice; and Israel would none of me. So I gave them up unto their own hearts' lust: and they walked in their own counsels. Oh that my people had hearkened unto me, and Israel had walked in my ways! I should soon have subdued their enemies, and turned my hand against their adversaries" (81:10-14). “Ke nna Morena Modimo wa gago, o o gontshitseng kwa lefatsheng la Egepeto; atlhamisa legano la gago ke le tlatse. Mme batho ba me ba ne ba sa reetse lentswe la me, Iseraele a sa utlwane le nna. Ke fa ke ba naya tsela ka ntlha ya dikeletso tsa dipelo tsa bone: ba tsamaya ka fa boitaolong jwa bone. E kete batho ba me ba ka bo ba nkutlwa, ba tsamaya mo ditseleng tsame! Ke ne ke tla akofa ke kokobetsa baba ba bona, ke tsholeletsa baganetsi ba bone letsogo.”(81:10-14). Nearly ten centuries later the rejected Redeemer of Israel would stand on Mt. Olive overlooking Jerusalem and voice similar words. (See Mt. 23:37-39.) Morago ga ngwaga kgolo wa bolesome Morekolodi wa Iseraele yo o gannweng o tla ema mo thabeng ya Diolefa a lebile Jerusalem a be a ntsha mantswe a tshwanang le one a. (Mat. 23:37-39). 26. Psalm 84 26. Dipesalome 84 "Blessed is the man whose strength is in thee; in whose heart are the ways of them. Who passing through the valley of Baca make it a well; the rain also filleth the pools. They go from strength to strength, every one of them in Zion appeareth before God" (84:5-7). “Go sego monna o thata ya gagwe e leng mo go wena. Yo ditsela tsa gagwe di ralalang lebopo a le dire sediba; pula le yo ne e tlatse metswedi. Ba tlhomagantse dithata, mongwe le mongwe a bonale fa pele ga Modimo.” 84:5-7). Verse 7 speaks of growing in strength. This word strength is very important in the bible. Note the statement describing man's inward strength as comparied to God given strength. Temane ya bosupa e buwa ka ga go gola mo thatang/matla. Lefoko le matla kgotsa thata le bo tlhokwa mo Beibeleng. E la tlhoko ntlha e e ka yang thata e e moteng ga motho jaaka e tshwantshiwa lethata ya Modimo. Man's strength: Thata ya motho: "My strength is dried up . . " (Ps. 22:15). “Thata ya me ya fela..”(Dipes.22:15) "My strength faileth because of mine iniquity .... (Ps. 31:10). “Thata ya me ya fela ka ntlha ya boikepo jwa me…(Dipes 31:10). "I retained no strength" (Dan. 10:8). “Ka fellwa ke thata/matla” (Daniele 10:8) God's strength: Thata ya Modimo: "Hast thou not known? hast thou not heard, that the everlasting God, the Lord, the Creator of the ends of the earth, fainteth not, neither is weary? There is no searching of his understanding. He giveth power to the faint; and to them that have no might he increaseth strength. Even the youths shall faint and be weary, and the young men shall utterly fall: But they that wait upon the Lord shall renew their strength; they shall mount up with wings as eagles; they shall run, and not be weary; and they shall walk, and not faint" (Isa. 40:28-31). “Ga wa ka wa itse? Ga wa ka wa utlwa, gore Modimo wa bosakhutleng, Morena, Motlhodi wa bofelo jwa lefatshe, ga a felelwe, ga a lape? Ga gona go tlhotlhomisa kitso ya gagwe. o fa boa ba feletsweng matla le bao ba se nang thata o ba o keletsa thata. Bashwa batla lapa ba felelwe mme makau a tla wa. Mme bao ba e meng mo Moreneng ba tla o keletswa thata batla fofa jaaka dintsu,batla taboga ba sa lape,ba tsamaye ba sa felelwe” (Jesaya 40:28-31) 27. Psalm 85 27. Dipesalome 85 "Wilt thou not revive us again: that thy people may rejoice in thee?" (85:6). “A ga o kitla o re phedisa gape gore batho ba gago ba go itumelele?” (85:6). "I will hear what God the Lord will speak: for he will speak peace unto his people, and to his saints: but let them not turn again to folly. Surely his salvation is nigh them that fear him . . ." (85:8, 9). “Ke rata go utlwa se Morena Modimo o tla se buang, o tla bua kagiso le batho ba ona le baratwi ba ona, fela a ba se boele gape kwa bosilong. Kana pholoso ya one e gaufi le ba ba o boifang.”(85:8,9). "Mercy and truth are met together; righteousness and peace have kissed each other" (85:10). “Bopelontle le boammaruri di a kgatlhana, tshiamo le kagiso di a atlana.” (85:10). Only a child of God can be revived. Sinners cannot be revived; they need to be resurrected. A dead person cannot be revived; only a live person can be revived. Later, Habakkuk would pray a similar prayer for himself and the Israelite remnant: Ngwana wa Modimo a ka tsosoloswa. Moleofi a ka se tsosoloswe; ba tshwanetswe go tsosiwa. Motho yo o suleng a ka se tsosoloswe, motho yo o phelang a ka tsosoloswa. Morago ga mo Habakuke o tla ithapelela thapelo e tshwanang le ya matlhogela a Iseraele. " ... O Lord, revive thy work in the midst of the years, in the midst of the years make known; in wrath remember mercy" (Hab. 3:2). “… Morena, dirafatsa tiro ya gago mo gare ga dinyaga, o e itsise mo gare ga dinyaga. Mme mo bogaleng o gakologelwe boutlwelo-botlhoko.” (Hab. 3:2). The amazing power of prayer is seen in verse ten. Here are two pairs of irreconcilables, mercy and truth, andrighteousness and peace. Mercy looks at the sinner and says, "Spare him;" but truth demands, "For; the wages of sin is death "Peace viewed the troubled soul of the sinner and longed to soothe it, but righteousness pointed out that the soul that sinneth shall surely die. What can be done? Then came the miracle love found a way, in Christ. Only through Him can these two opposites be reconciled with each other. Maatla a a kgakgamatsang a thapelo a bonwa mo temaneng ya bolesome. Fa ke bobedi bo bo sa kopaneng, mautlwelobotlhoko le boammaruri, tshiamo le kagiso. Mautlwelobotlhoko a lebelela moleofi a bo a re: “Mo boloke” mme nnete e batlana le “Gonne tuelo ya boleo ke loso” Kagiso e lebe mowa o o sotlegang mme e eletse go o thusa, mme tshiamo ya supa gore mowa o o leofang ke one o o tla swang. Go tla dirwang? Go ne ga tla motlholo wa lorato, wa bona tsela, mo go Kresete. Ke ka ene fela bobedi jo bo ka kopanang le go boelana. 28. Psalm 88 28. Pesalome 88 "For my soul is full of troubles: and my life draweth nigh unto the grave" (88:3). “Gonne pelo ya me e tennwe ke dipogo, bophelo jwa me bo atametse felo ga baswi” (88:4). This is very despondent prayer. No hope appears. Se ke thapelo ya go itlhoboga. Ga go na tsholofelo e e bonalang. 29. Psalm 90 29. Pesalome 90 '"The days of our years are threescore years and ten; and if by reason of strength they be fourscore years, yet is their strength labour and sorrow; for it is soon cut off, and we fly away" (90:10). “Bophelo jwa rona ke dingwaga di le masome a supang, mme fa thata e le teng, bo ka nna dinyaga di le masome a robedi, mme se segolo sa tsona ke tapisego le matshwenyego; gonne bo feta ka bonako, mme re fofela koo.” (90:10). "So teach us to number our days, that we may apply our hearts unto wisdom" (90:12). “Re rute go bala matshelo a rona gore re tle re tlhalefe mo dipelong” (90:12). This has often been called "The Psalm of Death" or "The Psalm of the First Adam " It was written by Moses. Note the seventy-year average span of man statement in verse 10, a tragic drop from the early patriarchal age found in Genesis 5. But as the first Adam would discover, one of the results of sin is physical death. With this background, man's only conclusion is stated in verse 12. A sinner should accept Christ today (for this is the beginning of wisdom), and the believer should spend his days as wisely as he spends his money. Se se bidiwa “Pesalome ya loso” kgotsa “Pesalome ya ga Adame wa ntlha” e kwadilwe pele ke Moshe. Ela tlhoko selekanyo sa dingwaga di le some a supang se se neng se beetswe motho ka ntlha ya puo e e mo temaneng ya lesome, kutlobotlhoko e e weleng ka dingwaga tsa bagale e bonwa mo go Genesi 5. Mme fa Adame wa pele ne a lemoga gore nngwe ya tuelo ya boleo ke loso. Ka lemorago le, tshwetso ya motho e kwadilwe mo temaneng ya 12. Moleofi o tshwanetse go amogela Kreste gompieno (Gonne seo ke tshimologo ya botlhale), modumedi o tshwanetse go dirisa matsatsi a gagwe jaaka e kete o dirisa madi a gagwe. 30. Psalm 91 30. Pesalome 91 "He that dwelleth in the secret place of the most High shall abide under the shadow of the Almighty" (91:1). “Yo o ntseng mo tshireletsong ya Magodimodimo, yo o leng mo moriting wa Mothatayotlhe” (91:1). "For he shall give his angels charge over thee, to keep thee in all thy ways" (91:11). “Gonne o tla laelela gore baengele ba gagwe ba go boloke” (91:11). "They shall bear thee up in their hands, lest thou dash thy foot against a stone" (91:12). “Ba tla go kuka ka diatla gore dinao tsa gago di se kgopiwe ke lentswe” (91:12). This is known as "The Psalm of Life;" or "The Psalm of the Second Adam " It is one which describes the keeping power of the Father concerning the Son while he walked this earth. Verse 11 speaks of giving "his angels charge over thee." Note the ministry angels performed for our Lord Jesus while he was upon this earth: Se se itsewe jaaka “Pesalome ya Bophelo” kgotsa “Pesalome ya Adame wa bobedi” Ke yona e tlhalosang ka ga poloko e e mo go Rara ka ga Morwa fa a tsamaya mo lefatsheng. Temana ya 11 e bua ka ga go “laelwa ga baengele ka ga rona” Bodiredi jwa baegele go Morena wa rona Jesu bo diragetse a sa ntse a le mo lefatsheng: a. They worshiped him (Heb. 1:6). a. Ba ne ba mo obamela (Baheb. 1:6). b. They announced his birth (Lk. 1:26-38; 2:8-14; Mt. 1:20-23). b. Ba ile ba bolela ka botsalo jwa gagwe (Luke 1:26-38; 2:8-14; Math. 1:20-23). c. They ministered to him: c. Ba ne ba mo direla: (1) in the wilderness (Mt. 4:11) (1) mo sekakeng (Math. 4:11) (2) in the garden (Lk. 22:43) (2) kwa tshimong (Luke 22:43) d. They rolled away the tombstone (Mt. 28:2). d. Ba ile ba sutisa letlapa le legolo (Math. 28:2). e. They announced his resurrection (Mt. 28:6). e. Ba ile ba bua ka tsogo ya gagwe (Math. 28:6). f. They were present at his ascension (Acts 1:10, 11). f. Ba ne ba le teng ka tlhatlogo ya gagwe (Ditiro 1:10, 11). g. They will accompany his Second Coming (2 Thess. 1:7,8). g. Ba tla tla le ene mo go tleng ga gagwe sa bobedi (2 Bath. 1:7, 8). During Jesus' awful temptations, Satan quoted verse 11 of this Psalm (Mt. 4:6). Ka nako e e botlhoko ya go lekwa ga Jesu, Satane o ile a bua ka ga temana ya 11 ya Pesalome e (Math. 4:6) 31. Psalm 94 31. Pesalome 94 "When I said, my foot slippeth; thy mercy, O Lord, held me up" (94:18). “E ne e re fa ke re: Lonao la me lo a theekela! Bopelotlhomogi jwa gago Morena bo ntshegetse” (94:18). This verse teaches the eternal security of the believer. It describes not the child of God desperately "hanging on" to the Father, but rather having his frail hand securely clasped by that strong heavenly hand. (See also Ps. 37:23, 24.) Temana e e re ruta ka tshireletso ya bosakhutleng ya modumedi. Ga e tlhalose ngwana wa Modimo a “itshwareletse ka” Rara, mme e le letsogo le le tshwerweng ke le le thata la legodimo. (Pes. 37:23, 24). 32. Psalm 100 32. Pesalome 100 "Make a joyful noise unto the Lord, all ye lands" (100:1). This psalm in known for it’s style, beauty “Dudueletsang Morena lona mafatshe otlhe” (100:1). Pesalome e e itsewe ka mokgwa le bontle jwa yona 33. Psalm 103 33. Pesalome 103 "Bless the Lord, O my soul: and all that is within me, bless his holy name" (103:1). “Baka Morena mowa wa me, le tsotlhe tse di mo teng ga me, bakang leina la gagwe le le boitshepo” (103:1). This Psalm is a great poem of praise to Jehovah God. It is a prayer of praise to God written by David. Pesalome e ke poko e tona ya thoriso go Jehofa Modimo. Ke thapelo ya pako go Modimo e e kwadilweng ke Dafita. While he was upon this earth our Lord fulfilled these verses: Morena fa a ne a le mo lefatsheng, o dirafaditse ditemana tse: a. He fulfilled 107:9,10, in Mat. 4:16 and Heb. 2:14, 15. a. O dirafaditse 107:9, 10, mo Math. 4:16 le Baheb. 2:14, 15. b. He fulfilled 107:29, in Matthew 8:26. b. A dirafatsa 107: 29, mo Math 8:26. 35. Psalm 111 35. Pesalome 111 "The fear of the Lord is the beginning of wisdom (111:10). The word "fear" is in the Psalms over a hundred times, is closely connected with prayer and praise. Fear is not horror, but reverent respect. “Go boifa Morena ke tshimologo ya botlhale (111:10). Lefoko “poifo” mo Dipesalomeng mo maemong a le lekgolo le kopanetse thapelo le thoriso. Poifo ga se tshabo, ke tlotlo e e maleba. "Serve the Lord with fear . . . " (Ps. 2:11). “Direlang Morena ka poifo …” (Pes. 2:11). "In thy fear will I worship . . . " (Ps. 5:7). “Mo poifong ya gago ke tla go obamela …” (Pes. 5:7). "Then they that feared the Lord spake often one to another: and the Lord hearkened, and heard it, and a book of remembrance was written before him for them that feared the Lord, and that thought upon his name" (Mal. 3:16). “Ke fa ba ba boifang Morena ba buisana. Mme Morena a ba reetsa, a utlwa; ga kwalwa lokwalo la segopotso fa pele ga gagwe, lwa kwalwela ba ba biofang Morena, ba ba tlotlang leina la gagwe” (Mal. 3:16). 36. Psalm 118 36. Pesalome 118 "Jehovah hath chastened me sore: but he hath not given me over unto death. This is the Lord's doing; it is marvellous in our eyes. This is the day which the Lord hath made; we will rejoice and be glad in it" (Ps. 118:18, 23, 24). “Morena o nkwatlhaile segolo, mme ga a ka a nnela mo losong. Se ke se se dirilweng ke Morena, mme ke kgakgamatso mo matlhong a rona. Letsatsi le, ke le le dirilweng ke Morena; a re ipeleng re itumele mo go lone” (Pes. 118:18, 23, 24). The life and experiences of Job was the same as this verse Verses 23 and 24 can be claimed by all believers on the because of Romans 8:28, even on the day of the funeral of a loved one. Bophelo le boitemogelo jwa ga Jobe bo ne bo tshwana le temana ya 23 le 24 tse di ka buiwang ke badumedi botlhe ka ntlha ya Baroma 8:28, le ka tsatsi la phitlho ya yo o mo ratang. 37. Psalm 119 37. Pesalome 119 "Thy word have I hid in my heart, that I might not sin against thee" (119:11). “Ke bolokile lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ke ka go leofela” (119:11). "It is good for me that I have been afflicted; that I might learn thy statutes" (119:71). Go ne go le molemo mo go nna go kokobediwa gore ke ithute molao wa gago” (119:71). "I know, O Lord, that thy judgments are right, and that thou in faithfulness hast afflicted me" (119:75). “Morena ke a itse fa dikatlholo tsa gago di siame, mme o nkotlhaile ka boikanyo” (119:75). "For ever, O Lord, thy word is settled in heaven" (119:89). “Morena Lefoko la gago le eme ka tlhomamo mo legodimong ka bosakhutleng” (119:89). "I have more understanding than all my teachers: for thy testimonies are my meditation" (119:99). “Ke tlhalefile go gaisa baruti ba me botlhe, gonne ditshupo tsa gago ke tsona tse ke di akanyang” (119:99). "Thy word is a lamp unto my feet, and a light unto my path" (119:105). “Lefoko la gago ke lobone la dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me (119:105). "The entrance of thy words giveth light; it giveth understanding unto the simple" (119:130). “Tlhaloso ya mafoko a gago e a sedimosa, e tlhalefisa ba ba se nang kitso” (119:130). We now come to the longest Psalm and the most longest prayer recorded in all the Bible. Re tla jaanong mo Pesalomeng e telele le thapelo e telele e e kwadilweng mo Beibeleng. The theme of this prayer is the Word of God. It is referred to in 171 of the 176 verses. Setlhogo sa thapelo e ke Lefoko la Modimo. E nopotswe go tswa mo ditemaneng tse 171 mo go di le 176. The psalmist gives the Bible nine titles in his Psalm and names twelve ministries of the Word. Mopesalome o neetse Beibele ditlhogo di le robongwe le maina a le somepedi a bodiredi jwa Lefoko mo Pesalomeng ya gagwe. a. The nine titles a. Ditlhogo di le robongwe (1) his law (v. 1) (1) molao wa gagwe (v. 1) (2) his testimonies (v. 2) (2) ditshupo tsa gagwe (v.2) (3) his ways (v. 3) (3) ditsela tsa gagwe (v. 3) (4) his precepts (v. 4) (4) ditaolo tsa gagwe (v. 4) (5) his statutes (v. 5) (5) melao (v. 5) (6) his commandments (v. 6) (6) ditaelo tsa gagwe (v. 6) (7) his righteous judgments (v. 7) (7) katlholo e e siameng ya gagwe (v. 7) (8) his Word (v. 9) (8) Lefoko la gagwe (v. 9) (9) his ordinances (v. 91) (9) dithulaganyo tsa gagwe (v.91) b. The twelve ministries b. Bodiredi bo le somepedi (1) it cleanses (v. 9) (1) bo a phepafatsa (v.9) (2) it quickens (v. 25) (2) bo a kgorometsa (v. 25) (3) it strengthens (v. 28) (3) bo a natlafatsa (v. 28) (4) it establishes (v. 38) (4) bo a dirafatsa (v. 38) (5) it defends (v. 42) (5) bo a sireletsa (v. 42) (6) it comforts (v. 50) (6) bo a gomotsa (v. 50) (7) it instructs (vs. 98, 99) (7) bo a laela (vs. 98, 99) (8) it enlightens (v. 105) (8) bo a bonesetsa (v. 105) (9) it assures (v. 114) (9) bo a netefaletsa (v.114) (10) it upholds (v. 116) (10) bo a tshegetsa (v. 116) (11) it brings peace (v. 165) (11) bo tlisa kagiso (v. 165) (12) it delivers (v. 170) (12) bo a golola (170) Concerning verse 11, D. L. Moody said that the Bible would keep one from sin or sin would keep one from the Bible. Concerning verse 71, God often afflicts us with woes in order to acquaint us with his Word (see also Ps. 94:12). The author of the book of Hebrews uses verse 75. (See Heb. 12:5-15.) Ka ga temana ya 11, D.L. Moody bo buile a re, Beibele e ka go thibela mo sebeng, kgotsa sebe se ka go thibela mo Beibeleng. Ka ga temana ya 71, gantsi Modimo o re utlwisa botlhoko ka dira go re re kgomarele Lefoko la gagwe (Pes. 94:12). Mokwadi wa buka ya Bahebera o dirisitse temana e ya 75. (Baheb. 12:5-15). Concerning verse 89, our Lord once said: "Heaven and earth shall pass away, but my words shall not pass away" (Mt. 24:35). (See also Mt. 5:18; 1 Pet. 1:23, 25.) Ka ga temana ya 89, Morena wa rona o rile: “Legodimo le lefatshe di tla fela, mme mafoko a me ga a kitla a fela ka gope” (Math. 24:35). (Math. 5:18; 1 Pet. 1:23, 25). Concerning verse 99, the psalmist is saying that in matters of God's will for his life, more can be learned from a study of the Scriptures than from all well meaning human advisors. Even the godliest Bible teacher can give another believer the wrong advice. In his first letter, the apostle John writes about this. (see 1 Jn. 2:27). Ka ga temana ya 99, mopesalome o bua ka dilo tse di amang botshelo jwa gagwe mo thatong ya Modimo, go le go ntsi go ka ithutiwa mo Lefokong la Modimo go na le mo dikgakololong tsa batho. Le motho yo o tletseng boModimo a ka kgona go fa modumedi ka ena kgakololo e e sa siamang. Mo lokwalong la gagwe la ntlha, moapostola Johane o kwadile ka ga se. (1 Joh. 2:27). Concerning verse 105, it can be pointed out that Satan is described as an angel of light. But there is this difference: God's light is directed at the man's feet, guiding his eyesight. Satan's light is aimed at the man's eyes, blinding him. As Paul declared: "The god of this world hath blinded the minds of them which believe not, lest the light of the glorious gospel of Christ, who is the image of God, should shine unto them"(2 Cor. 4:4). (See also Ps. 97:11.) Ka ga temana ya 105, e ka supiwa gore Satane o tlhalosiwa jaaka moengele wa lesedi. Mme go na le pharologano e: Lesedi la Modimo le goga maoto a motho, le supetsa matlho a gagwe. Lesedi la ga Satane le lebagane le matlho a motho, le mo foufatsa. Jaaka Paulo a buile: “modimo wa lefatshe o foufaditseng maikutlo a bone, gore lesedi la kgalalelo ya ga Kresete yo e leng setshwano sa Modimo le se ke la ba bonegela” (2 Bak. 4:4). (Pes. 97:11) Concerning verse 130, the Word of God is simple enough to bless the heart of the believer who is slow of mind and profound enough to challenge the brain of the wisest believer. It is both milk for the babe and meat for the man. Ka ga temana ya 130, Lefoko la Modimo le lekane go tshegofatsa pelo ya modumedi yo o iketlileng tlhaloganyo le go batla go bona a gwetlha tlhaloganyo ya modumedi yo o botlhale. Ke maswi a bana le nama ya batho. 38. Psalm 123 38. Pesalome 123 "Unto thee lift I up mine eyes, O thou that dwellest in the heavens. Behold, as the eyes of servants look unto the hand of their masters, and as the eyes of a maiden unto the hand of her mistress; so our eyes wait upon the Lord our God, until that he have mercy upon us" (123:1, 2). “Ke tsholeletsa matlho a me koo go wena, yo o dutseng kwa legodimong. Bona matlho a rona a lebile Morena Modimo wa rona, go ya a be a re tlhomogele pelo, jaaka matlho a batlhanka ba lebile diatla tsa beng ba bona le jaaka matlho a lelata a lebile seatla sa mohumagadi wa lona” (123:1, 2). In the servant-master and maid-mistress relationships of olden times . We are told that when in the presence of his master, the servant should watch the hand of that master. At the lightest movement or from that hand the servant would take immediate action. This eye-to-hand service was also true with the maid and her mistress. In Romans 1:1, Paul refers to himself as a bondslave of Jesus Christ. This was no doubt the secret underlying his mighty works for God. He kept his eyes on the Lord. Mo moetapeleng wa batlhanka le moetapeleng wa malata go ne go na le kutlwano ya dinako tsa bogologolo. Re itsesitswe gore fa ba ne ba le fa pele ga beng ba bona, motlhanka o ne a tshwanetse go lebelela ka tlhoko letsogo la mong-wagwe. Fa le suta fela ga nnyane, go tswa mo letsogong leo motlhanka o tshwanetse go dira sengwe ka bonako. Selo se sa leitlho go ya letsogong se ne se dirwa le ke malata go bahumagadi. Mo Baroma 1:1, Paulo o ikaya e le mogolegwa wa ga Morena Jesu. Se se ne se sena pelaelo epe fa go thalelwa fa tlase ga ditiro tse dikgolo tsa gagwe mo Modimong. O ne a beile matlho a gagwe kwa Modimong. 39. Psalm 136 39. Pesalome 136 "O give thanks unto the Lord; for he is good: for his mercy endureth forever" (Ps. 136:1). “Lebogang Morena, gonne o molemo; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bosakhutleng” (Pes. 136:1) The phrase, "for his mercy endureth forever;" appears twenty-six times in this Psalm, once for each verse. Note other prayers in the Bible which mercy is the outstanding factor: Mola o, “gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bosakhutleng,” o tlhagelela ga some a mabedi le borataro mo Pesalomeng e, gangwe mo temeng nngwe le nngwe. Ela tlhoko dithapelo tse di mo Beibeleng tse bopelotlhomogi e leng ntlha e e botlhokwa. a. Jacob's prayer (Gen. 32:10) a. thapelo ya ga Jakobe (Gen. 32:10) b. Abraham s prayer (Gen. 24:27) b. Thapelo ya ga Aborahame (Gen. 24:27) c. Moses' prayer (Ex. 15:13) c. Thapelo ya ga Moshe (Ekes. 15:13) d. David's prayer (2 Sam. 22:26; 24:14) d. thapelo ya ga Dafita (2 Sam. 22:26; 24:14) e. the remnant's prayer (Neh. 9:19) e. thapelo ya boikotlhao (Neh. 9:19) f. Jonah's prayer (Jonah 4:2) f. thapelo ya ga Jona (Jona 4:2) g. the publican's prayer (Lk. 18:13) g. thapelo ya mofarasai (Luke 18:13) h. other Psalms (25:6; 40:11; 51:1; 69:16; 79:8; 103:4; 119:77, 156; 145:9) h. Dipesalome tse dingwe (25:6; 40:11; 51:1; 69:16; 79:8; 103:4; 119:77, 156; 145:9) 40. Psalm 139 40. Pesalome 139 "O Lord, thou hast searched me, and known me" (139:1). “Morena, o a ntlhotlhomisa, o a nkitse” (139:1). In this Psalm of David speaks of the presents of God more about than any other prayer in the Bible. Mo Pesalomeng e Dafita o bua ka dineo tsa Modimo go feta thapelo e nngwe le e nngwe mo Beibeleng. According to David: Go ya ka Dafita: a. God knew when he sat or stood (v. 2). a. Modimo o itse fa a dula le a ema (v. 2). b. God knew his every thought (v. 2). b. Modimo o itse mogopolo monge le mongwe wa gagwe (v. 2). c. God knew his every habit (v. 3). c. Modimo o itse mokgwa wa gagwe (v. 3) d. God knew his every word (v. 4). d. Modimo o itse lefoko lengwe le lengwe la gagwe (v. 4). e. God knew his every step (v. 5). e. Modimo o itse kgato ngwe lengwe ya gagwe (v. 2) f. God knew him before he was born (v. 16). f. Modimo o mo itsitse a ise a tsalwe (v. 16). Because of this wonderful wisdom, David thanked God: Kantlha ya botlhale bo bogolo bo, Dafita a leboga Modimo: g. For creating him (vs. 13-16). g. Gore a bo a mo tlhodile (vs. 13-16). h. For keeping him. h. Go mo boloka. (1) Even if he ascended into heaven (v. 8). (1) Le fa a ka tlhatlogela kwa legodimong (v. 8) (2) Even if he descended into the grave (v. 8). (2) Le fa a ka fologela kwa lebitleng (v. 8). (3) Even if he visited the furthest ocean (v. 9). (3) Le fa a ka ya go nna kwa bokhutlong jwa lewatle (v. 9). (4) Even if he covered himself with the blackest night (vs. 11, 12). (4) Le fa a ka ipipa ka lefifi le lentsho la bosigo (vs. 11, 12). i. For thinking about him (vs. 17, 18). i. le go gopola ka ga gagwe (vs. 17, 18). THE PENITENTIAL PSALMS DIPESALOME TSA SELELO LE BOIKOTLHAO (6, 32, 38, 51, 102, 130, 143) (6, 32, 38, 51, 102, 130, 143) No less than five out of the seven penitential Psalms were written by David. He wrote 6, 32, 38, 51, and 143. We will here consider Psalms 32, 38, and 51. Dafita ga a kwala Dipesalone di feta tlhano mo karolong e ya Dipesalome tsa selelo le boikotlhao. O kwadile 6, 32, 38, 51, le 143. Re tla lebelela Dipesalome 32, 38, le 51. 1. Psalm 32 1. Pesalome 32 This Psalm should be connected with Psalm 51. The latter describes David's emotions as he confesses his sin of adultery and murder (2 Sam. 11), while this Psalm shows his feelings before such confession was made when the awful burden of guilt still was heavy upon him. In the book of Romans (4:7, 8) Paul quotes the first two verses of this Psalm to illustrate one of Scripture's great doctrines, that of imputation. Imputation is that act of one person adding something to another person's account. There are three main imputations in the Bible: Pesalome e e tshwanetswe go kopanngwa le Pesalome 51. Kwa morago Dafita a ikotlhaela maleo a gagwe a boaka le polao (2 Sam. 11), fa Pesalome e e bontsha maikutlo a gagwe pele a dira boipobolo jwa gagwe fa morwalo wa molato wa gagwe o mo imela. Mo bukeng ya Baroma (4:7, 8) Paulo o tlhagisa ditemana di le pedi tsa Pesalome e go bontsha nngwe ya makwalo a magolo a thuto, a a tlaleletsang. Tlaleletso ke fa motho a tlatsa sengwe mo molatong wa motho o mongwe. Go na le ditlaleletso di le tharo mo Beibeleng: a. That of Adam's sin nature upon mankind (Rom. 3:23; 5:12). a. Ya sebe sa tlhago sa ga Adame mo mothong (Bar. 3:23; 5:12). b. That of man's sin upon Christ (Isa. 53:5, 6; Heb. 2:9; 2 Cor. 5:14-21; 1 Pet. 2:24). b. Sebe sa motho go Kresete (Jes. 53:5, 6; Baheb. 2:9; 2 Bak. 5:14-21; 1 Pet. 2:24). c. That of Christ's righteousness upon the believing sinner (Phil. 3:9; Jas. 2:23; Rom. 4:6-24). c. Ya ga tshiamo ya ga Kresete mo moleofing yo o neng a dumela (Baf. 3:9; Jak. 2:23; Bar. 4:6-24). 2. Psalm 51 2. Pesalome 51 We have already seen the conditions in which David wrote this Psalm. Re setse re bone maemo ao Dafita a neng a kwala Pesalome e mo go ona. a. He begins this confession by doing what God expects every sinning saint to do and that is to admit his sin. The Father will accept our tears, but not our excuses. David refuses to blame his failure on society, family, poverty, or environment. a. O simolola boipobolo jwa gagwe ka go dira se Modimo a se solofetseng go tswa mo moitsheping mongwe le mongwe yo o leofileng, e leng go amogela gore o leofile. Rara o tla amogela dikeledi tsa rona, e seng maipato a rona. Dafita o ile a gana go baya phoso ya go palelwa ga gagwe mo morafeng, lelapeng, mo lehumeng le mo tikologong. b. In verse 4 he states that he has sinned "against . . .thee only." Our sin may involve others, but all sin is against God. The last part of this verse is quoted by Paul to prove the total condemnation of mankind (Rom. 3:4). b. Mo temaneng ya bone 4 o tlhalosa gore o leofile “Ke wena o le nosi fela ke go leofetseng.” Dibe tsa rona di ka akaretsa ba bangwe, mme dibe tsotlhe di kgatlhanong le Modimo. Karolo ya bofelo ya temana e e tlhagisiwa ke Paulo go netefatsa khutso e e tletseng ya motho. (Bar. 3:4). c. In verse 7 David pleads to be purged (or cleansed) with hyssop. He may have been thinking of the Passover. "Then Moses called for all the elders of Israel, and said unto them, Draw out and take you a lamb according to your families, and kill the passover. And ye shall take a bunch of hyssop, and dip it in the bloodmthat is in the bason, and strike the lintel and the two side posts with the blood that is in the bason. . . For the Lord will pass through to smite the Egyptians; and when he seeth the blood . . . the Lord will pass over the door, and will not suffer the destroyer to come in unto your houses to smite you" (Ex. 12:21-23). c. Mo temaneng ya bosupa, Dafita o ikopela go phepafadiwe ka mosiama. A ka ne a ne a gopotse Tlolaganyo. “Ke fa Moshe a bitsa banna bagolo botlhe ba Iseraele a ba raya a re: Yaang lo tlhaolele lelapa lengwe le lengwe la lona konyana e le nngwe; lo tlhabe konyana ya Tlolaganyo. Gape tsayang ngatana ya mosiama lo e ine mo mading a a mo mogopong, lo tshase mophakarego le dintlha tsoo pedi tsa mojako ka madi a a mo mogopong … Gonne Morena o tla potlapotla lefatshe go bolaya Baegepeto, mme e tla fa a bona madi . . . a seke a dumelele mosenyi go tsena mo matlong a lona go lo bolaya” (Ekes. 12:21-23). So God cleansed him. Later Jesus would perform this ministry for all believers everywhere. We are told: " . . . When he had by himself purged our sins, sat down on the right hand of the Majesty on high" (Heb. 1:3b). David to be whiter than snow. Some three hundred years later God would use David's words in addressing sinful Israel. Through the mouth of Isaiah, Jehovah said: "Come now, and let us reason together, saith the Lord: though your sins be as scarlet, they shall be as white as snow . . ." (Isa. 1:18). Modimo a mo itshekisa. Morago Jesu o tla diragatsa se mo bodireding jwa gagwe go badumedi botlhe. Re itsesewe gore: “. . . Ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna mo letsogong le le jang la Borena kwa magodimong” (Baheb. 1:3b) Dafita a nna mosweu jaaka semathana. Morago ga dingwaga di le kgolo a mararo, Modimo o tla dirisa mafoko a ga Dafita go bua le Baiseraele ba ba neng ba tletse boleo. Ka molomo wa ga Jesaya, Modimo a re: “Tlayang he a re sekisaneng, go bua Morena, le fa dibe tsa lona di hibitse jaaka madi, di tla sweufala jaaka semathana . . . “ (Jes. 1:18) d. In verse 11 David prays a prayer which no believer today need or should pray. Regardless of the seriousness of our sin, we need not concern ourselves over losing the indwelling Holy Spirit. In the upper room our Lord promised: "And I will pray the Father, and he shall give you another Comforter, that he may abide with you forever" (Jn. 14:16). d. Mo temaneng ya 11 Dafita o rapela thapelo e modumedi gompieno a ka se e rapeleng kgotsa e go sa tlhokagaleng gore modumedi a e rapele. Go sa kgathalesege gore dibe tsa rona di ntse jang, ga re a tshwanelwa go tshwenyega ka ga go latlhegelwa ke bodulo jwa Moya o o Boitshepo. Mo ntlwaneng e e kwa godimo Morena wa rona o re solofeditse: “Nna ke rapela Rara, mme o tla lo naya Mogomotsi yo mongwe a nne le lona ka bosakhutleng” (Joh. 14:16) e. However, every child of God will sometime need to pray David's words in verse 12. The church at Ephesus needed to pray these words, as Jesus told them: "Nevertheless I have somewhat against thee, because thou hast left thy first love" (Rev. 2:4). When this joy of first love returns, the conversion of sinners will indeed take place as mentioned in verse 13. e. Ka nako e nngwe, ngwana wa Modimo o tshwanetse go rapela thapelo ya mafoko a a ga Dafita a a mo temaneng ya 12. Kereke ya Efeso e ne e tshwanetse go rapela mafoko a, jaaka Jesu a ba boleletse: “Mme fela se ke go nyatsang ka sona ke se: O tlogetse lorato la gago la ntlha.” (Tsh. 2:4). Fa boitumelo jwa lorato la pele bo boa, boipolelo jwa baleofi bo tla tsaya karolo jaaka go tlhagelela mo temaneng ya 13. f. This confession Psalm brings out many precious truths, but perhaps the greatest is found in verses 16 and 17. The reason for this was very simple. There existed no sacrifice for the sin of adultery. Rather, the one guilty of adultery was to be stoned to death (Lev. 20:10). David now puts himself completely on the mercy and grace of God. f. Pesalome e ya boipobolo e tlisa bontsi jo bontle jwa nnete, mme jo bogolo bo fitlhelwa mo temaneng ya 16 le 17. Lebaka la se le botlhofo thata. Go ne go sena setlhabelo sa sebe sa boaka. Fa e se fela go kgobotletsa yo o dirileng sebe sa boaka go fitlhelela a swa (Lef. 20:10). Dafita a ipaya gotlhelele mo mautlwelo-botlhokong a Modimo. 3. Psalm 38 3. Pesalome 38 Surely this must rank among the most remarkable passages in the entire Bible because of it frankness. This pitiful prayer of the sweet singer of Israel, the anointed of the Lord, the man after God's own heart. Yet as one carefully studies the language of this prayer, it becomes impossible to escape the shocking possibility that David was plagued with the kind of disease which often accompanies immoral living and sinful sexual activities (see vs. 3-11). Se ke se se tsayang sefoka se se makatsang mo dikwalong tsotlhe tsa Beibele ka ntlha ya go tlhamalala ga yona. Thapelo e e botlhoko e ya moopedi yo o molodi wa Iseraele, motlodiwa wa Morena, monna ka fa pelong ya Modimo. Fa o ntse o ithuta ka ga puo ya thapelo ya gagwe, go bonagala go sa kgonego go falola maemo a a tshosang a Dafita a neng a biditswe ka ona a bolwetsi jo bo tlang morago ga go phela ka bofafalele le ditiro tsa sebe sa boaka (vs. 3-11). THE IMPRECATORY PSALMS DIPESALOME TSA GO GOELA THUSO LE KGOLOLO (35, 55, 58, 59, 69, 83, 109, 137, 140) (35, 55, 58, 59, 69, 83, 109, 137, 140) A. The definition of these Psalms: To imprecate is to pray against, or to invoke evil upon someone or something. A. Tlhaloso ya Dipesalome tse: Go dira thapelo e e kgatlhanong kgotsa go eleletsa bosula mo sengweng kgotsa mo go mongwe. B. The fact of these Psalms: There are many times where the Psalmist calls Down judgment upon his enemies, asking God to: B. Lebaka legolo la Dipesalome tse: Ka dinako tse dintsi Mopesalome o ipiletsa gore katlholo e wele mo Babeng ba gagwe, a kopa Modimo go: 1. fight against them (35:1) 1. go lwana kgatlhanong le dira (35:1) 2. bring them into confusion (35:4) 2. go ba tlisetsa tlhakatlakano (35:4) 3. scatter them as chaff (35:5) 3. go ba phatlhalatsa jaaka moko (35:5) 4. allow the Lord's angel to chase and persecute them (35:5) 4. go letlelele moengele wa gagwe go ba leleka le go ba tlhokofatsa (35:5) 5. cause their way to be dark and slippery (35:6) 5. go dira gore tsela tsa bona di relele le go nna lefifi (35:6) 6. allow death to seize upon them (55:15) 6. gore ba welwe ke loso (55:15) 7. pull them down into hell (55:16) 7. gore ba fologele kwa felong ga baswi (55:16) 8. break their teeth (58:8) 8. go roba meno a bona (58:7) 9. cut up their defense (58:7) 9. go roba tshireletso ya bona (58:7) 10. withhold all mercy to them (59:5) 10. go tshwara boutlwelo-botlhoko jwa bona (59:5) 11. consume them in wrath (59:13) 11. go ba nyeletsa ka kgakalo (59:14) 12. set a trap for them (69:22) 12. go ba beela serai (69:23) 13. darken their eyes (69:23) 13. gore matlho a bona a fifale (69:24) 14. make their loins to shake (69:23) 14. gore a theeketse dinoka tsa bona (69:24) 15. let their habitation be desolate (69:25) 15. gore boago jwa bona bo nne letlotla (69:26) 16. blot them out of the book of the living (69:28) 16. gore ba phimolwe mo bukeng ya bophelo (69:29) 17. make them as the dung of the earth (83:10) 17. gore ba nne jaaka letshotelo la tshimo (83:11) 18. persecute them (83:14) 18. go ba tlhokofatsa (38:15) 19. give them over to Satan (109:6) 19. go ba neela Satane (109:6) 20. let their days be few (109:8) 20. gore malatsi a gagwe a ngotlege (109:8) 21. let their children be beggars (109:10) 21. gore bana ba gagwe e nne bakopi (109:10) 22. let burning coals fall upon them (140:10) 22. gore go nesetswe magala mo godimo ga bona (140:10) 23. cast them into a deep pit (140:10) 23. gore ba digelwe mo bodibeng (140:10) C. The problems involved in these Psalms: C. Mathata a a tlhagelelang mo Dipesalomeng tse: How can we reconcile these phrases with the New Testament teachings of Jesus in Matthew 5:44: Re ka agisanya jang mela e le dithuto tsa ga Jesu mo Testamenteng e Ntshwa tse di mo Matheo 5:44: "But I say unto you, love your enemies, bless them that curse you, do good to them that hate you, and pray for them which despitefully use you, and persecute you"? “Ratang baba ba lona, lo tshegofatsse ba ba le hutsang, ba ba lo tlhoileng lo ba direle molemo, lo rapelele ba ba lo kgobang, ba lo bogisa”? D. The suggested answer for these Psalms. Matt 5:44 in a scripture which Jesus gave as He prepared to set up His kingdom on Earth. He was not applying this verse to the Church Age. D. Karabo e e tshitshintsweng ya Pesalome e. Math. 5:44 e e mo lokwalong le Jesu a neng a neelana ka lona fa a baakanyetsa go tlhomamisa puso ya gagwe mo lefatsheng. O ne a sa dirise temana e go ya nakong ya Kereke. THE DEGREE OR ASCENT PSALMS DIPESALOME TSA GO TSHOLETSA MODIMO A. Who wrote them? A. Ke mang yo o di kwadileng? A commonly held theory is that they were composed by three men. Kitso e e leng teng e tlhalosa gore di ne di tlhamilwe ke banna ba bararo. 1. Hezekiah wrote ten of them (120, 121, 123, 125, 126, 128, 129, 130, 132, 134). 1. Hesekia o kwadile di le lesome (120, 121, 123, 125, 126, 128, 129, 130, 132, 134). 2. Solomon wrote one of them (127). 2. Solomone o kwadile e le nngwe (127) 3. David wrote four of them (122, 124, 131, 133). 3. Dafita o kwadile di le nne (122, 124, 131, 133). B. Why were they written? B. Goreng di ne di kwalwa? Many believe it was because of the following: Bontsi bo dumela gore ke ka ntlha ya tse di latelang: Around 7 B. C., God healed a Judean king named Hezekiah of a fatal illness. Isaiah (ch. 38) records the prayer of thanksgiving of the grateful king, written after his recovery. In verse 20 he exclaims: "The Lord was ready to save me: therefore we will sing my songs to the stringed instruments all the days of our life in the house of the Lord." Mo dingwageng tse 7 pele ga botsalo jwa ga Kresete, Modimo o ile a fodisa kgosi ya Juta e leng Hesekia mo bolwetsing jo bo setlhogo. Jesaya (kg. 38) e kwadilwe ka ga thapelo ya tebogo ya kgosi e kgolo, e e kwadilweng morago ga go fola ga gagwe. mo temaneng ya 20 o bua jaana a re: “Morena ke yo o nthusang, ke ka moo re tla letsang diletswa ka malatsi otlhe a bophelo jwa rona, mo ntlong ya Morena.” C. How were they to be sung? C. Di ne di opelwa jang? Here there are various theories: Fa ke dikakanyo di le dintsi: 1. An old Jewish tradition explains that they were sung when the choir ascended the semicircular flight of stairs leading up to the court of men in the Temple. 1. Moetlo wa bogologolo wa Bajuta o tlhalosa gore di ne di opelwa fa setlhopa sa baopedi se tlhatloga ka bogare jwa matantabelo a a yang kwa lelapeng la banna mo Tempeleng. 2. The ascents may have referred to the stages of pilgrimage to Jerusalem, to be sung along the way by travelers on the way to an annual feast days. 2. Go tlhatloga go ka ne go kaiwa dikgato tsa Baeti ba ba neng ba ya Jerusalema, di ne di opelwa mo tseleng ke batsamai mo tseleng go ya kwa meletlong ya ngwaga. 3. Ascent means "a song in the higher choir;" the singers being on the stairs of some high place. 3. Tlhatlogo e kaya “Pina e e mo setlhopeng se se kwa godimo;” baopedi ba le mo matantabelong a a kwa godimo. 4. The reference may be musical, signifying that the notes rose by degrees in succession. 4. Go ne go lebelelwa thata mmino, ditshupo tsa gore dinnoto di tlhatloga go ya ka tatelano. THE HALLEL (HALLELUJAH) PSALMS (113-118) DIPESALOME TSA HALLEL (HALLELUYA) (113-118) These six Psalms were sung on the night of the Passover. Dipesalome tse di ne di opelwa mo bosigong jwa Tlolaganyo. A. Psalms 113 and 114 at the beginning of the meal. A. Pesalome 113 le 114 di ne di opelwa pele ga dijo. B. Psalms 115 and 116 at the close. These were sung by the Savior and his Disciples in Matthew 26:30. They are still recited in Palestine eighteen times a year at different occasions, and twenty-one times yearly by those Jews outside the Holy Land. B. Pesalome 115 le 116 fa go fediwa. Tse ke tse di neng di opelwa ke Mopholosi le barutwa ba gagwe mo Matheo 26:30. Di santse di opelwa kwa Palastina ga somerobedi mo meletlong e e farologaneng ya ngwaga, le ga some a mabedi le bongwe ke Bajuta ba ba leng kwa ntle ga Lefatshe le le Boitshepo. THE HISTORICAL PSALMS (78, 105, 106) DIPESALOME TSA DITIRAGALO (78, 105, 106) These three Psalms, which depict the history of Israel, may be summarized as follows: Dipesalome tse tharo tse, tse di bokang ditiragalo tsa Iseraele, di khutswafaditswe jaana: A. The sins of Israel. A. Sebe sa Iseraele. 1. They refused to walk in God's law (78:10). 1. Ba ne ba gana go tsamaya mo molaong wa Modimo (78:10) 2. They forgot his works (78:11, 42; 106:13). 2. Ba lebatse ditiro tsa gagwe (78:11, 42; 106:13). 3. They spoke against him (78:19). 3. Ba bua kgatlanong le ona (78:19). 4. They didn't trust his salvation (78:22). 4. Ba ne ba sa tshepe pholoso ya gagwe (78:22) 5. They lied to him (78:36). 5. Ba mo aketsa (78:36). 6. They grieved him (78:40). 6. Ba mo utlwisa botlhoko (78:40). 7. They limited him (78:41). 7. Ba mo lekanyetsa (78:41). 8. They worshiped graven images (78:58; 106:19). 8. Ba obamele medimo ya diseto (78:58; 106:19). 9. They envied his leader Moses (106:16). 9. Ba ema kgatlhanong le moetapele wa bona Moshe (106:16). 10. They despised the Promised Land (106:24). 10. Ba nyatsa Lefatshe la Tshepiso (106:24). 11. They murmured in their tents (106:25). 11. Ba ne ba ngongorega mo ditenteng tsa bona (106:25). 12. They ate the sacrifices of the dead (106:28). 12. Ba ja ditlhabelo tsa baswi (106:28). 13. They mingled among the heathen (106:35). 13. Ba itlhakanya le baheitane (106: 35) 14. They sacrificed their sons and daughters to devils (106:37). 14. Ba dira ditlhabelo ka bomorwabona le bomorwadia bono go medimo ya diseto (106:37) 15. They shed innocent blood (106:38). 15. Ba tsholola madi a a se nang molato (106:38). B. The grace of God. B. Mautlwelo-botlhoko a Modimo. 1. He remembered his covenant when they cried unto him (105:8-11). 1. O ne a gakologelwa kgolagano ya gagwe fa ba lelela go ena (105:8-11) 2. He divided the sea (78:13). 2. A kgaoganya lewatle (78:13). 3. He led them with a cloud by day (78:14). 3. A ba etelela pele ka leru mo motshegareng (78:14). 4. He led them with a fire by night (78:14). 4. A ba etelela pele ka molelo bosigo (78:14). 5. He provided water for them out of rocks (78:15). 5. O ne a ba naya metsi go tswa mo matlapeng (78:15). 6. He rained down manna for them (78:24). 6. O ne a ba nesetsa mmana go tswa godimo (78:24). 7. He was full of compassion and forgave their iniquity (78:38). 7. O ne a tletse bopelo-tlhomogi mme a ba itshwarela ditlolo tsa bona (78:38) 8. He wrought signs for them in Egypt (78:43; 105:27-36). 8. A ba direla ditshupo fa ba le kwa Egepeto (78:43; 105:27-36). 9. He brought them to the border of the Promised Land (78:54). 9. A ba fitlhisa kwa molelwaneng wa Lefatshe la Tshepiso (78:54). 10. He cast out the heathen before them (78:55). 10. A leleka baheitene mo pele ga bona (78:55). 11. He chose David to lead them (78:70, 71). 11. A tlhopa Dafita go ba etelela pele (78:70, 71). 12. He allowed no man to hurt them (105:14). 12. A se ke a letlelela ope go ba utlwisa botlhoko (105:14). 13. He fed them (78:72). 13. A ne a ba fepa (78:72). 14. He reproved kings for their sake (105:14). 14. O ne a atlhola dikgosi ka ntlha ya bona (105:14). 15. He elevated them through Joseph (105:17). 15. A ba tlhokomela ka Josefa (105:17). 16. He gave them the riches of Egypt (105:37). 16. A ba naya dikhumo tsa Egepeto (105:37). 17. He kept them all strong (105:37). 17. A ba boloka ba natlafetse (105:37). 18. He continually forgave them (106:43). 18. A tswelela go ba itshwarela (106:43). 19. He continually heard their cry (106:44). 19. A tswelela go utlwa selelo sa bona (106:44). THE ACROSTIC PSALMS 9, 10, 25, 34, 37, 111, 112, 119, 145) DIPESALOME TSA GO TLOTLA MODIMO (9, 10, 25, 34, 37, 111, 112, 119, 145) These nine Psalms are also called the alphabetical Psalms. This is so because each line of these Psalms begins with a successive letter of the twenty-two letters in the Hebrew alphabet. Psalm 119 is of course the most famous of the acrostic Psalms. It has twenty-two stanzas. Each stanza has eight verses, for a total of 176. Each of these stanzas begins with one of the twenty-two Hebrew letters. Not all of these Psalms are completely in this arrangement. Some are missing a letter or more. Dipesalome tse robongwe tse di bidiwa gape Dipesalome tsa tatelano ya ditlhaka. Se ke ka gonne mola mongwe le mongwe wa Pesalome o simolola ka tatelano ya tlhaka nngwe ya ditlhaka tse somea mabedi le bobedi tsa Sehebera. Pesalome 119 ke nngwe ya Pesalome e e itsegeng ya setlhopa se sa Dipesalome. E na le ditema (stanzas) di le some a mabedi le bobedi. Tema nngwe le nngwe e na le ditemana di le robedi, tse di etsang palogotlhe ya 176. Nngwe le nngwe ya tema ya Pesalome e, e simolola ka tlhaka nngwe go tswa mo ditlhakeng di le 22 tsa Sehebera. Ga se Dipesalome tsotlhe di rulagantsweng ka mokgwa o. Tse dingwe di tlhaela e le nngwe tse dingwe di go feta. Thus we find: Re bone: A. Psalms 9, 10, 25 are missing several letters. A. Pesalome 9, 10, 25 di tlhaela ditlhaka tse di rileng. B. Psalms 34, 45 have all but one letter. B. Pesalome 34, 45 di na le tsotlhe mme go tlhaela e le nngwe. C. Psalms 37, 111, 112, 119 have all the letters. C. Pesalome 37, 111, 112, 119 di na le ditlhaka tsotlhe. It is reasonable to suppose that the acrostic device was designed to assist the memory. Go bonagala gore tatelano ya ditlhaka e ne dirisiwa go leka go thusa tlhaloganyo. THE MESSIANIC PSALMS DIPESALOME TSA GA MESSIA We shall consider these Psalms in two ways: Re tla lebelela Dipesalome tse ka ditsela tse pedi: First, in the order that Christ fulfilled them in the New Testament. Second, in the order that they appear in the book of Psalms. Sa pele, ka mokgwa o Kresete a di dirafaditseng ka teng mo Testamenteng e Ntshwa. Sa bobedi, ka mokgwa o di tlhagelelang ka teng mo Dipesalomeng. A. In the order that Christ fulfilled them in the New Testament. A. Ka mokgwa o Kresete a di dirafaditseng ka teng mo Testamenteng e Ntshwa. 1. his obedience (40:6-l0). 1. boikokobetso jwa gagwe (40:6-10). "Sacrifice and offerings thou didst not desire ... then said I, Lo, I come: In the volume of the book it is written of me" (compare Heb. 10:5-7). “Ga o kgatlhwe ke setlhabelo le tshupelo . . . mme nna ka re, Bona ke e tla, go kwadilwe ka ga me mo lokwalong” (e bapise le Baheb. 10:5-7). 2. his zeal (69:9), 2. tlhoafalo ya gagwe (69:9). "The zeal of thine house hath eaten me up" (Jn. 2:17). “Go tlhoafalela ntlo ya gago go tla nja” (Joh. 2:17). 3. his rejection (118:22). 3. go ganwa ga gagwe (118:22). "The stone which the builders refused is become the headstone of the corner" (see Mt. 21:42). “Lentswe le baagi ba le latlhileng ke lone le le dirilweng letlapa la sekhutlo” (Math. 21:42). 4. his betrayal. 4. go rekisiwa ga gagwe. "Yea, mine own familiar friend, in whom I trusted, which did eat of my bread, hath lifted up his heel against me" (41:9). “Tota le monna yo ke tsalanyeng nae, yo ke mo ikantseng, yo o jang dijo tsa me, o ntsholeleditse serethe” (41:10). "For it was not an enemy that reproached me; then I could have borne it: neither was it he that hated me that did magnify himself against me ... but it was thou, a man mine equal, my guide, and mine acquaintance. We took sweet counsel together, and walked unto the house of God in company" (55:12-14). (See Mt. 26:14-16, 21-25.) “Kana ga se mmaba yo o ntshotlang, nka bo ke itshoka, ga se yo o ntlhoileng, yo o inkgodisetsang, nka bo ke tla mo iphitlhela. Mme ke wena motho-ka-nna, tsala ya ka le moikanngwi wa ka. Ba re neng re utlwana re tsamaya mmogo go ya kwa Ntlong ya Morena le masomosomo a batho.” (55:12-14). (Math. 26:14-16, 21-25). 5. his sufferings (22:1, 6, 7, 8, 16, 18). 5. dipogisego tsa gagwe (22:1, 6, 7, 8, 16, 18). "They gave me also gall for my meat; and in my thirst they gave me vinegar to drink" (69:21). (See Mt. 27:34, 48.) “Ba nneile santlhokwe go nna sejo sa me, mme e rile ke nyorilwe ba nnosa motatsa” (69:22). (Math. 27:34, 48). "Into thine hand I commit my spirit" (Ps. 31:5). (See Lk. 23:46.) “Ke neela moya wa me mo seatleng sa gago” (Pes. 31:6). (Luke 23:46). "He keepeth all his bones: Not one of them is broken" (34:20). (See Jn. 19:33-36; also 129:3.) “O boloka marapo a gagwe: ga go lepe le le tla robegang” (34:20). (Joh. 19:33-36; le 129:3). 6. his false witnesses. 6. tshupo ya kako ka ga gagwe. "For the mouth of the wicked and the mouth of the deceitful are opened against me: They have spoken against me with a lying tongue. They compassed me about also with words of hatred; and fought against me without a cause" (109:2, 3). (See Mt. 26:59-61; 27:39-44.) “Gonne ba nkatlhamoloseditse melomo ya boikepo le ya tsietso: ba bua le nna ka diteme tsa maaka. Ba ntikanyeditse ka mafoko a letlhoo, ba ntlhabantsha ka bomo” (109:2, 3). 7. his prayers for his enemies. 7. go rapelela baba ba gagwe. "[In return] for my love they are my adversaries: but I give myself unto prayer" (109:4). (See Lk. 23:34.) “Lorato la me ba lo duela ka go ntlhabantsha, etswe nna ke ntse ke rapela” (109:4). (Luke 23:34). 8. his resurrection. 8. tsogo ya gagwe. "For thou wilt not leave my soul in hell; neither wilt thou suffer thine Holy One to see corruption" (16:10; compare with Acts 13:35). "I will declare thy name unto my brethren: in the midst of the congregation will I praise thee" (22:22; compare with Jn. 20:17). “Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me go tsena mo bobipong, le eseng go leseletsa moitshepi wa gago go bona go bola” (16:10; e bapise le Ditiro 13:35). “Ke rata go bolelela ba ga etsho leina la gago, ke go tumisa mo phuthegong” (22:22; e bapise le Joh. 20: 17). 9. his ascension. 9. tlhatlogo ya gagwe. "Thou hast ascended on high, thou hast led captivity captive: thou hast received gifts for men ..." (68:18; compare with Eph. 4:8). “O tlhatlogetse kwa godimo wa thopa batshwarwi; wa amogela dineo mo bathong . . .” (68:18; e bapise le Baef. 4:8). 10. his triumphal entry. "Lift up your heads, O ye gates; and be ye lifted up, ye everlasting doors; and the King of Glory shall come in. Who is this King of Glory? The Lord strong and mighty, the Lord mighty in battle" (24:7, 8).(See Acts 1.) 10. go tsena ga gagwe ka mokgosi wa phenyo. Lona dikgoro, tsholetsang ditlhogo, lona mejako ya bogologolotala itsholetseng, gore kgosi ya kgalalelo e tsene. Kgosi ya kgalalelo ke mang? Ke Morena yo o thata, yo o bonatla, Morena Senatla mo tlhabanong” (24:7, 8) (Ditiro 1) 11. his high priestly work. 11. tiro ya gagwe ya boperesiti jo bogolo. "The Lord hath sworn, and will not repent, thou art a priest forever after the order of Melchizedek" (110:4). (See Heb. 5-7.) “Morena o ikanne, mme ga a kitla a dirolola ikano ya gagwe a re; O moperesiti ka bosakhutleng ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke (110:4) (Baheb. 5-7) 12. his marriage (45:2, 6, 8, 13, 15). (See Rev. 19.) 12. lenyalo la gagwe (45:2, 6, 8, 13, 15) (Tsh. 19) 13. his destruction of the heathen. 13. tshenyo ya gagwe mo baheiteneng. "The Lord said unto my Lord, sit thou at my right hand, until I make thine enemies thy footstool" (Ps. 110:1). (See also Ps. 2.) “Morena o ne a raya Morena wa me a re, dula fa letsogong la me go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago” (Pes. 110:1). (Pes. 2) "He shall judge among the heathen"(110:6).(See Rev. 6-19.) “O tla atlhola mo ditshabeng” (110:6). (Tsh. 6-19). 14. his millennial reign (89:27; 102:16-21). 14. puso ya gagwe ya dingwaga di le sekete (89:27; 102:16-21) "Thou madest him to have dominion over the works of thy hands: thou hast put all things under his feet" (8:6; compare with Heb. 2). “O mo dirile molaodi wa ditiro tsa diatla tsa gago, o beile dilo tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe” (8:7; e bapise le Baheb. 2). "His name shall endure forever: his name shall be continued as long as the sun, and men shall be blessed in him. All nations shall call him blessed" (72:17). (See Mt. 23:39; Rev. 11:15.) “A leina la yona le nnele ruri, A leina la yona le tlhoge letsatsi le ntse le le teng, a ditshaba tsotlhe di tshegofadiwe ke yona” (72:17). (Math. 23:39; Tsh. 11:15). B. In the order they appear in the book of Psalms. B. Ka mokgwa o di tlhagelelang ka teng mo Dipesalomeng. 1. Psalm 2: Predicts the tribulational destruction of the heathen and the millennial reign of Christ. 1. Pesalome 2: E bolelela pele ka nako ya dipitlagano le tshenyego ya baheitene le puso ya dingwaga di le sekete ya ga Kresete. This Psalm is in four parts: Pesalome e e na na dikarolo di le nne: a. the rebellion of man (vs. 1-3) a. boithamako jwa motho (vs. 1-3) b. the reaction of God (vs. 4-6) b. maitsholo a Modimo ka seo (vs. 4-6) c. the rule of the Son (vs. 7-9) c. puso ya Morwa (vs. 7-9) d. the recommendation of the Psalmist (vs. 10-12) d. tlaleletso ya Mopesalome (vs. 10-12) Messianic passages: Ditema tsa ga Messia: Verse 2: "The kings of the earth set themselves, and the rulers take Counsel together, against the Lord, and against his anointed (Quoted in Acts 4:26.) Temana 2: “Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa le babusi ba nnela go logisanya maano, a go lwa le Morena le Motlodiwa wa gagwe”(E tlhagisitswe mo Ditiro (4:26). Verse 7: "I will declare the decree: The Lord hath said unto me, Thou art my Son; this day have I begotten thee " (Quoted in Acts 13:33.) Temana 7: “Ke rata go go bolelela ka maikaelelo a Morena: O ntheile a re, O morwaake, ke go tsetse kajeno” (e nopotswe le mo Ditiro 13:33). 2. Psalm 8: Predicts the millennial reign of Christ. 2. Pesalome 8: E bolelela pele puso ya dingwaga di le sekete ya ga Kresete. One may well compare the statement in this Psalm (v. 6) which says it took God's fingers to create man with Isaiah 53:1 where we are told it cost God his arms to redeem us! Salvation cost more than creation. O ka bapisa mafoko a Pesalome e a (v. 6) a a reng Go batlile menwana ya Modimo go bopa motho le Jesaya 53:1 moo re itseseweng gore go batlile matsogo a Modimo go re rekolola! Pholoso e feta tlhago ka tefo. Messianic passage: Ditemana tsa ga Messia: Verse 6: "Thou madest him to have dominion over the works of thy hands; thou hast put all things under his feet." Temana 6: “O mo dirile molaodi wa ditiro tsa diatla tsa gago; o beile dilo tsotlhe fa tlase ga dinao tsa gagwe” 3. Psalm 16: Predicts the death and resurrection of Christ. Messianic passage: 3. Pesalome 16: E bolelela pele loso le tsogo ya ga Kresete. Temana ya ga Messia: Verse 10: "For thou wilt not leave my soul in hell; neither wilt thou s suffer thine Holy One to see corruption." (Quoted in Acts 2:27.) Temana 10: “Gonne ga o kitla o tlogela moya wa me o tsena mo bobipong, le eseng go leseletsa moitshepi wa gago go bona go bola” (e nopotswe mo Ditiro 2:27) 4. Psalm 22: Predicts the intense sufferings of Christ. 4. Pesalome 22: E bolelela pele pogisego e e tseneletseng ya ga Kresete. The Psalm is in two parts: Pesalome e, e na le dikarolo tse pedi: a. the sob of the crucified (vs. 1-21) a. go sisa pelo ga papolo (vs. 1-21) b. the song of the glorified (vs. 22-31) b. sefela sa ba ba galaleditsweng (22-31) It has been suggested that Peter had this Psalm in mind when he wrote 1 Peter 1:10, 11: Go ile ga tshitsinngwa gore Petoro o ne a gopotse Pesalome e fa a ne a kwala 1 Pet. 1:10, 11: "Of which salvation that prophets have inquired and searched diligently, who prophesied of the grace that should come unto you: searching what, or what manner of time the Spirit of Christ which was in them did signify, when it testified beforehand the sufferings of Christ, and the glory that should follow " “Fa e le pholoso eo, baporofete ba ba boletseng pele ka ga bopelotlhomogi jo bo laotsweng gore le bone, ba ne ba e batlisisa, ba e tlhomamisa; ba tlhomamisa gore Mowa wa ga Kresete o o neng o le mo go bone o senola nako efe le e e ntseng jang, fa o supela dipogo tse di tla tlelang Kresete le tsa kgalalelo tse di tla latelang” If this is true, then verses 1-21 speak of the sufferings, while verses 22-31 depict the glory. Fa e le gore se ke boammaruri, jaanong temana ya 1-21 e bua ka ga dipogisego, fa temana 22-31 di bua ka ga kgalalelo. Messianic passages: Ditemana tsa ga Messia: Verse 1: "My God, my God, why hast thou forsaken me?" (Quoted by Christ on the cross, Mt. 27:46.) Temana 1: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?” (e nopotswe Kresete mo sefapanong, Math. 27:46). Verse 8: "He trusted in the Lord that he would deliver him: let him deliver him, seeing he delighted in him " (Quoted by the wicked Israelite rulers at the cross, Mt. 27:43.) Temana 8: “O ikantse Modimo; a o mo golole jaanong fa o rata, gonne o rile ke morwa Morwa Modimo” (e nopotswe ke molaodi yo o bosula wa Iseraele kwa sefapanong; Math. 27:43). Verse 16: "They pierced my hands and my feet." (Fulfilled by the Roman soldiers at the cross, Mt. 27:35.) Temana 16: “Ba phuntse diatla tsa me le dinao tsa me” (go dirafaditswe ke banna ba batlhabani kwa sefapanong, Math. 27:35) Verse 18: "They part my garments among them, and cast lots upon my vesture." (Fulfilled by the Roman soldiers at the cross, Mk. 15:24.) Temana 18: “Ba kgaogana diaparo tsa me, mme kojwana ya me ba e tlhamela tengwa” (se se dirafaditswe ke batlhabani ba Roma kwa sefapanong, Mar. 15:24) Verse 22: "I will declare thy name unto my brethren: in the midst of the congregation will I praise thee." (Quoted in Heb. 2:12.) Temana 22: “Ke rata go bolelela ba ga etsho leina la gago, ke go tumisa mo phuthegong.” (e nopotswe mo Baheb. 2:12). 5. Psalm 23: Predicts the tender shepherding ministry of Christ. 5. Pesalome 23: E bolelela pele bonolo jwa bodiredi jwa bodisa jwa ga Kresete. Messianic passage: Temana ya ga Messia: Verse 1: "The Lord is my shepherd; I shall not want " (Although this exact quotation does not appear in the New Testament, it is referred to by Jesus himself in Jn. l0:l-18). Temana 1: “Morena ke Modisa wa me, ga nkitla ke tlhoka sepe” (le fa mafoko a a sa tlhagelele mo Testamenteng e Ntshwa, a boletswe ke Jesu ka boene mo Joh. 10:1-18) a. The Sheep and the Shepherd (vs. 1-3; speaks of provision). a. Dinku le Modisa (vs. 1-3; e bua ka go tlamela) b. The Guide and the Traveler (vs. 3, 4; speaks of direction). b. Mosupatsela le Motsamai (vs. 3, 4; e bua ka tsela) c. The Host and the Guest (vs. 5, 6, speaks of communion). c. Mong le Modiri (vs. 5, 6, e bua ka kamano). 6. Psalm 24: Predicts Christ's triumphal entry into heaven. 6. Pesalome 24: E bolelela pele ka phenyo ya ga Kresete ya go tsena kwa legodimong. This Psalm was written to celebrate David's entrance into the newly captured city of Jerusalem, and him becoming King. It may also speak of that victorious entry of the Savior into heaven after he had finished his work of redemption and ascended from the Mount of Olives. Pesalome e e ne e kwalwa go itumelela phenyo ya ga Dafita go fenya le go thopa motse wa Jerusalema, e bile a nna Kgosi. E ka bua gape ka ga phenyo ya Mopholosi fa a tsena kwa legodimong morago ga go fenya mo tirong e a e weditseng ya kgololo le go tlhatlogela kwa thabeng ya Diolefa. The Psalm as sung by two choirs: Pesalome e fa e opelwa ke ditlhopa tse pedi tsa mmino: a. Verses 1-6 were sung at the foot of the hill on which Jerusalem stood. a. Temana 1-6 e ne e opelwa mo maotong a thaba e Jerusalema e agilweng mo go yona. (1) Choir A would sing 1-3. (1) Setlhopa sa A se opela 1-3. (2) Choir B would respond with 4-6. (2) Setlhopa sa B se tla tsiboga ka 4-6. b. Verses 7-10 were sung in front of the gates of the city. b. Temana 7-10 di ne di opelwa fa pele ga dikgoro tsa motse. (1) Choir A would sing verse 7. (1) Setlhopa sa A se ne se opela 7 (2) Choir B would sing the first part of verse 8. (2) Setlhopa sa B se opela karolo ya ntlha ya temana 8. (3) Choir A would sing the second part of verse 8. (3) Setlhopa sa A se tla opela karolo ya bobedi ya temana ya 8. (4) Choir A would sing verse 9. (4) Setlhopa sa A se tla opela temana ya 9. (5) Choir B would sing the first part of verse 10. (5) Setlhopa sa B se tla opela karolo ya ntlha ya temana ya 10. (6) Choir A would sing the second part of verse 10. (6) Setlhopa sa B se tla opela karolo ya bobedi ya temana ya 10. c. Certain Psalms were sung at the morning service in the Temple worship each day of the week: c. Dipesalome tse dingwe di ne di opelwa mo tshebeletsong ya mo mesong mo Tempeleng letsatsi le lengwe le le lengwe la beke: (1) On Monday the choir sang Psalm 48. (1) Ka Mosupologo Setlhopa se ne se opela Pesalome 48. (2) Tuesday, Psalm 82 (2) Labobedi, Pesalome 82 (3) Wednesday, Psalm 94 (3) Laboraro, Pesalome 94 (4) Thursday, Psalm 81 (4) Labone, Pesalome 81 (5) Friday, Psalm 93 (5) Labotlhano, Pesalome 93 (6) Saturday, Psalm 92 (6) Lamatlhatso, Pesalome 92 (7) Sunday, Psalm 24 (7) Ka la Tshipi/ Sontaga, Pesalome 24 Messianic passages: Ditemana tsa ga Messia: Verses 7-10: "Lift up your heads, O ye gates; and be ye lift up, ye everlasting doors; and the King of glory shall come in. Who is this King of glory? The Lord strong and mighty, the Lord mighty in battle. Lift up your heads, O ye gates; even lift them up, ye everlasting doors; and the King of glory shall come in. Who is this King of glory? The Lord of hosts, he is the King of glory." (Although these verses are not directly quoted in the New Testament, they are nevertheless generally spoken of in Acts 2:32, 33.) Ditemana 7-10: “Lona dikgoro, tsholetsang ditlhogo, lona mejako ya bogologolo tala itsholetseng, gore Kgosi ya Kgalalelo e tsene. Mme Kgosi ya Kgalalelo ke mang? Ke Morena yo o thata, yo o bonatla, Morena senatla mo tlhabanong. Lona dikgoro, tsholetsang ditlhogo, ee itsholetseng lona mejako ya bosakhutleng, gore Kgosi ya kgalalelo e tsene. Mme Kgosi ya kgalalelo ke mang? Ke Morena wa Masomosomo, ke ena Kgosi ya kgalalelo” (Le fa ditemana tse di sa nopolwa mo Testamenteng e Ntshwa, mme go bilwe ka ga tsona ka bophara mo Ditiro 2:32, 33) 7. Psalm 31: Predicts the Savior's thoughts and words on the cross. 7. Pesalome 31: E bolelela pele ka dikakanyo le mafoko a Mopholosi mo sefapanong. Messianic passage: Temana ka ga Messia: Verse 5: "Into thine hand I commit my spirit" (This was directly said by Jesus just prior to his death on Calvary in Lk. 23:46.) The Apostle Paul would later refer to verse 19 of this Psalm in 1 Corinthians 2:9. Temana 5: “Ke neela mowa wa me mo seatleng sa gago” (Se se ne se buiwa ke Jesu pele a swa mo sefapanong mo Luke 23:46). Moapostola Poulo o tla buela mo temaneng ya 19 mo Pesalomeng e mo 1 Bakorinthe 2:9. 8. Psalm 40: Predicts the obedience of Christ while on this earth. 8. Pesalome 40: E bolelela pele boikokobetso jwa ga Kresete fa a le mo lefatsheng. Messianic passage: Temana ka ga Messia: Verse 6: "Sacrifice and offerings thou didst not desire: mine ears hast thou opened ... " (Quoted in Heb. 10:5, 6.) Temana 6: “Ga o kgatlhwe ke setlhabelo le tshupelo; o nthibolotse ditsebe …” (E nopotswe le mo Baheb. 10:5, 6) Verse 7: "Then said I, Lo, I come: in the volume of the book it is written of me" (Quoted in Heb. 10:7.) Temana 7: “Foo ke ne ka re: Boba ke e tla, go kwadilwe ka ga me mo lokwalong” (e nopotswe mo Baheb. 10:7). 9. Psalm 41: Predicts the betrayal of the Savior by Judas. 9. Pesalome 41: E bolelela pelo go rekisiwa ga Mopholosi ke Jutase This is the first of three Psalms which speak of that. The others are Psalms 55 and 109. E ke nngwe ya Dipessalome tse tharo tse di buang ka ga se. Tse dingwe ke Pesalome 55 le 109. Messianic passage: Temana ka ga Messia: Verse 9: "Yea, mine own familiar friend, in whom I trusted, which did eat of my bread, hath lifted up his heel against me." (A reference to Judas. See Jn. 13:18.) Temana 9: “Tota le monna yo ke tsalanyeng nae, yo ke mo ikantseng, yo o jang dijo tsa me, o ntsholeleditse serethe” (E buela mo go Jutase, Joh. 13:18) 10. Psalm 45: Predicts the beauty and marriage of Christ. 10. Pesalome 45: E bolelela pele bontle le lenyalo la ga Kresete. This Psalm was probably written for Solomon's marriage to the King of Egypt's daughter (1 Ki. 3:1), but we can see also in it the marriage of Christ described in Revelation 19:7-9. The Psalm is in two parts: Pesalome e e ne e kwalwa ka lenyalo la ga Solomone fa a nyalela Kgosi ya Egepeto morwadie (1 Dikg. 3:1), re ka bona gape mo go yona lenyalo la ga Kresete le le tlhalositsweng mo Tshenolo 19:7- 9. Pesalome e, e na le dikarolo tse pedi: a. Part one: The characteristics of the Bridegroom (1-8a). a. Karolo ya ntlha: Tlhago ya monyadi (1-8a). (1) He is the fairest of all. (1) O lebega ka go fetisisa. (2) His words are filled with grace. (2) Mafoko a gagwe a tletse ka bopelotlhomogi. (3) He enjoys the fullest possible blessings of God. (3) O itumelela botlalo jwa ditshegofatso tsa Modimo. (4) He is a defender of truth, humility, and justice. (4) Ke mosireletsi wa nnete, botho, le tshiamo. (5) He defeats all his enemies. (5) O fenya baba botlhe ba gagwe. (6) His throne will exist forever. (6) Terone ya gagwe e tla nna ka bosakhutleng. (7) Justice is his royal scepter. (7) Tshiamo ke thobane ya bogosi jwa gagwe. (8) He loves the good and hates the wrong. (8) O rata tshiamo mme o tlhoile bosula. (9) His robes are perfumed with myrrh, aloes, and cassia. (9) Seaparo sa gagwe se tloditswe ka mera, mokgwapa le mookana fela. b. Part two: The privileges of the Bride (8b-17). b. Karolo ya bobedi: Menyetla ya monyadiwa (9b-17). (1) She will live in an ivory palace filled with lovely music. (1) O tla nna mo ntlong ya borena ya dinaka tsa tlou le mmino oo monate. (2) She will be fitted with the finest of clothing and most costly jewelry. (2) O tla kgaba ka mekgabo e mentlentle le matsogo a gagwe a kgabile ka gauta. (3) She will be loved throughout all eternity by her Bridegroom. (3) O tla ratiwa ke monyadi wa gagwe ka bosakhutleng. Messianic passage: Temana ka ga Messia: Verse 6: "Thy throne, O God, is for ever and ever: The sceptre of thy kingdom is a right sceptre " (Quoted in Heb. 1:8.) Temana 6: “Sedulo sa bogosi sa gago, Modimo, ke sa ka gale le sa bosakhutleng. Thobane ya bogosi jwa gago ke thobane ya tshiamo” (E nopotswe mo Baheb. 1:8). Verse 7: "Thou lovest righteousness, and hatest wickedness: therefore God, thy God, hath anointed thee with the oil of gladness above thy fellows." (Quoted in Heb. 1:9.) Temana 7: “O rata tshiamo mme tshiamololo o e tlhoile: ke ka gona ka moo Modimo, Modimo wa gago o go tloditseng lookwane lwa boitumelo go gaisa balekane ba gago” (E nopotswe mo Baheb. 1:9) 11. Psalm 68: Predicts the glorious victory of Christ and his triumphal entry into heaven. 11. Pesalome 68: E bolelela pele phenyo e galalelang ya ga Kresete le go tsena ga gagwe kwa legodimong. Messianic passage: Temana ka ga Messia: Verse 18: "Thou hast ascended on high, thou hast led captivity captive: Thou hast received gifts for men " (Quoted in Eph. 4:8.) Temana 18: “O tlhatlogetse kwa godimo wa thopa batshwarwi, wa amogela dineo mo bathong” (E nopotswe Baef. 4:8). In Luke 16:19-31 the Savior relates the account of a poor believer who died and went to the saved section. Many believe that all this changed after Christ made full payment for the believer's sins on the Cross. During the time of his death and resurrection our Lord descended into Hades, and led a triumphal entry into heaven with all the saved up to that time. Ephesians 4:8-10 is offered as proof of this. In his book, Revelation, the late Dr. Barnhouse writes: Mo Luke 16:19-31 Mopholosi o bua ka tuelo e e neng e le ya mohumanegi yo o neng a na le tumelo a ileng a swa mme a ya go nna mo tulong e e bolokesegileng. Bontsi bo dumela gore phetogo e e ile ya nna teng morago ga gore Kresete a duele tlhwatlhwa ya boleo kwa sefapanong. Ka nako ya loso le tsogo ya gagwe Morena wa rona o ile a fologela kwa bobipong, a tlhatlogela kwa legodimong ka phenyo e kgolo le botlhe ba ba bolokilweng ka nako eo. Baefeso 4:8-10 e neelana ka tshupo ya se. Mo bukeng ya Tshenolo, moswi Dr. Barnhouse o kwadile: "When He ascended on High (Eph. 4:8) He emptied Hell of Paradise and took it straight to the presence of God. Captivity was taken captive ... from that moment onward there was to be no separation for those who believe in Christ. The gates of Hell would never more prevail against any believer." (See Mt. 16:18.) “Fa a tlhatlogela kwa bogodimong (Baef. 4:8) O ile a tsaya Paradiese a e tseela kwa bolengteng jwa Modimo. Batshwarwa ba isiwa botshwarong … go tloga ka nako eo go ya pele ga go kitla go nna le kgaoganyo ya ba ba dumelang mo go Kresete. Dikgoro tsa felo ga baswi ga di kitla di fenya modumedi ope” (Math. 16:18) 12. Psalm 69: Predicts the zeal and sufferings of Christ. 12. Pesalome 69: E bolelela pele ka tlhoafalo le dipogo tsa ga Kresete. Messianic passages: Ditemana ka ga Messia: Verse 9: "For the zeal of thine house hath eaten me up." (Quoted in Jn. 2:17.) Temana 9: “Gonne go tlhoafalela ntlo ya gago go njele” (e nopotswe mo Joh. 2:17) Verse 21: "They gave me also gall for my meat; and in my thirst they gave me vinegar to drink " (Fulfilled in Mt. 27:34, 48.) Temana 21: “Ba nneile santlhokwe go nna sejo sa me, mme erile ke nyorilwe ba nnosa motatsa” (E dirafaditswe mo Math. 27:34, 48) 13. Psalm 72: Predicts the millennial reign of Christ. 13. Pesalome 72: E bolelela pele puso ya dingwaga di le sekete ya ga Kresete. It describes the glorious millennial reign of David's greater Son, the Lord Jesus Christ. E tlhalosa ka puso e e galalelang ya dingwaga di le sekete ya Morwa o mogolo wa ga Dafita, e leng Morena Jesu Kresete. Note the following about his reign: Ela tlhoko tse di latelang ka ga puso ya gagwe: a. The poor will receive righteousness (v. 2). a. Bahumanegi ba tla amogela tshiamo (v. 2) b. The mountains and hills will flourish (v. 3). b. Dithaba le dithota di tla gola (v. 3) c. All oppressors will be crushed (v. 4). c. Bagateledi botlhe ba tla thubaganngwa (v. 4). d. His rule will be as gentle and fruitful as the springtime rains upon the grass (v. 6). d. Puso ya gagwe e tla nna bonolo le go unngwa jaaka pula ya dikgakologo e nela mo godimo ga tlhaga (v. 6). e. All good men will prosper exceedingly (v. 7). e. Batho botlhe ba ba siameng ba tla tswelela pele ka go fetisisa. (v. 7). f. His reign will extend to the ends of the earth (v. 8). f. Puso ya gagwe e tla namela le kwa bokhutlong jwa lefatshe (v. 8). g. All nations will give him gifts and serve him (vs. 10, 11). g. Ditshaba tsotlhe di tla mo naya dimpho le go mo direla (vs. 10, 11). h. All peoples will bless and praise him (v. 15). h. Batho botlhe ba tla mo tshegofatsa le go mo rorisa (v. 15). i. His name will be honored and will continue forever (v. 17). i. Leina la gagwe le tla tlotliwa le go ya bosakhutleng (v. 17). Messianic passage: Temana ka ga Messia: Verse 8: "He shall have dominion also from sea to sea, and from the river unto the ends of the earth." (Referred to by John in Rev. 11:15.) Temana 8: “O tla busa go tswa lewatleng go ya go le lengwe, le go tswa nokeng go ya mafelelong a lefatshe.” (E netefaditswe ke Johane mo Tshenolo 11:15) 14. Psalm 89: Predicts the unchanging faithfulness of God upon David's dynasty through Christ, in spite of continued disobedience within that dynasty. 14. Pesalome 89: E bolelela pele ka ga botshepegi jo bo sa fetogeng jwa Modimo ka losika lwa ga Dafita ka Kresete, go sa lebelelwe go sa ikokobetse mo gareng ga losika. This Psalm was written by Ethan the Ezrahite, who was a noted wise man during Solomon's reign (1 Ki. 4:31). This Psalm may express the thoughts of Solomon during his latter years when, because of his sin, he underwent hard times. (See 1 Ki. 11.) Pesalome e e ne e kwalwa ke Ethane, oora Esera, yo e ne e le monna yo o neng a etswe tlhoko ka ntlha ya botlhale ka nako ya go busa ga Solomone (1 Dikg. 4:31). Pesalome e e kwadilwe ka maikutlo a ga Solomone mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo, ka ntlha ya boleo, fa go ne go le thata. (1 Dikg. 11) Messianic passage: Temana ka ga Messia: Verse 27: "Also I will make him my firstborn, higher than the kings of the earth " (Referred to by Paul in Phil. 2:9-11.) Temana 28: “Le gona ke tla mo dira motsalwapele, le yo mogolo mo dikgosing tsa lefatshe” (E buile ke Poulo mo Bafil. 2:9-11) 15. Psalm 102: Predicts the eternality of Christ. 15. Pesalome 102: E bolelela pele ka bosafeleng jwa ga Kresete. This Psalm was written in the last years of the Babylonian exile, and its design was to encourage the Jews to return and rebuild Jerusalem. It also refers to the second coming of Jerusalem's great King.(See v. 16.) Pesalome e e kwadilwe mo dingwageng tsa bofelo tsa Botshwarwa jwa kw Babelona, e ne e rotloeletsa Bajuta go boela Jerusalema go aga gape lebota. E buela gape mo go tleng ga bobedi ga Kgosi e kgolo ya Jerusalema. (v. 16). Messianic passage: Ditemana ka ga Messia: Verses 25-27: "Of old hast thou laid the foundation of the earth: and the heavens are the work of thy hands. They shall perish, but thou shalt endure: yea, all of them shall wax old like a garment; as a vesture shalt thou change them, and they shall be changed: But thou art the same, and thy years shall have no end." (Quoted in Heb. 1:10-12.) Ditemana 25-27: “O sale o thaya lefatshe bogologolo; wa dira magodimo ka diatla tsa gago. Tseo di tla nyelela, mme wena o tla sala; di tla onala tsotlhe jaaka seaparo, o tla di ananya jaaka kobo, mme di tla nyelela. Mme wena o sale ena, dinyaga tsa gago ga di nke di fela” (e nopotswe le mo Baheb. 1:10-12). 16. Psalm 109: Predicts the betrayal of Judas and his punishment. 16. Pesalome 109: E bolelela pele ka thekiso ya ga Jutase le katlholo ya gagwe. Messianic passage: Temana ka ga Messia: Verse 8 "Let his days be few; and let another take his office." (Quoted by Peter in Acts 1:20.) Temana 8: “A malatsi a gagwe a ngotlege, tirelo ya gagwe e tsewe ke yo mongwe” (e nopotswe ke Petoro mo Ditiro 1:20) 17. Psalm 110: Predicts the eternal priesthood of Christ. 17. Pesalome 110: E bolelela pele ka bporesiti jo bo sa feleng jwa ga Kresete. a. Note the fivefold description of Christ in this Psalm. a. Ele tlhoko ditlhaloso tse tlhano ka ga Kresete mo Pesalomeng e. (1) He is God (v. 1). (1) Ke Modimo (v. 1). (2) He is King (v. 2). (2) Ke Kgosi (v. 2). (3) He is a Priest (v. 4). (3) Ke Moperesiti (v. 4). (4) He is a Judge (v. 6). (4) Ke Moatlhodi (v. 6). (5) He is a mighty Warrior (v. 6). (5) Ke Motlhabani yo Mogolo (v. 6). b. Note the twofold description of Christ's people in this Psalm. b. Ela tlhoko ditlhaloso tsa batho ba ga Kresete mo Pesalomeng e. (1) They are priests: "Thy people shall be willing" (literally, "They shall offer up freely offerings;" v. 3). Compare with Rev. 1:6.) (1) Ke baperesiti: “Ba tla tla ka bopelotshweu” (“Ba tla dira ditlhabelo ntle le tefo epe; v. 3) (E bapise le Tsh. 1:6). (2) They are soldiers: "In the day of thy power" (literally "Thy army;" v. 3). (Compare with Eph. 6:11). (2) Ke batlhabani: “Mophato wa makau o tla tla go wena” (“Mophato wa gago” v. 3) (E bapise le Baef. 6:11). Messianic passages: Temana ka ga Messia: Verse 1: "The Lord said unto my Lord, Sit thou at my right hand, until I make thine enemies thy footstool." Temana 1: “Morena o ne a raya Morena wa me a re: dula fa letsogong la me le le jang go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.” This verse is quoted more times in the New Testament than any other Old Testament verse. Temana e e dirisitswe thata mo Testamenteng e Ntshwa go gaisa ditemana tsotlhe tsa Testamente e Kgologolo. On at least four occasions it is repeated. E boeleditswe mo makgetlong a le mane. (1) In Matthew 22:41-46 (to point out the deity of Christ). (1) Mo Matheo 22:41-46 (go supa tiro ya ga Kresete). (2) In Acts 2:34, 35 (to point out the identity of Christ). (2) Mo Ditiro 2:34, 35 (go supa botho jwa ga Kresete). (3) In Hebrews 1:13 (as a question, to point out the superiority of Christ). (3) Mo Bahebera 1:13 (jaaka potso, go supa bogolo jwa ga Kresete). (4) In Hebrews 10:12, 13 (to point out the finished work of Christ). (4) Mo Bahebera 10:12, 13 (go supa tiro e e weditsweng ke Kresete). Verse 4: "The Lord hath sworn, and will not repent, Thou art a priest forever after the order of Melchizedek." Temana 4: “Morena o ikanne, mme ga a kitla a dirolola ikano a re: O Moperesiti ka bosakhutleng ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke.” This verse is found three times in the New Testament, and all three deal with his high priesthood. Temana e e bonwa ga ne mo Testamenteng e Ntshwa, e bile e bua ka boperesiti. (1) In Hebrews 5:6 (to give the qualifications of this High Priesthood after the order of Melchizedek). (1) Mo Bahebere 5:6 (go neelwa boperesiti ka fa mokgweng wa ga Melegi-Seteke). (2) In Hebrews 6:20 (to give the immuta-bility of this High Priesthood). (2) Mo Bahebere 6:20 (o diregile Moperesiti yo Mogolo ka ntlha ya rona) (3) In Hebrews 7:21 (to give the necessity for the High Priesthood). (3) Mo Bahebera 7:21 (go neelana ka ditlhokego tsa Boperesiti jo Bogolo). 18. Psalm 118: Predicts Christ to be the vital stone in God's building, rejected by men but chosen by the Lord. 18. Pesalome 118: E bolelela pele gore Kresete e tla nna ene letlapa le le botlhokwa la kago ya Modimo, le le nyaditsweng ke baagi la itlhopelwa ke Morena. This Psalm, often used during the Feast of Tabernacles, may have been sung by the Savior en route to Gethsemane. Pesalome e e ne e opelwa ka Meletlo ya Diteberenakele, ka gongwe e ne e opelwa ke Kresete fa a ne a ya kwa Getsemane. Messianic passages: Ditemana ka ga Messia: Verse 22: "The stone which the builders refused is become the headstone of the corner." Temana 22: “Lentswe le le latlhilweng ke baagi, le diregile letlapa la sekhutlo.” This "Supreme Stone of the Scriptures" is referred to in many Old Testament and New Testament passages. “Letlapa le Legolo le la Dikwalo” le buela mo Ditemaneng tse dintsi tsa Testamente e Kgologolo le e Ntshwa. a. It is the cornerstone (Mt. 21:42; Eph. 2:20). a. ke letlapa la sekhutlo (Math. 21:42; Baef. 2:20). b. It is the headstone (Zech. 4:7; Acts 4:11). b. letlapa la tlhogo (Sag. 4:7; Ditiro 4:11). c. It is the smitten stone (1 Cor. 10:4). c. Ke letlapa le le itayang (1 Bak. 10:4). d. It is the stumbling stone (1 Cor. 1:23). d. Ke letlapa le le kgopang (1 Bak. 1:23). e. It is the crushing stone (Dan. 2:34). e. Ke letlapa le le thubang (Dan. 2:34). f. It is the living, chosen, and precious stone (1 Pet. 2:4-7). f. Ke letlapa le le tshelang, le le tlhopilweng e bile le le botlhokwa (1 Pet. 4:4-7). Verse 26: "Blessed be he that cometh in the name of the Lord." (Quoted by the triumphal entry crowd in Mt. 21:9.) Temana 26: “A go bakwe yo o tlang mo leineng la Morena.” (E builwe ke batho ka mokgosi wa phenyo mo Math. 21:9) In concluding this section, here are a few suggested names and titles for some of the Psalms. Mo pheleletsong ya karolo e, go na le ditshitshinyo di se kae tsa maina le ditlhogo tsa Dipesalome dingwe. 1. Psalm of the Godly Man (1) 1. Pesalome ya motho yo o tletseng Bomodimo (1) 2. Psalms of Creation (8, 104) 2. Pesalome ya Tlhago (8, 104) 3. The Good Shepherd Psalm (22) 3. Pesalome ya Modisa yo o Molemo (22) 4. The Great Shepherd Psalm (23) 4. Pesalome ya Modisa yo Mogolo (23) 5. The Chief Shepherd Psalm (24) 5. Pesalome ya Kgosikgolo ya Modisa (24) 6. The Unity Psalm (133) 6. Pesalome ya Kopano (133) 7. Psalms of Jerusalem (48, 122, 126, 132, 137) 7. Pesalome ya Jerusalema (48, 122, 126, 132, 137) 8. Family Psalms (127, 128) 8. Pesalome ya Lelapa (127, 128) 9. The Security Psalm (121) 9. Pesalome ya Motlhokomedi (121) 10. Psalm of the Only True God (115) 10. Pesalome ya Modimo a le Mongwe wa Nnete (115) 11. Psalm of the Exodus (114) 11. Pesalome ya Ekesoda (114) 12. Psalm of Refuge (46) 12. Pesalome ya Botshabelo (46) 13. The Ladder of Faith Psalm (37) 13. Pesalome ya Sepalamo sa Tumelo (37) 14. Psalms of Supreme Praise (103, 148, 150) 14. Pesalome ya Thoriso e Kgolo (103, 148, 150) 15. The Psalm of Old Age (71) 15. Pesalome ya Botsofe (71) 16. The Old One Hundredth Psalm (100) 16. Pesalome e Kgologolo ya Lekgolo (100) 17. The Psalm of Death (90) 17. Pesalome ya loso (90) 18. The Psalm of Life (91) 18. Pesalome ya Bophelo (91) 19. The Deliverance Psalms (31, 116) 19. Pesalome ya Kgololo (31, 116) 20. The House of God Psalm (84) 20. Pesalome ya Ntlo ya Modimo (84) 21. The Wealth of God Psalm (50) 21. Pesalome ya Dikhumo tsa Modimo (50) 22. The Word of God Psalms (19, 119) 22. Pesalome ya Lefoko la Modimo (19. 119) 23. The Voice of God Psalm (29) 23. Pesalome ya Lentswe la Modimo (29) 24. The Mercy of God Psalm (136) 24. Pesalome ya mautlwelo-botlhoko a Modimo (136) 25. The Goodness of God Psalms (27, 107) 25. Pesalome ya Tshiamo ya Modimo (27, 107) 26. The Omniscience and Omnipresence of God Psalm (139) 26. Pesalome ya Tlhago le Bolengteng jwa Modimo (139) 27. The Omnipotence of God Psalm (147) 27. Pesalome ya Bogolo jwa Modimo (147) 28. The Psalm of the Davidic Covenant (89) 28. Pesalome ya Kgolagano ya ga Dafita (89) 29. The History of Israel Psalms (78, 105, 106) 29. Pesalome ya Ditiragalo tsa Iseraele (78, 105, 106) 30. The Psalms of the "Why?" (42, 73) 30. Pesalome ya “Goreng?” (42, 73) 31. Psalms of Deepest Despair (69, 88) 31. Pesalome ya go Felelwa ke Tsholofelo (69, 88) II. THE BOOK OF PROVERBS. II. BUKA YA DIANE. Introduction: Ketapele: A. A proverb is a short sentence drawn from long experience. A. Seane ke mola o mokhutshwane go tswa mo boitemogelong jo boleele. B. There are several authors of the Book of Proverbs. B. Go na le bakwadi ba le mmalwa ba Buka ya Diane. 1. Solomon (1-24). We are told in 1 Kings 4:32 that he wrote three thousand proverbs and composed over one thousand songs (Psalms). Chapters 1-24 contain only a small part of his proverbs. 1. Solomone (1-24). Re itsesiwe mo 1 Dikgosi 4:32 gore o ile a kwala diane di le sekete le go tlhama difela di feta sekete (Dipesalome). Dikgaolo tsa 1-24 di na le karolo e le nnye fela ya diane tsa gagwe. 2. the men of Hezekiah (25-29) 2. banna ba ga Hesekia (25-29) 3. Agur (30) 3. Agure (30) 4. Lemuel (31) 4. Lemuele (31) C. The book tells a story. It is a picture of a young man starting out in life. His first lesson is given in 1:7. There are two roads in life. One is of wisdom, and the other for fools. C. Buka e e bua ka kgang. Ke setshwantsho ka ga lekau le le simololang botshelo. Thuto ya gagwe re e neetswe mo 1:7. Go na le ditsela di le pedi mo botshelong. E nngwe ke ya Matlhale mme e nngwe ke ya Masilo. D. The key word of Proverbs is wisdom. D. Ntlhakgolo ya Diane ke ka ga botlhale. 1. Wisdom will protect her students (2:8). 1. Botlhale bo tla sireletsa moithuti wa bona (2:8) 2. Wisdom will direct her students (3:5, 6). 2. Botlhale bo tla kaela moithuti wa jona (3:5, 6) 3. Wisdom will perfect her students (4:18). 3. Botlhale bo tla dira baithuti ba bona botlalo (4:18). E. There are several classic passages in this book. E. Go na le mephato e se kae ya ditemana mo bukeng e. 1. the warnings of wisdom (1:20-31) 1. tsiboso ka ga botlhale (1:20-31) 2. the rewards of wisdom (3:5, 6) 2. tuelo ya botlhale (3:5, 6) 3. the energy of wisdom (6:6-11) 3. matlhagatlhaga a botlhale (6:6-11) 4. the godless whore (7:1-27) 4. go sa apareng bomodimo (7:1-27) 5. the godly wife (31:10-31) 5. mosadi wa boModimo (31:10-31) 6. the sovereign Savior (8:22-31) 6. Mopholosi yo mogolo (8:22-31) 7. fifteen famous facts (30:18-31) 7. Dintlha tse 15 tse di botlhokwa tse di itsegeng (30:18-31) 8. the riotous rebel (30:11-14) 8. boferefere jwa borabele (30:11-14) F. Proverbs is the Old Testament equivalent of the epistle of James. F. Diane ke Testamente e Kgologolo e e lekanang le thuto ya ga Jakobe. At least eleven main subjects are discussed. Dithuto di le some nngwe di sekasekilwe fa. 1. A good name: 1. Leina le le siameng: a. "The memory of the just is blessed: but the name of the wicked shall rot" (10:7). a. “Go gakologelwa mosiami go tshegofatsa matlho, mme leina la moikepi le a nyelela” (10:7). b "A good name is rather to be chosen than great riches, and loving favour rather than silver and gold" (22:1). b. “Leina le le molemo le phala khumo e kgolo, go ratwa go gaisa selefera le gauta” (22:1). 2. Youth and discipline: 2. Bosha le kgalemelo: a. A man with a level headed son is happy, but a rebel's mother is sad (10:1; 17:21, 25; 19:13). a. Ngwana yo o botlhale o itumedisa rragwe, mme ngwana yo o bosilo o hutsafatsa mmagwe (10:1; 17:21, 25; 19:13). b. A wise youth will listen to his father but a young mocker won't (13:1). b. Ngwana yo o botlhale o laiwa ke rragwe, mme mosotli ga a rate kgalemelo (13:1). c. "He that spareth his rod hateth his son: but he that loveth him chasteneth him betimes" (13:24). c. “Yo o rekegelang thupa o tlhoile morwawe, mme yo o mo ratang o a tle a mo otle” (13:24). d. "Chasten thy son while there is hope, and let not thy soul spare for his cry-ing" (19:18). d. “Otla morwao tsholofelo ya tlhabologo e ntse e le teng, mme o se ke wa mo neela mo go bolaweng.” (19:18). e. "Train up a child in the way he should go: and when he is old, he will not de-part from it" (22:6). e. “Tlwaetsa mosimane tsamao e e mo tshwanetseng, foo ga a kitla a fapoga mo go yona le fa a tsofetse” (22:6). f. "Foolishness is bound in the heart of a child; but the rod of correction shall drive it far from him" (22:15; 29:15, 17). f. “Fa bosilo bo palelela mo pelong ya mosimane, thupa ya kotlo e tla bo ntsha mo go ena” (22:15; 29:15, 17). g. "Withhold not correction from the child: for if thou beatest him with the rod, he shall not die. Thou shalt beat him with the rod, and shalt deliver his soul from hell" (23:13, 14). g. “Se tlhokise mosimane kotlo, fa o mo itaya ka thupa ga a kitla a swa. Ka go mo itaya ka thupa, o faposa bophelo jwa gagwe mo felong ga baswi” (23:13, 14). h. See 23:15-25. h. Leba 23:15-25. i. See 30:11-14. i. Leba 30:11-14. 3. Business matters: 3. Merero ya Kgwebo: a. God hates a dishonest scale and de-lights in honesty. (11:1; 16:11; 20:10, 23) a. Selekanyetso sa tsietso ke maila mo Moreneng, mme seelo se se lekanyeng se a mo kgatlha. (11:1; 16:11; 20:10, 23) b. Don't sign a note for someone you barely know (6:1-5; 11:15; 17:18). b. O seka wa ipofa ka molato wa mong ka wena (6:1-5; 11:15; 17:18). c. Don't withhold repayment of your debts (3:27). c. Se time ba ba tshwanetsweng ke tse di molemo, fa go le mo thateng ya gago go ba thusa (3:27). d. God will not let a good man starve to death (10:3). d. Morena ga a bolaise mosiami tlala (10:3). e. Lazy men are soon poor; hard workers have an abundant supply (10:4; 22:29). e. Seatla sa motlapa se a humanegisa, mme diatla tsa ba ba tlaga di a humisa (10:4; 22:29). f. A lazy fellow is a pain to his employer, like smoke in his eyes or vinegar that sets the teeth on edge (10:26). f. Tse botlha bo di dirang mo menong, tse musi o di dirang mo matlhong, ke tse motlapa o di direlang ba ba mo romileng (10:26). g. He that trusts in his riches shall fall (11:28). g. Yo o ikanyang khumo ya gagwe o tla tlhotlhorega (11:28). h. It is wrong to accept a bribe to twist justice (17:23). h. Moikepi o amogela neo e e faposang sephiring go sokamisa ditselana tsa tshiamo (11:28). i. Develop your business first before building your house (24:29). i. Baakanya merero ya gago pele, pele o aga ntlo ya gago (24:29) j. "Riches can disappear fast. And the king's crown doesn't stay in his family forever. So watch your business interests closely. Know how your flocks and your herds are; then there will be lamb's wool enough for clothing, and goat's milk enough for food for all your household after the hay is harvested, and the new crop appears, and the mountain grasses are gathered in" (27:23-27, The Living Bible). j. “Gonne khumo ga se ya bosakhutleng; a kampo serwalo sa bogosi ke sa ditshika tsotlhe? E tla re fa bojang bo segilwe, fa go bonala botala jo bonaana, fa merogo ya dithaba e phutilwe, o bo o na le dikwana tse di go apesang, o ka reka tshimo ka diphelehu. Maswi a dipodi a tla bo a lekane go go jesa le ba lapa la gago le go phedisa malata a gago” (27:23-27) 4. Marriage: 4. Lenyalo: a. Drink waters out of your own cistern (5:15). a. Nwaa metsi a sediba sa gago (5:15). b. Rejoice with the wife of your youth (5:18). b. O itumelele mosadi wa bosha jwa gago (5:18). c. A beautiful woman lacking modesty is like a fine gold ring in a pig's snout (nose) (11:22). c. Mosadi yo montle yo o senang maitseo, o tshwana le lenyena la gauta mo nkong ya kolobe (11:22) d. He that troubles his own house shall inherit the wind (11:29). d. Yo o dubakanyang ntlo ya gagwe o tla rua phefo (11:29). e. A virtuous woman is a crown to her husband: but she that makes ashamed is as rottenness in his bones (12:4). e. Mosadi yo o maatlametlo ke serwalo sa monna wa gagwe, mme yo o tlhabisang ditlhong o tshwana le go tlhotlhona ga marapo a gagwe. (12:4). f. Every wise woman builds her house; but the foolish one plucks it down with her hands (14:1; 19:13). f. Mma-botlhale o aga ntlo ya gagwe, mme mmabosilo o e rutla ka diatla tsa gagwe (14:1; 19:13). g. Whoever finds a wife finds a good thing, and obtains favor of the Lord (18:22). g. Yo o bonyeng mosadi o bonye se se molemo, o filwe letlhogonolo mo Moreneng (18:22). h. It is better to dwell in a corner of the housetop, than with a arguing woman in a wide house (21:9; 25:24). h. Go nna mo sekhutlong mo godimo ga ntlo go phala go nna mo ntlong mmogo le mosadi yo o omanang (21:9; 25:24). i. It is better to dwell in the wilderness, than with a contentious and angry woman (21:19). i. Go botoka go nna mo lefatsheng le le sekaka bogolo le go nna le mosadi yo o omanang le yo o ngngoregang ka metlha (21:19). j. Who can find a virtuous woman? j. Ke mang yo o tla bonang mosadi yo o maatlametlo? Note: The most detailed answer to this question is given in the Last chapter of Proverbs (31). Ela tlhoko: Karabo e e maleba ya potso e neetswe sentle mo kgaolong ya bofelo ya Diane (31). 5. Immorality: 5. Boitimokanyi: a. It means to ignore the law of God (2:17). a. Ke go ikgatolosa molao wa Modimo (2:17). b. It leads along the road to death and hell (2:18; 7:27; 9:18). b. Bo gogela kwa tseleng ya loso le bobipo (2:18; 7:27; 9:18). c. It corrupts the conscience (5:4). c. Bo tlhakatlhakanya tlhaloganyo (5:4). d. It causes one to cry out in pain and shame when disease consumes the body (5:11). d. Bo dira gore motho a lele mo botlhokong le mo ditlhong fa a lwala bolwetsi jo bo jang mmele wa gagwe (5:11). e. It leads to sorrow (5:12, 13). e. Bo gogela kwa bohutsaneng (5:12, 13). f. It will be judged by God (5:21). f. Bo tla atlholwa ke Modimo (5:21). g. It will bring a man to poverty (6:26). g. Bo tlisetsa motho tshotlego (6:26). h. It will burn the soul as surely as fire burns the skin (6:27, 32). h. Bo tla fisa mowa fela jaaka molelo o fisa mo letlalong (6:27, 32) i. It can be compared to (7:22, 23): i. Bo ka bapisiwa le (7:22, 23): (1) an ox going to the butcher (1) kgomo e e isiwang tlhabong (2) a trapped animal awaiting the death arrow (2) phologolo e e thaisitsweng e emetse lerumo la loso (3) a bird flying into a snare (3) nonyane e e fofelang mo seraing 6. Evil companions: 6. Ditsala tse di kgopo: a. Refuse them, for in attempting to trapothers they only trap themselves (1:10-19). a. Ba ganetse, fa ba leka go thaisa ba bangwe, ba ithaisa ka bo bone (1:10-10). b. Refuse them, for they eat the bread of wickedness and drink the wine of vio-lence (4:17). b. Ba latole/ gane, gonne ba ja bogobe jwa boikepo , ba nwa weine ya dikgatelelo. (4:17). c. Refuse them, for their kindness is a trick; they want to use you as their pawn (23:6-8). c. Ba latole/ gane, bomolemo jwa bona ke tsietso; ba rata go go dirisa jaaka sediriswa sa bona. (23:6-8). d. Refuse them, for a man's true character is reflected by the friends he chooses (27:19). d. Ba latole/ gane, sebopego sa motho se bonwa ka ditsala tse a di tlhopang. (27:19). 7. Wisdom: 7. Botlhale: a. The fear of God is its root (1:7; 9:10) a. Modi wa bona ke go boifa Modimo (1:7; 9:10) b. It will gain one many honors (1:9). b. Bo tlisetsa motho tlotlego e ntsi (1:9). c. It will keep one from immorality (2:16). c. Bo faposa motho mo boitemokanying (2:16). d. It will direct all one's paths (3:6). d. Bo tla kaela botlhe ditsela tsa bona (3:6). e. It will give one renewal, health, and vitality (3:8). e. Bo tlisetsa motho ntshwafatso, boitekanelo le matlhagatlhaga (3:8). f. It will (as one wisely tithes) fill one's barns with wheat and barley and overflow the wine vats with the finest wines (3:9, 10). f. Bo tla (yo o ntshang karolo ya lesome) tlatsa difalana tsa motho ka korong le garase mme le digatelo tsa gago di tla tshologa matute a weine (3:9, 10). g. It is better than silver, gold, and precious rubies (3:14; 8:11, 19). g. Bo phala selefera le gauta le dibaga tsa korele (3:14; 8:11,19) h. It gives a long life, riches, honor, pleasure, and peace (3:16, 17; 9:11). h. Bo naya bophelo jo boleele, khumo, tlotlo, boitumelo le kagiso (3:16, 17; 9:11). i. It was God's method in creation (3:19, 20). i. E ne e le sediriswa sa Modimo mo tlholegong (3:19, 20). j. It is the principal thing (4:7). j. Botlhale ke sediriswa se segolo (4:7). k. It should be loved like a sweetheart (7:4). k. Bo tshwanetse go ratiwa jaaka moratiwa (7:4). l. It brings the favor of God (8:35). l. Bo tlisa bopelotlhomogi jwa Modimo (8:35). 8. Self-control: 8. Boitshwaro: a. It is better to have self control than to capture a mighty city (16:32). a. Yo o itseng go itshwara o gaisa mothopi wa motse (16:32). b. An uncontrolled man often begins something he can't finish (25:8). b. Motho yo o senang boitshwaro ka gale o simolola tiro e a ka se e fetseng. (25:8). c. A man without self control is as defenseless as a city with broken down walls (25:28). c. Monna yo o sa itseng go itshwara ke motse o o phuntsweng lobota (25:28). 9. Strong drink: 9. Go nwa thata: a. It gives false courage and leads to fights (20:1). a. Go tlisa bopelokgale jwa kako le ntwa (20:1) b. It fills the heart with anguish and sorrow (23:29). b. go tlisa botlhoko le go sa iketleng mo pelong (23:29). c. It causes bloodshot eyes and many wounds (23:29). c. Go dira matlho leutu le dintho tse dintsi (23:29). d. It bites like a poisonous serpent and stings like an adder (23:32). d. Mme morago e loma jaaka noga, e go jwela ka botlhole jaaka kake (23:32). e. It leads to hallucinations (seeing things that are not real) (23:33). e. Go tlisa gore matlho a gago a bone dilo tse e seng tsona (23:32). f. It makes one say silly and stupid things (23:33). f. Go tlisa gore o bue dilo twe di sokameng (23:33). g. It causes one to stagger as he walks. (23:34). g. Go dira gore motho a theekele fa a tsamaya (23:34). h. It allows one to be beat up without even being aware of it (23:35). h. O re ba ntiteile, ga ke a utlwa botlhoko, ba nkotlile, ga ke a lemoga (23:35). i. It causes leaders to forget their duties and pervert justice (31:5). i. E re fa ba sena go nwa ba lebala molao, ba sokamisa tshiamelo ya babosegi botlhe (31:5) 10. Friendship: 10. Botsalano: a. A true friend is always loyal and helps in time of need (17:17). a. Tsala e nthata ka nako e nngwe le e nngwe, ke morwa rre yo o ntsaletsweng sebaka sa tlalelo (17:17). b. Wounds from a friend are better than kisses from an enemy (27:6). b. Dintho tse di ntshitsweng ke morati di a ikanyega, mme dikatlo tsa motlhoi di a aketsa (27:6). c. Never abandon a friend - either yours or your father's (27:10). c. Se tlogele tsala ya gago kgotsa ya ga rrago (27:10). d. Friendly suggestions are as pleasant as perfume (27:9). d. Monate wa tsala ya motho ke kgakololo ya tsala ya gagwe (27:9). e. A friendly discussion is as stimulating as the sparks that fly when iron strikes iron (27:17). e. Tshipi e loodiwa ka tshipi, motho le ena o betlwa ke o mongwe (27:17). f. A man who would have friends must himself be friendly (18:24). f. Motho yo o batlang go nna le ditsala o tshwanetse go nna le botsalano ka boena (18:24). g. A true friend sticks closer than a brother (18:24). g. Tsala ya nnete e go kgomarela bogolo go morwa rrago (18:24). 11. Words and the tongue: 11. Mafoko le loleme: a. The tongue of the just is as choice silver (10:20). a. Loleme la mosiami ke selefera e e tlhaotsweng (10:20). b. He that refrains from speaking is wise (10:19; 11:12). b. Mme yo o itshwarang molomo o siame (10:19; 11:12). c. The lips of the righteous feed many (10:21). c. Molomo wa mosiami o jesa ba bantsi (10:21). d. A hypocrite with his mouth destroys his neighbor (11:9). d. Yo o pelo-mpe o senya mong ka ene ka molomo (11:9). e. A talebearer reveals secrets; but one of a faithful spirit conceals the matter (11:13). e. Yo o senyang ba bangwe leina o bolela tsa sephiri; mme yo o moya o o ikanyegang o a di loba (11:13). f. Some speak like the piercings of a sword; but the tongue of the wise is health (12:18). f. Go na le ba ba buabuang mafoko a a tlhabang jaaka chaka; mme diteme tsa ba ba botlhale di a fodisa (12:18). g. He who keeps his mouth keeps his life; but he who opens wide his lips shall have destruction (13:3). g. Yo o disang molomo wa gagwe o ipolokela bophelo, mmalabadi o tla wela theregong (13:3). h. A true witness delivers souls (14:25). h. Mosupi wa nnete o pholosa maphelo (14:25). i. A soft answer turns away wrath; but grievous words stir up anger (15:1). i. Karabo e e bonolo e tima bogale, mme lefoko le le kgopisang le a galefisa (15:1). j. A wholesome tongue is a tree of life; but unreasonableness is a violation in the spirit (15:4). j. Bonolo jwa loleme ke setlhare sa bophelo, mme bolotsana jwa lona bo phatlola pelo (15:4). k. A word spoken in due season is good (15:23). k. Lefoko le le buiwang ka nako e e le lebaganyeng le molemo (15:23). l. The heart of the righteous studies to answer (15:28). l. Pelo ya mosiami e akanya dikarabo (15:28). m. Pleasant words are like a honeycomb: sweet to the soul, and health to the bones (16:24). m. Mafoko a a monate ke mafura a dinotshe, a natefela pelo, a alafa marapo (16:24). n. A forward man sows strife; and a whisperer separates chief friends (16:28; 17:9). n. Molotsana o lotlhanya batho, mosenyi leina o kgaoganya ditsala (16:28; 17:9). o. The beginning of strife is like letting out water. Leave off contention before it is meddled with (17:14). o. Yo o simololang kgang o tshwana le yo o thibololang metsi. Ka moo tlogela ntwa e ise e simologe (17:14). p. He who has knowledge spares (uses few words) his words (17:27). p. Yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso (17:27). q. The words of a talebearer are wounds (18:8). q. Mafoko a mosinyi leina a tshwana le dijo tse di mafura tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe (18:8). r. He who answers a matter before he hears it, it is folly and shame unto him (18:13). r. Fa motho a araba a ise a utlwe potso, ke bosilo le ditlhong mo go ena (18:13). s. Death and life are in the power of the tongue (18:21). s. Loso le bophelo di mo thateng ya loleme (18:21). t. He that speaks lies shall not escape (19:5). t. Yo o buang maaka ga a nke a falola (19:5). u. A word fitly spoken is like apples of gold in pictures of silver (25:11). u. Lefoko le le buiwang ka nako ya lona le tshwana le dinamune tse di mo mogopong wa gauta (25:11). v. By long forbearing is a prince persuaded, and a soft tongue breaks the (hard) bone (25:15). v. Kgosi e e bogale e kgonwa ka bopelotelele, loleme lo lo bonolo le roba marapo (25:15). w. He who passes by, and meddles with strife not belonging to him, is like one who takes a dog by the ears (26:17). w. Yo o itsenyang mo ntweng e e seng ya gagwe o tshwara ntshwa ka ditsebe (26:17). x. Where no wood is, there the fire goes out; so where there is no talebearer, strife ceases (26:20). x. Molelo o a tima fa dikgong di fedile, phaapang ya khutla fa go sena molotlhanyi (26:20). y. Let another man praise you, and not your own mouth (27:2). y. A yo mongwe a go tumise e seng molomo wa gago (27:2). PROVERBS ELEVEN TIMELY THEMES DITLHOGO TSE SOMENNGWE TSA DIANE A. A Good Name 10:7; 22:1 A. Leina le le molemo 10:7; 22:1 B. Youth and Discipline 13:24; 19:18; 22:6, 15; 23:13, 14 B. Bosha le kgalemelo 13:24; 19:18; 22:6, 15; 23:13, 14 C. Business Matters 11:1; 6:6-11; 10:4,26 C. Merero ya kgwebo 11:1; 6:6-11; 10:4, 26 D. Marriage 5:15, 18; 11:22, 29; 12:4; 14:1; 19:13; 21:9, 19; 31:10 D. Lenyalo 5:15, 18; 11:22, 29; 12:4; 14:1; 19:13; 21:9, 19; 31:10 E. Immorality 5:3-5; 6:24-32 E. Boitimokanyi 5:3-5; 6:24-32 F. Evil Companions 1:10-19; 4:17; 23:6-8; 27:19 F. Ditsala tse di Bosula 1:10-19; 4:17; 23:6-8; 27:19 G. Wisdom 3:13-18; 8:35 G. Botlhale 3:13-18; 8:35 H. Self-Control 16:32; 25:28 H. Boitshwaro 16:32; 25:28 I. Strong Drink 20:1; 23:29-32 I. Go nwa thata 20:1; 23:29-32 H. Friendship 17:17; 18:24; 26:6 H. Botsalano 17:17; 18:24; 26:6 I. Words and the Tongue 15:1, 23, 28; 16:24; 17:27; 18:21; 25:11; 26:17, 20:2 I. Mafoko le Loleme 15:1, 23, 28; 16:24; 17:27; 18:21; 25:11; 26:17; 20:2 Various groupings: Ditlhopa tse dingwe: A. Seven things that God hates (6:16-19): A. Dilo tse supa tse Modimo a di tlhoileng (6:16-19): 1. a proud look 1. Tebego ya boikgogomoso 2. a lying tongue 2. Loleme le le buang maaka 3. hands that shed innocent blood 3. Matsogo a a tshololang madi a a senang molato 4. a wicked, plotting heart 4. Pelo e e maswe e e tletseng bosula 5. eagerness to do wrong 5. go gakalela go dira bosula 6. a false witness 6. tshupo ya kako 7. sowing discord among brothers 7. go dira dikgaogano mo ditsaleng B. Four things which are never satisfied (30:15, 16): B. Dilo tse nne tse di sa kgotsofaleng (30:15, 16): 1. the grave 1. Lebitla 2. the barren womb 2. Popelo e e moopa 3. a barren desert 3. sekaka se se moopa 4. fire 4. molelo C. Four wonderful and mysterious things (30:18, 19): C. Dilo tse nne tse dintle le tse di gakgamatsang (30:18, 19): 1. how an eagle glides through the sky 1. ntsu e phunyeletsa jang maru 2. how a serpent crawls upon a rock 2. noga e tsamaya jang mo godimo ga matlapa 3. how a ship finds its way across the ocean 3. mokoro o bona jang tsela mo lewatleng 4. the growth of love between a man and a woman 4. go gola ga lorato magareng ga monna le mosadi D. Four things which the earth finds un-bearable (30:21-23): D. Dilo tse nne tse lefatshe le di bonang di sa amogelesege (30:21-23) 1. a slave who becomes a king 1. motlhanka yo e nnang kgosi 2. a fool when he is filled with meat 2. fa lesilo le na le dijo tse dintsi 3. a bitter woman when she finally marries 3. mosadi yo o bosula fa a feleletsa a nyetswe 4. a servant girl who marries her mistress' husband 4. morwadie motlhanka fa a nyalwa ke monna wa mong wagwe E. Four small but wise things (30:24-28): E. Dilo tse nne tse dinnye mme di le botlhale (30:24-28): 1. ants (They aren't strong, but store up food for the winter.) 1. Tshoswane (Ga di na thata mme di ikgobakanyetsa dijo tsa mariga). 2. cliff badgers (small little animals who protect themselves by living among the rocks) 2. dipela (ke morafe o o sa tiang, mme o ipoloka ka go ikagela matlo mo mafikeng) 3. the locust (Though they have no leader, they stay together in swarms.) 3. Tsie (ga di na kgosi mme segopa sotlhe sa yona se bolola ka thulaganyo) 4. spiders (They are easy to catch and kill, yet are found even in kings' palaces.) 4. mokgantitshwane (o ka kgona go o tshwara ka diatla le go o bolaya, mme o mo matlong a dikgosi) F. Four stately kings (30:29-31): F. Dikgosi tse nne (30:29-31): 1. the lion, king of animals (He won't turn aside for anyone.) 1. tau, kgosi ya diphologolo (Ga e tshabe sepe) 2. the greyhound 2. mokoko 3. the he-goat 3. phoko 4. a king as he leads his army 4. kgosi fa e bolotsa mophato G. Two things requested of God (30:7-9): G. Dilo tse pedi tse di kopilweng ke Modimo (30:7-9): 1. Remove from me vanity and lies. 1. Go tlosa bolotsana le maaka mo go ene. 2. Give me neither poverty nor riches feed me with food convenient for me: Lest I be full, and deny thee and say, who is the Lord? Lest I be poor, and steal, and take the name of my God in vain. 2. Se mphe lehuma le e seng lehumo mphe dijo tse di ntekaneng: e se re gongwe ka kgora, ka go itatola, ka re Morena ke mang? E se re gongwe ka humanega, ka utswa, ka senya leina la Modimo. H. In addition to all these passages here are some more important ones: H. Mo tlaleletsong ya ditemana tse di latelang go na le tse dingwe tse di botlhokwa: 1. "Because I have called, and ye refused; I have stretched out my hand, and no man regarded; but ye have set at nought all my counsel, and would none of my reproof: I also will laugh at your calamity; I will mock when your fear cometh; when your fear cometh as desolation, and your destruction cometh as a whirlwind; when distress and anguish cometh upon you. Then shall they call upon me, but I will not answer; they shall seek me early, but they shall not find me" (1:24-28). 1. “E re ka ke biditse mme lwa gana, ke otlolotse letsogo mme ga se ka ga tlhokomela ope; ka lo tlhokomologile kgakololo yotlhe, lwa se ke la rata kgalemelo ya me: ka moo le nna ke tla tshega tatlhego ya lona, ke sotla fa le tlelwa ke therego; fa therego o lo tlela jaaka tumo ya maru, fa tatlhego ya lona e lo tlela jaaka ledimo; fa tatlhego le pitlagano di le wela. Foo ba tla mpitsa, mme ga nke ke araba, ba tla mpatla, ga ba ka ke ba mpona” (1:24-28). 2. "Trust in the Lord with all thine heart; and lean not unto thine own understanding. In all thy ways acknowledge him, and he shall direct thy paths. Honour the Lord with thy substance, and with the first-fruits of all thine increase: So shall thy barns be filled with plenty, and thy presses shall burst out with new wine. My son, despise not the chastening of the Lord; neither be weary of his correction: For whom the Lord loveth he correcteth; even as a father the son in whom he delighteth. The Lord by wisdom hath founded the earth; by understanding hath he established the heavens. By his knowledge the depths are broken up, and the clouds drop down the dew. My son, let not them depart from thine eyes: keep sound wisdom and discretion: So shall they be life unto thy soul, and grace to thy neck. Then shalt thou walk in thy way safely, and thy foot shall not stumble. When thou liest down, thou shalt not be afraid: yea, thou shalt lie down, and thy sleep shall be sweet. Be not afraid of sudden fear, neither of the desolation of the wicked, when it cometh. For the Lord shall be thy confidence, and shall keep thy foot from being taken" (3:5, 6, 9-12, 19-26). 2. “Ikanye Morena ka pelo yotlhe, mme o se ikaege ka tlhaloganyo ya gago. Mo gopole mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme ena o tla siamisa ditselana tsa gago. Tlotla Morena ka dineo tsa khumo ya gago, le tsa letlhabula la kotulo ya gago. Foo difala tsa gago di tla tlala letlotlo, digatelo ts gago di tla tshologa matute a weine.Morwaaka o se nyatse kotlo ya Morena, le gona o se kgopisewe ke kgalemelo ya gagwe. gonne Morena o a tle a otle yo a mo ratang, jaaka rragwe motho a betsa ngwana yo o mo kgatlang. Morena o theile lefatshe ka botlhale, a tlhomamisa legodimo ka tlhaloganyo. Ke ka kitso ya gagwe fa madiba a tswela, fa maru a rothisa monyo. Morwaaka boloka kelelelo le kakanyo,a di se tloge mo matlhong a gago. Tsona di tla phedisa mowa wa gago; tsona e tla nna mokgabo mo molaleng wa gago. Foo o tla tsamaya o iketlile, loeto la gago ga le ne le kgotswa. Fa o ya go robala ga o ka ke wa boifa. Fa o robetse boroko jwa gago bo tla nna monate. Ga o na o boifa poitshego ya tshoganyetso, le fa e le tatlhego ya baikepi, fa e tla. Gonne ke Morena o tla mo ikanyang, o tla disa loeto la gago gore le se tshwarwe. Se time ba ba tshwanetsweng ke tse di molemo fa go le mo thateng ya gago go ba thusa. Se ree mong-kawena wa re:Tsamaya o tla boa! Ke tla go se naya kamoso! Etswe o na naso. Se logele mongwe ka wena maano a a bosula a agile nao a ntse a go ikantse. (3:5, 6; 9-12; 19-29). 3. "These six things doth the Lord hate: yea, seven are an abomination unto him: A proud look, a lying tongue, and hands that shed innocent blood, an heart that deviseth wicked imaginations, feet that be swift in running to mischief, a false witness that speaketh lies, and he that soweth discord among brethren" (6:16-19). 3. “Dilo di le thataro Morena o di tlhoile,tse supa ke maila mo go ene: ke matlho a boikgantso,le loleme lwa maaka le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato le pelo e e logang maano a bolotsana le maoto a a itlhaganelelang bosuleng le mosupi wa kako yo o bolelang maaka le yo o losang bana ba motho. (6:16-19). 4. "The Lord possessed me in the beginning of his way, before his works of old. I was set up from everlasting, from the beginning, or ever the earth was. When there were no depths, I was brought forth; when there were no fountains abounding with water. Before the mountains were settled, before the hills was I brought forth: while as yet he had not made the earth, nor the fields, nor the highest part of the dust of the world. When he prepared the heavens, I was there: when he set a compass upon the face of the depth: when he established the clouds above: when he strengthened the fountains of the deep: when he gave to the sea his decree, that the waters should not pass his commandment: when he appointed the foundations of the earth: then I was by him, as one brought up with him: and I was daily his delight, rejoicing always before him; rejoicing in the habitable part of his earth; and my delights were with the sons of men" (8:22-31). 4. “Morena o ntirile mo tshimologong ya tsela ya gagwe, ka nna wa ntlha wa ditiro tsa gagwe bogologolo. Ke sa le ke tlholwa kgale mo tshimologong. E rile go se na mawatle,go se na metswedi e e tletseng metsi, ka tsalwa, ya re dithaba di ise di theiwe, dithota di ise di nne teng, ka tsalwa. Ke fa Morena a ise a dire lefatshe le fa e le tshimologo ya mebu ya lefatshe. Ya re a ala legodimo ke a bo ke le gona, ya re a tlhoma tikologo ya loapi mo godimo ga mawatle, ya re a bofelela maru ka godimo, ya re a tswedisa metswedi ya mawatle thata, ya re a beela lewatle molelwane wa lona gore le seke la tlola taolo ya gagwe, ya re a baya metheo ya lefatshe, ka bo ke na nae ke le ngwana ka itumela ka letsatsi le letsatsi, ka nna ka tshameka fa pele ga gagwe ka metlha yotlhe. Ka tshanoka tikologong ya lefatshe la gagwe, ka itumelela baba ba batho. (8:22-31). 5. "The fruit of the righteous is a tree of life; and he that winneth souls is wise" (11:30). 5. “Leungo la mosiami ke setlhare sa bophelo, yo o kgonang mewa ya batho o botlhale” (11:30). 6. "There is a way which seemeth right unto a man, but the end thereof are the ways of death. Righteousness exalteth a nation: but sin is a reproach to any people" (14:12, 34). 6. “Go na le ditsela tse motho a reng di siame, mme la bofelo bokhutlo jwa tsona ke loso” (14:12, 34). 7. "Commit thy works unto the Lord, and thy thoughts shall be established. When a man's ways please the Lord, he maketh even his enemies to be at peace with him. Pride goeth before destruction, and an haughty spirit before a fall" (16:3, 7, 18). 7. “Neela Morena ditsela tsa gago, foo maikaelelo a gago a tla dirafala. Fa ditsela tsa monna di kgatla Morena, le baba ba gagwe o tla agisanya nae. Boikgodiso bo latelwa ke tatlhego, mowa o o ikgantsang o etelela pele go wa” (16:3, 7, 18). 8. "The name of the Lord is a strong tower: the righteous runneth into it, and is safe" (18:10). 8. “Leina la Morena ke phemelo e e tiileng, mosiami o tshabela teng a sirelediwa” (18:10). 9. "For a just man falleth seven times, and riseth up again: but the wicked shall fall into mischief. Rejoice not when thine enemy falleth, and let not thine heart be glad when he stumbleth: Be not a witness against thy neighbour without cause; and deceive not with thy lips. Say not, I will do so to him as he hath done to me: I will render to the man according to his work" (24:16, 17, 28, 29). 9. “Le fa mosiami a ka wa gasupa, o tla nna a tsoga gape; mme baikepi bona ba wela mo tatlhegong. Fa mmaba wa gago a wa, se itumele; fa a digwa, a pelo ya gago e se duduetse. Se pateletse mongwe ka wena ka bomo! A o tshwanetse go timetsa batho ka molomo wa gago? Se re: Ke tla mo direla se a se ntiretseng, ke bosulosetsa monna ka fa tirong ya gagwe” (24:16, 17, 28, 29). 10. "Confidence in an unfaithful man in time of trouble is like a broken tooth, and a foot out of joint. As he that taketh away a garment in cold weather, and as vinegar upon nitre, so is he that singeth songs to an heavy heart. If thine enemy be hungry, give him bread to eat; and if he be thirsty, give him water to drink: for thou shalt heap coals of fire upon his head, and the Lord shall reward thee" (25:19-22). 10. “Go ikanya molotsana ka tsatsi la tlalelo ke go ikanya leino le le bodileng le lekoto le le relelang. Go opelela yo o pelo e botlhoko difela go tswana le go apola diaparo ka letsatsi le le maruru le go tshela se se botlhoko mo dinthong. Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala mo fe dijo, fa a nyorilwe mo nose. Gonne o tla bo o tlhatlhaganya magala mo tlhogong ya gagwe, mme Morena o tla go duela” (25:19-22). 11. "Boast not thyself of tomorrow; for thou knowest not what a day may bring forth" (27:1). 11. “Se ipoke ka letsatsi la kamoso, gonne ga o itse tse letsatsi le tla di tlisang” (27:1). 12. "He that covereth his sins shall not prosper: but whoso confesseth and forsaketh them shall have mercy" (28:13). 12. “Yo o lobang maleo a gagwe ga a kitla a kgona sepe, mme yo o ipobolang, a a bakela, o tla tlhomogelwa pelo” (28:13). 13. "He, that being often reproved hardeneth is neck, shall suddenly be destroyed, and that without remedy. Where there is no vision, the people perish: but he that keepeth the law, happy is he" (29:1, 18). 13. “Monna yo o gagamatsang molala le fa a kgalemetswe gantsi, o tla phwetlakanngwa ka tshoganyetso, mme go se na thuso. Mme go sego yo o tshegetsang molao” (29:1, 18). 14. "Who hath ascended up into heaven, or descended? who hath gathered the wind in his fists? who hath bound the waters in a garment? who hath established all the ends of the earth? what is his name, and what is his son's name, if thou canst tell? Every word of God is pure: he is a shield unto them that put their trust in him. Add thou not unto his words, lest he reprove thee, and thou be found a liar. Two things have I required of thee; deny me them not before I die: Remove far from me vanity and lies: give me neither poverty nor riches; feed me with food convenient for me: List I be full, and deny thee, and say, Who is the Lord? or lest I be poor, and steal, and take the name of my God in vain. There is a generation that curseth their father, and doth not bless their mother. There is a generation that are pure in their own eyes, and yet is not washed from their filthiness.There is a generation, O how lofty are their eyes! and their eyelids are lifted up. There is a generation, whose teeth are as swords, and their jaw-teeth as knives, to devour the poor from off the earth, and the needy from among men" (30:4-9, 11-14). 4. “Go tlhatlogetse mang kwa legodimong a ba a boa? Ke mang yo o huparetseng phefo ka diatla tsa gagwe? Ke mang yo o bofeletseng metsi mo kobong? Ke mang yo o tlhomamisitseng dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe? Leina la gagwe ke mang? Leina la Morwawe ke mang? Nkarabe fa o itse tseo. Mafoko otlhe a Modimo a itshekisitswe; ena Modimo ke thebe ya ba ba batlang botshabelo mo go ona. Se oketse mafoko a ona, e se re gongwe a go otla, mme wa fitlhelwa o le moaki. Ke kopa dilo tse pedi mo go wena: se nkganele ka tsona ke ise ke swe. Bolotsana le mafoko a maaka di katose mo go nna. Mphe dijo tse di ntekaneng. E sere gongwe ka kgora ka go itatola ka re: Morena ke mang? E se re gongwe ka humanega, ka utswa, ka senya leina la Modimo wa me. Go na le batho ba ba rogang borrabo, ba sa tshegofatse bommabo,ke ba ba ithayang ba re ba phepa mme ba ise ba tlhapisewe maswe a bona. Batho bao, matlho a bona a ikgantsa jang ne! dintshi tsa matlho a bona di supa boikgodiso jang ne! batho bao, meno a bona ke dichaka, meno a ditlhaa tsa bona ke dithipa, ba ja babogisegi le go tlosa bahumanegi mo bathong” (30:4-9; 11-14). 15. "Who can find a virtuous woman? for her price is far above rubies. The heart of her husband doth safely trust in her, so that he shall have no need of spoil. She will do him good and not evil all the days of her life. Her children arise up, and call her blessed; her husband also, and he praiseth her. Favour is deceitful, and beauty is vain: but a woman that feareth the Lord, she shall be praised" (31:10-12, 28, 30). 15. “Mosadi yo o maatlametlo a ka bonwa ke mang? Kana ena ke lehumo le le gaisang ditalama tsa tlhwatlhwa e kgolo. Pelo ya monna wa gagwe e ntse e mo ikanya, mme monna ga a nke a tlhoka tswelelopele. Mosadi o ntse a mo direla tse di molemo, e seng tse di bosula, ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe. Bomorwawe ba nanoge ba re: O tlhogonolo! Mme wena o ba phala botlhe! Boeletsego bo a tsietsa, bontle ke phefo fela, mme mosadi yo o boifang Morena o tla bakwa” (31:10-12; 28, 30). III. THE BOOK OF ECCLESIASTES. III. BUKA YA MORERI. Introduction: Ketapele: A. The meaning of the word is “to address an assembly”. A. Bokao jwa lefoko le ke gore: “go bua le kokoano.” B. The purpose of the book: B. Maikaelelo a buka e: 1. To convince men of the uselessness of any world view of life that does not rise above man himself. It pronounces the verdict of 'vanity of vanities'(worthless of worthless)upon any way of life that believes the created world of human enjoyment is all life is about. 1. Go fenya motho ka bosenang mosola jwa sengwe le sengwe se se bonagalang mo botshelong se se sa goleng le motho ka boena. E bua ka boithamako jwa maithamako (bosenang sepe jo bosenang mosola) mo godimo ga sengwe le sengwe mo botshelong se se dumelang gore tlholego ya lefatshe la motho ke ka ga go itumelela bophelo fela. 2. You do not have to go outside the Bible for other material to find the human way of life. God has given us in the book of Ecclesiastes the record of all that human thinking and natural religion has ever been able to discover concerning the meaning and goal of life. The arguments in the book are not God's arguments, but God's record of man's arguments. This explains why such passages as 1:15; 2:24; 3:3, 4, 8, 11, 19, 20; 8:15 are teachings conflict with the rest of the Bible. 2. Ga o a tshwanela go ya kwa ntle ga Beibele go batlana le dikwalo tse di ka go bontshang tsela ya bophelo jwa motho. Modimo o re neetse mo bukeng ya Moreri megopolo le bodumedi botlhe jwa tlhago jo bo kgonneng go fitlhelela bokao le sekgele sa bophelo. Dingangisano tse di mo bukeng e, ga e se tsa Modimo, Modimo o kwetse dingngorego tsotlhe tsa motho. Se se tlhalosa gore goreng ditemana jaaka 1:15; 2:24; 3:3; 4, 8, 11, 19, 20; 8:15 ke dithuto tsa diphaapang le Beibele yotlhe. 3. Did Solomon teach there is no life after death? The answer is no! (See 3:16; 11:9; 12:14.) 3. A Solomone o ne a ruta gore ga go na bophelo morago ga loso? Karabo ke Nyaa! (Leba 3:16; 11:9; 12:14). 4. The key words in Ecclesiastes are: 4. Mafoko a a tlhagelelang thata mo Moreri ke: a. man (used forty-seven times), a. motho (le dirisitswe ga some a mane supa), b. labor (thirty-six), b. tiro (some a mararo le borataro), c. under the sun (thirty), c. mo tlase ga letsatsi (some a mararo) d. vanity (thirty-seven). d. boithamako (some a mararo le bosupa) 5. The book of Ecclesiastes may be summarized by two statements, one made ditch digger and the other a lawyer. Both statements were in response to a question concerning their personal way of life. 5. Buka ya Moreri e ka sobokanngwa ka dikarolo tse pedi, a. The Lawyer a. Mmueledi "There is a statement in the Bible which describes my life. It says, 'We have toiled all night, and have taken nothing . . . " [Lk. 5:5] “Go na le temana mo Beibeleng e e tlhalosang bophelo jwa me. Ya re, ‘Re letse re itapisitse bosigo jotlhe, mme ga re a tshwara sepe . . . ” [Luke 5:5] b. The Ditch Digger b. Moepi wa Maithamako/ Letobo I dig the ditch to get money to buy food to get my strength to dig the ditch. Ke epa tiro go bona madi a go reka dijo go bona maatla a go epa tiro. Commentary Ditshitsinyo A. The search - man's problems stated (1-2). A. Patlisiso – Bothata jwa motho bo tlhagisitswe (1-2). Even before he starts the search, Solomon has doubts. In his opinion: Everything seems so useless (1:2).Generations come and go, but it seems to Make no difference (1:4). The sun rises and sets, the wind blows back and forth, but neither seems to get any place or accomplish any purpose (1:5,6). The river runs into the sea, but the sea is never full. The water returns again to the rivers and flows again to the sea (1:7). Everything appears weary and tiresome (1:8). No man seems satisfied, regardless of what he has seen or heard (1:8). History merely repeats itself, nothing new ever occurs under the sun (1:9, 10). One hundred years from now everything will have been forgotten, regardless what occurs today (1:11). Was life truly this way everywhere? Could a wise and healthy man, by searching all the land, find peace and purpose? Solomon would try by. Le pele a simolola ka dipatlisiso, Solomone o ne a na le pelaelo. Mo mogopolong wa gagwe: Sengwe le sengwe se ne se bonagala se se na mosola ope fela (1:2). Ditshika di a tla di a feta, mme go bonagala go sa dire pharologano epe (1:4). Letsatsi le a tlhaba le be le phirima, phefo e fokela kwa pele le kwa morago, mme ga go na sepe se di se fitlhelelang (1:5, 6). Noka e elelela kwa lewatleng mme lewatle ga le tlale. Metsi a boela kwa dinokeng a be a elelela kwa lewatleng gape (1:7). Dilo tsotlhe di na le matsapa. (1:8). Ga go na ope yo o kgotsofalang, leitlho ga le kgore go bona le tsebe ga e tladiwe ke go utlwa (1:8). Tse di kileng tsa nna teng di tla bo di nne teng gape (1:9, 10) Dingwaga di le lesome go tloga jaanong sengwe le sengwe se tla bo se lebetswe, go sa lebelelwe se se bonagalang gompieno. (1:11). A bophelo bo ne bo ntse jaana mo mafelong otlhe? A motho yo o botlhale ebile a itekanetse, fa a batlisisa ka ga lefatshe a ka bona kagiso le maikaelelo? Solomone o tla leka ka ga. 1. Human wisdom. 1. Botlhale jwa motho. "I communed with mine own heart, saying, Lo, I am come to great estate, and have gotten more wisdom than all they that have been before me in Jerusalem: yea, my heart had great experience of wisdom and knowledge. And I gave my heart to know wisdom, and to know madness and folly: I perceived that this also is vexation of spirit" (l:l6, 17). “Ke ne ke ithaya ke re: ruri ke bone botlhale jo bogolo, ka ba ka nna ka bo oketsa bogolo go botlhe ba ba neng ba busa mo Jerusalema pele ga me. Ee, pelo ya me ya bona botlhale jo bogolo le kitso e kgolo. Jaanong ya re ke ineela ka pelo go itse botlhale le go itse botsenwa le bosilo, ka lemoga gore le gona ke go tshwara lephoro fela” (1:16, 17). Solomon had ability to gather more facts because of his wisdom than any man who ever lived (apart from Christ), but he sadly said: Solomone o ne a na le bokgoni jwa go kgobakanya dintlha ka ntlha ya botlhale jwa gagwe go gaisa motho mongwe le mongwe yo a kileng a phela lefatsheng (kwa ntle ga Kresete), mme a bua ka botlhoko a re: "For in much wisdom is much grief: and he that increaseth knowledge increaseth sorrow" (1:18). “Gonne botlhale jo bogolo bo na le tshwenyego e kgolo, gape yo o oketsang kitso o oketsa botlhoko” (1:18). 2. Pleasure (2:1-3). 2. Boitumelo (2: 1-3). Philosophy (way of life) has failed, says the preacher, so let merriment (fun) be tried. Music, dance, wine (not to excess), the funny story: these are now tried. Clowns are now welcomed to the court where only grave thinking had been. The halls of the palace are filled with laughter and gaiety. But laughter and wine could in no way calm man's soul. Note the king's sad conclusion: Kitso ya tsela ya bophelo e paletswe, go bua moreri, a nke go lekwe boitumelo. Mmino, le weine le metlae: ke tse di tla lekiwang. Borrametlae ba tla lalediwa mo tulong e go gopolwang fela ka loso mo go yona. Matlo lehalahala a bogosi a tladiwe ka ditshego le boitumelo. Mme tseo ga di a ka tsa kgorisa mowa wa motho. Ela tlhoko mafoko a kgosi a feleletsang ka ona: "I said of laughter, It is mad: and of mirth, What doeth it?" (2:2). (See also 8:15.) “Ka bua ka ga setshego ka re: ke botsenwa, le ka ga boitumelo ka re: bo thusang?” (2:2). (8:15) 3. Alcohol (2:3). "I sought in mine heart to give myself unto wine”. 3. Bojalwa (2:3). “Ka ikakanya ka re, ke tla itapolosa ka weine” 4. Great building projects (2:4). 4. Go aga dikago tse Dikgolo (2:4). "I made me great works; I builded houses... “Ka dira ditiro tse dikgolo; ka ikagela matlo… "Solomon now a attempts to fill that emptiness in his soul" by starting works program. Pools, palaces and buildings are soon built. But the building of buildings does not meet the need of his soul so he stops building. “Solomone a simolola go itemogela go sa nneng le sepe mo moweng wa gagwe” ka go simolola dithulaganyo tsa ditiro. Melatswana, Matlo a segosi, le dikago tse dingwe tsa agiwa mo nakong e khutshwane. Go aga dikago ga go a ka ga thusa mowa wa gagwe mme a emisa ka dikago. 5. Beautiful gardens and parks (2:4-6). 5. Ditshingwana tse dintle le dikgwa tse di kgabisang (2:4-6). "I planted vineyards; I made me gardens and orchards, and I planted trees in them of all kinds of fruits; I made pools of water, to water therewith the wood that bringeth forth trees" (2:4-6). “Ka itemela masimo a moweine; ka itemela masimo le dikgwa tse di kgabisang, le ditlhare tsa maungo tsa mefutafuta ka di tlhoma teng, ka itirela matsha a metsi go nosetsa sekgwa sa ditlhare tse di tlhomilweng” (2:4-6). Now vineyards, gardens, flowers, and other green plants are planted. Jerusalem and the area around it bloom like the Garden of Eden. But before long the frost killed the plants. Jaanong masimo a moweine, dikgwa tse di kgabisang le ditlhare di jetswe. Jerusalema le mafelo a a e potologileng a thunya jaaka tshimo ya Etene. Ga go a feta sebaka sefako sa bo se di bolaya. 6. Personal indulgences (2:7). 6. Go rua batho (2:7). "I got me servants and maidens, and had servants born in my house" (2:7). “Ka reka batlhanka le malata, ka bona batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong ya me” (2:7). The king now had a servant for ever purpose. But none of these bring him inward peace and purpose. Kgosi e na le malata a a tla dirang ka bosakhutleng. Mme tse ga di a ka tsa mo tlisetsa kagiso ya ka fa gare le mosola. 7. Sex. 7. Thobalano. "And he had seven hundred wives, princesses, and three hundred concubines ... " (1 Ki. 11:3). “O ne a na le basadi ba bahumagadi ba le 700 le bagadingwana ba le 300 …” (1 Dikg. 11:3) 8. Massive wealth. 8. Khumo e kgolo. "I had great possessions of herds and flocks above all that were in Jerusalem before me: I gathered also silver and gold, and the peculiar treasure of kings and the provinces ..." (2:7, 8). “Le gona ka rua motlhape o mogolo wa dikgomo le letsomane le legolo la dinku bogolo go botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema; Le gona ka ikgobokanyetsa selefera le gauta le letlotlo la dikgosi le la dinaga …” (2:7, 8). 9. International reputation. 9. Go itsege mo Ditshabeng. "And she [the Queen of Sheba] said to the king, it was a true report that I heard in mine own land of thy acts and of thy wisdom. Howbeit, I believed not the words, until I came, and mine eyes had seen it: and behold, the half was not told me: thy wisdom and prosperity exceedeth the fame which I heard" (1 Ki. 10:6, 7). “Ya raya kgosi ya re [Kgosigadi ya Seba] Polelo e ke e utlwileng kwa lefatsheng la me ka ga gago le botlhale jwa gago e ne e le nnete. Mme ga ke a ka ka dumela mafoko ao go tsamaya ke tla, ka bona ka matlho, ka fitlhela tse ke di boleletsweng di fetswa ke bontlhanngwe jwa tse ke di bonang. O na le botlhale le khumo bogolo go tumo e ke e utlwileng” (1 Dikg. 10:6, 7). 10. Cattle breeding (2:7). 10. Leruo le legolo (2:7). Great herds of cows, sheep, oxen, goats, and other animals now grazed upon the green Palestinian pastures. But while the skin and meats of these animals might clothe and feed the outer man, the inner person remained naked and starving. Motlhape o mogolo wa dikgomo, dinku, dipoo, dipodi le diphologolo tse dingwe di ne di fula mo mafulong a matala a Palastina. Fa nama le matlalo a diphologolo tse a fepa motho wa ka fa ntle ka diaparo le dijo, motho wa ka fa teng a nna a ntse a sa apara le go tshwarwa ke tlala. 11. Music (2:8). 11. Mmino (2:8). "I got me men singers and women singers, and the delights of he sons of men, as musical instruments, and that of all sorts." But what he was missing was not to be found through music, however beautiful the song and talented the singers. “Ka ipatlela baopedi ba banna le basadi le monate wa bomorwa-motho, le diletswa tsa mefuta yotlhe.” Mme se a neng a se tlhoka se ne se sa bonwe ka mmino, le fa pina e ne e opelwa ke baopedi ba ba neng ba na le bokgoni. 12. Literature. 12. Bokwadi. "And he spoke three thousand proverbs, and his songs were a thousand and five" (1 Ki. 4:32). “O ne a ntsha diane di le dikete tse tharo, le difela di le sekete le botlhano” (1 Dikg. 4:32). 13. Natural science. 13. Kitso ya tlhago. "And he spake of trees, from the cedar tree that is in Lebanon even unto the hyssop that springeth out of the wall: he spake also of beasts, and of fowl, and of creeping things, and of fishes" (1 Ki. 4:33). “Mo go tsona a bolela ka ga ditlhare, a simolola ka mosetere o o kwa Lebanona, a khutla ka mosiama o o tlhogang fa loboteng; le gona a bolela ka ga diphologolo le ka ga dinonyane le ka ga digagabi le ka ga ditlhapi” (1 Dikg. 4:33). 14. Military power. 14. Mophato o o maatla. "And Solomon had forty thousand stalls of horses for his chariots, and twelve thousand horsemen" (1 Ki. 4:26). “Solomone o ne a na le dipitse tsa dikoloi di le dikete di le 40 le dipitse tse di palanngwang di le dikete di le 12” (1 Dikg. 4:26). "And King Solomon made a navy of ships... on the shore of the Red Sea (1 Ki. 9:26). “Le gona kgosi Solomone a dira dikepe … fa losing la Lewatle la letlhaka (1 Dikg. 9:26). B. The Man's problems studied (3-10). B. Mathata a a ithutilweng a motho (3-10). After completing an long journey of studying man Solomon returns home (4:1) and thinks about his travels. He concludes the following about life apart from God: Morago ga go fetsa loeto la go ithuta ka motho, Solomone a boela gae (4:1) a akanya ka ga loeto le a le tsamaileng. A feleletsa ka tse di latelang ka bophelo ntle le Modimo: 1. It is totally worthless (2:11). 1. Ke maithamako fela (2:11). 2. It is filled with repetition (3:1-8). 2. Bo tletse ka go ipoeletsa (3:1-8). 3. It is filled with sorrow (4:1). 3. Bo tletse ka botlhoko (4:1). 4. It is grievous and frustrating (2:17). 4. Bo botlhoko e bile bo tletse ketsaetsego (2:17). 5. It is uncertain (9:11, 12). 5. Ga bo a tsepama (9:11, 12). 6. It is without purpose (4:2, 3; 8:15). 6. Ga bo na mosola ope (4:2, 3; 8:15). 7. It is incurable (1:15). 7. Ga bo alafege (1:15). 8. It is unjust (7:15; 8:14; 9:11; 10:6, 7). 8. Ga bo na tshiamo (7:15; 8:14; 9:11; 10:6, 7). 9. It is on the level of animal existence (3:19). 9. Bo mo seemong sa bophelo jwa diphologolo (3:19). C. Man's problem solved (11-12). C. Mathata a motho a rarabolotswe (11-12). Solomon concludes that even with God, life is a mystery, but apart from Him it is horrible. Therefore, it is best if man: Solomone o feleletsa ka gore le mo Modimong bophelo bo a makatsa, mme kwa ntle ga Ona bo a tshosa le go boifisa. Ka jalo go botoka gore motho a: 1. Finds God early in his life (11:9, 10; 12:1, 2). 1. Batle Modimo go tloga tshimologong ya bophelo (11:9, 10; 12:1, 2) 2. Fears God throughout his life (12:13, 14). 2. Go boifa Modimo bophelong jwa gagwe (12:13, 14). Vernon McGee says of verses 2-7 : Vernon McGee a re ka ditemana tsa 2-7: Verse 2: "failing eyesight makes it appear that the sun,moon, and stars are getting dimmer. Time goes by and one sad experience follows another - clouds return after rain." Temana 2: “matlho a a sa boneng sentle a dira e kete letsatsi, ngwedi, le dinaledi di tlhagelela di le lefitshwana. Nako e ntse e tsamaya, boitemogelo jo bo botlhoko bo ntse bo latelwa ke jo bongwe – maru a a boa morago ga pula.” Verse 3: "Keepers of the house shall tremble" refers to the legs. The old person begins to stagger. "Strong men" are the shoulders that are no longer erect. "Grinders" are the teeth. "Those that look out of the windows" refers to failing eyesight. Temana 3: “Badisa ba ntlo ba tla tetesela” go buiwa ka maoto. Banna ba bagolo ba simolola go ikoba. “Banna ba ba thata” ke magetla a a sa tlholeng a tia. “Basidi” ke meno. “Ba ba okomelang ka difensetere” go buiwa ka matlho a a palelwang ke go bona sentle. Verse 4: "Doors shut in the street" refers to being hard of hearing. "Sound of grinding is low" refers to the tongue. The voice of old age gets thin. "Shall rise up at the voice of the bird" it took an alarm clock to wake him before, now the chirping of a bird disturbs his sleep. "Daughters of music shall be brought low"indicates that he can no longer sing in the choir, cannot carry a tune anymore. Temana 4: “Mejako e e tswetsweng e e yang kwa mebileng” go buiwa ka go nna thata le go utlwa. “Loratla la tshilo lo ditibala” go buiwa ka loleme. Lentswe la motho yo mogolo lo ngotlega. “Fa molodi wa dinonyane o tlhatlhoga” go tla tsaya nako gore tshupanako ya phala go mo tsosa pele ga nako, jaanong molodi wa dinonyane o tla mo tlhobaetsa mo borokong jwa gagwe. “Fa dikopelo tsotlhe di sa tlhole di utlwala” go ra ya gore ga a kitla a tlhola a opela mo setlhopeng sa mmino, a ka se tlhole a tlhabeletsa moretheto ope. Verse 5: "Afraid of that which is high" –things that formerly did not frighten him do now. "Fears shall be in the way" - he no longer enjoys traveling. "Almond tree shall flourish"- our old man is getting gray-haired. "Grasshoppers shall be a burden" - little things annoy him. "Desire shall fail" - romance is gone. "Man goeth to his long home" - death comes. Temana 5: “Fa motsofe a tshaba mapalamo” dilo tse a neng a sa di tshabe pele ke tsona tse di mo tshosang jaanong. “Therego mo tseleng” ga a sa tlhole a itumelela go tsamaya. “Fa mokgofa o thunya” Banna bagolo ba rona ba tla nna le meriri e e podudu. “Fa tsie e totoba” dilo tse dinnye di tla mo makatsa “Fa keletso ya go ja e tlhokafala” go phela mo loratong go tla bo go fedile. Verse 6: "Silver cord" - the spinal cord. "Golden bowl" - the head. "Pitcher" - the lungs. "Wheel" - the heart. Temana 6: “Mogala wa selefera” – marapo a mokwatla. “Sejana sa Gauta” – tlhogo “Nkgwana” – makgwafo “Segelelo” – pelo. Verse 7: “Then the dust will return to the earth as it was.” The dust is the dead body in the grave. “And the spirit will return to God who gave it. Temana 7: “Lorole le tla boela mo lefatseng jaaka le ne le ntse. Lorole ke mmele o o suleng mo lebitleng. “Mme mowa o tla boela kwa Modimong kwa o ne o tswa teng.” D. Solomon‘s conclusion 11:8, 13-14 D. Pheleletso ya ga Solomone 11:8, 13-14 Verse 8: “Vanity of Vanities” says the preacher. All is vanity. Solomom reaches the conclusion life without God is empty, useless and without purpose. Temana 8: Moreri a re: Boithamako jwa maithamako. Dilo tsotlhe di a fela. Solomone o fitlheletse gore bophelo ntle le Modimo gore bo lolea, ga bo na mosola le bokao. Verse 13-14: ....Fear God and keep His commandments. For this is man’s all. For God will bring every work into judgment, Including every secret thing Whether good or evil. Ditemana 13-14: …Boifa Modimo o tshegetse ditaolo tsa ona! Gonne seo se laetswe batho botlhe. Gonne Modimo o tla isa tiro yotlhe kwa tshekong, o atlhola tsotlhe tse di fitlhegileng, le fa di le molemo gongwe di le bosula. IV. THE SONG OF SOLOMON. IV. SEFELA SA GA SOLOMONE. Background of the story: Lemorago la kgang: A. The Shulamite A. Mosuleme. 1. Solomon had a vineyard in the hill country of Ephraim, just outside the little town of Shunam, about fifty miles north of Jerusalem (8:11). 1. Solomone o ne a na le tshimo ya moweine kwa nageng ya Eferaime, gaufi fela le motse wa Suleme, dimaele di le 50 ntlheng ya bokone jwa Jerusalema (8:11). 2. This vineyard was rented out to a family of sharecroppers consisting of a mother, two sons, and two daughters. The oldest of these girls was the Shulamite, and the youngest, her little sister (6:13; 8:8). 2. Tshimo e ya moweine e ne e adimilwe lelapa la barobi le le neng le na le mme, barwa ba babedi, barwadi ba le babadi. Yo mogolo mo basetsaneng ba e ne e le Mosuleme, le kgaitsadie, yo monnye (6:13; 8:8). 3. The Shulamite having great natural beauty but unnoticed by the world. 3. Mosuleme o, o ne a na le bontle jwa tlhago bo lefatshe le neng le sa bo lemoge. 4. Her brothers made her work very hard tending the vineyards, so that she had little time to care for her appearance (1:6). 4. Bomogolowe ba ne ba mo dirisa thata ka go leta kwa tshimong ya moweine, ka jalo a nna le nako e le nnye go tlhokomela tebego ya gagwe. a. She pruned the vines. a. O ne a tlokotla moweine. b. She set traps for the little foxes (2:15). b. A thaisa dirai tsa bophokojwe (2:15). c. She also kept the flocks (1:8). c. O ne a fudisa letsomane (1:8). 5. From being out in the open so often, she became sunburned (l:6). 5. Go nna kwa nageng ga dira gore letsatsi le fise letlalo la gagwe (1:6) B. The Shepherd Stranger. B. Modisa wa Moeng. 1. One day a mysterious, handsome stranger comes to the vineyard and soon wins the heart of the Shulamite girl. Unknown to her, he is Solomon, disguised as a lowly shepherd. 1. Ka letsatsi le lengwe monna yo o montle, wa modisa a tla kwa tshimong ya moweine mme a fenya pelo ya mosetsana wa Mosuleme. Ka go sa itse, e ne e le Solomone, a itira modisa yo o nyatsegang. 2. She asks about his flocks (1:7). 2. A botsa ka ga letsomane la gagwe (1:7). 3. He answers evasively, but is very definite concerning his love for her (1:8-10). 3. Karabo ya gagwe e nna letobo, mme e supa ka lorato la gagwe mo go ena (1:8-10). 4. He leaves her, but promises he will someday return to her. 4. O ne a kgaogana nae mme a solofetsa gore ba tla kopana ka letsatsi le lengwe. 5. During his absence she dreams of him on two occasions. 5. Mo nakong e a seng teng ka yona, a mo lora mo maemong a le mabedi. a. First dream - they are already married and that one night she awakens to find him missing from her bed. She quickly dresses and goes out looking for him (3:2-4). a. Toro ya ntlha – ba ne ba setse ba nyalane mme ya re ka bosigo bongwe fa a tsoga a fitlhela a se teng mo bolaong. O ne a apara mme a tswela kwa ntle go ya go mmatla. (3:2-4). b. Second dream - her beloved has returned and asked her to open the door and let him in. But she refuses for she is unwilling to dress herself and soil her feet going to the door. Soon however, her heart is sad for this action and she goes to the door. But he has gone! b. Toro ya bobedi – Morati wa gagwe a boa mme a mo kopa gore a mo bulele lebati le go mo letla go tsena. Mme a gana ka gonne a ne a sa ikaelela go apara le go kgotlela maoto a gagwe ka mmu fa a ya kwa lobating. Ka bonako pelo ya gagwe ya utlwa botlhoko ka tiragalo e, mme a ya kwa lobating. Mme o ne a tsamaile. We read: Re buisa: "My beloved put in his hand by the hole of the door ... I rose up to open to my beloved; and my hands dropped with myrrh, and my fingers with sweet smelling myrrh, upon the handles of the lock" (5:4, 5). “Morati wa me a be a tsenya seatla mo losobeng la lobati; ke fa maikutlo a me a mo huduegela. Ka ba ka tsoga gore ke bulele marati wa me, diatla tsa me tsa bo di rotha mera le menwana ya me ya bo e rotha mera e e rothegelang mo matshwarong a lobati.” (5:4, 5). Dr. J. Vernon McGee informs us that a custom of that day was for the lover to place sweet-smelling myrrh inside the handle of the bride's door. The bride then began her search for the lover she had so carelessly ignored. During her search the guards of the city mistreated her, and the watchman on the wall tore off her veil. She then pleaded with the women of Jerusalem to aid her in finding her lover and informing him of her love for him (5:6-8). Dr. J. Vernon McGee o re itsesitse gore mokgwa wa matsatsi ao e ne e le go tshasa mera mo matshwarong a lobati la monyadiwa. Monyadiwa o tla simolola ka go batlana le morati wa gagwe yo a mo itlhokomolositseng. Ka nako e a batlanang le ena batlhokomedi ba motse ba se ka ba mo tshwara sentle, mme molebeledi wa lobota a gagola lesire la gagwe. A simolola go kopa mo basading ba motse go mmatlisa morati wa gagwe le go mo itsese ka lorato la gagwe mo go ena (5:6-8). Suddenly and joyfully she discovers where he is. Ka bonako le ka boitumelo a mmona kwa a leng teng. "My beloved is gone down into his garden, to the beds of spices, to feed in the gardens, and to gather lilies. I am my beloved's and my beloved is mine: he feedeth among the lilies" (6:2, 3). “Morati wa me o fologetse kwa tshimong ya gagwe kwa ditemanyaneng tsa makga a a monate; a ya go fula maungo kwa tshimong le go kgetla dithunya. Nna ke wa morati wa me; morati wa me ke wa me; ene yo e leng modisa mo gare ga dithunya” (6:2, 3). 6. These are her two dreams concerning the mysterious shepherd lover of the Shulamite girl. But why did he leave her? Where did he go? Would he ever return? 6. Tse ke ditoro tsa gagwe tse pedi ka ga modisa yo o kgakgamatsang wa morati wa mosetsana wa Mosuleme. Goreng a ne a mo tlogela? O ne a ya kae? A o tla boa gape? C. The Mighty Monarch. C. Kgosi e Kgolo. 1. One day the little town of Shunam receives news. King Solomon himself is approaching their city. But the lovesick and lonely maiden is not interested, and takes no further notice until word is brought to her Solomon desires to see her. 1. Ka letsatsi le lengwe motse o monnye wa Suleme wa amogela dikgang. Kgosi Solomone ka boene o tla mo motseng. Mme bolwetsi jwa lorato mo mosetsaneng ga bo sa le teng, mme a seke a tsibogela sepe go fitlha a tla go itsesiwe gore Solomone o batla go mmona. 2. She is puzzled until she is brought into his presence, where she recognizes him as her beloved shepherd. He then explains to her that although he has sixty wives, eighty concubines, and unnumbered virgins, that she will be his choice bride andtrue love (6:8). He invites her to come with him and promises to care for her little sister (8:8, 9). 2. O ne a maketse go fitlha a fitlha mo pele ga gagwe, moo a fitlhileng a mo lemoga gore ke ena morati o montle wa gagwe. Mme a mo tlhalosetsa gore le fa na le basadi ba le some a marataro, le bagadingwana ba le some a robedi, le makgarebe a a se nang palo, o tla nna ena monyadiwa le moratiwa wa nnete (6:8). A mo laletsa go tsamaya le ene le go mo solofetsa go tlhokomela kgaitsadie yo monnye (8:8, 9). 3. The bride is then placed in the king's chariot, made from the wood of Lebanon, with silver posts, a golden canopy, and purple seating (3:9, 10). 3. Monyadiwa a pegiwa mo sedulong sa bogosi se se sikarwang, se se dirilweng ka dikgong tsa Lebanona, ka maoto a selefera, le maikaego a gauta, le manna a a apesitsweng masela a mahibidu. (3:9, 10). 4. Together they ride to the palace in Jerusalem, accompanied by sixty mighty swordsmen and body guards (3:7 8). 4. Ba ne ba ya Jerusalema mmogo le banna ba ba tshwereng ditshaka ba le some a marataro le balebeledi. D. The Bride of the Story (as described by the bridegroom). D. Monyadiwa wa Kgangkhutswe e (fa a tlhalosiwa ke monyadi). 1. She was the most beautiful girl in the world (1:8). 1. Ke mosetsana yo montle mo lefatsheng (1:8). 2. She was like a bouquet of flowers in a garden (1:14). 2. O ne a tshwana le ngata ya dithunya tsa tshimo (1:14). 3. Her eyes were as soft as doves (1:15). 3. Matlho a gagwe a ne a tshwana le a maeba (1:15). 4. She was as a lily among the thorns as compared to his other wives (2:2). 4. O ne a le jaaka sethunya mo gare ga dimmitlwa jaaka a tshwantshiwa le basadi ba bangwe (2:2). 5. Her hair fell across her face like flocks of goats which frisked across the slopes of Gilead (4:1). 5. Moriri wa gagwe o ne o fologela mo sefatlhegong sa gagwe jaaka letsomane la dipodi fa le fologela mo dithabeng tsa Gileate (4:1). 6. Her teeth were as white as sheep's wool (4:2). 6. Meno a gagwe a ne a le masweu jaaka boboa jwa nku (4:2). 7. Her lips were like a thread of scarlet (4:3) and made of honey (4:11). 7. Molomo wa gagwe o tshwana le seitlamo se se phatsimang se sehibidu. (4:3) E bile o ka re ke mafura / mamepe a dinotshe (4:11). 8. Her neck was as stately as the Tower of David (4:4). 8. Molala wa gagwe o tshwana le ntlo ya ga Dafita (4:4). 9. Her bosom was as twin fawns of a gazelle feeding among the lilies (4:5). 9. Mabele a gagwe a tshwana le ditshetshwana tse pedi tsa mafatlha tse di fulang mo gare ga dithunya (4:5). 10. She was like a lovely orchard, bearing precious fruit (4:13). 10. O ne a tshwana le setlhare sa digaranata se se ungwang maungo a mantle (4:13). 11. She was as a garden fountain, a well of living water, refreshing as the streams from the Lebanon mountains (4:15). 11. O ne a le jaaka motswedi wa masimo le sediba sa metsi a a phelang, a a tswang kwa Lebanona. (4:15). 12. Her thighs were like jewels, the work of the most skilled of craftsmen (7:1). 12. Bontle jwa dinao tsa gagwe, e kete tiro ya diatla tsa setswerere (7:1). 13. Her navel was as lovely as a goblet filled with wine (7:2). 13. Mpa ya gagwe e kete mogotswana o o tshetsweng weine (7:2). 14. Her waist was like a heap of wheat set about with lilies (7:2). 14. Mmele wa gagwe ke mokoa wa mabele a dikaganyeditswe ke dithunya (7:2). 15. Her nose was shapely like the Tower of Lebanon overlooking Damascus (7:4). 15. Nko ya gagwe e tshwana le turio ya Lebanona e e lebetseng kwa Damaseko (7:4). 16. He was completely overcome by a single glance of her beautiful eyes (4:9). 16. O ile a gapiwa pelo ke tebo e le nngwe fela ya matlho a gagwe (4:9). E. The Bridegroom of the Story (as described by the bride). E. Monyadi wa Kgangkhutswe (fa a tlhalosiwa ke monyadiwa). 1. He was as swift as a young gazelle leaping and bounding over the hills (2:9). 1. O ne a le jaaka namane gongwe tholo (2:9). 2. He was ruddy and handsome, the fairest of ten thousand (5:10). 2. O ne a le mosweu, mohibidu e bile a gaisa banna ba le dikete (5:10). 3. His head was as purest gold, covered by wavy, raven hair (5:11). 3. Tlhogo ya gagwe e ne e le jaaka gauta e e sa pekwang le moriri o o itshopileng (5:11). 4. His eyes were as doves beside the water brooks, deep and quiet (5:12). 4. Matlho a gagwe a ne a tshwana le maeba a a fa dinokeng, a tlhapa mo maswing, a tlhomilwe sentle (5:12). 5. His cheeks were like sweetly scented beds of spice (5:13). 5. Marama a gagwe a tshwana le le ditemanyane tsa makga (5:13). 6. His lips were as perfumed lilies and his breath like myrrh (5:13). 6. Molomo wa gagwe e kete sethunya, o rotha mera e metsi (5:13). 7. His arms were as round bars of gold set with topaz (5:14). 7. Mabogo a gagwe e kete dikota tsa gauta tse di potokwane (5:14). 8. His body was bright ivory encrusted with jewels (5:1 4). 8. Mmele wa gagwe o bopegile ka dinaka tsa tlou, o kgabisitswe ka disafira tse ditala. 9. His legs were pillars of marble set in sockets of finest gold, like cedars of Lebanon (5:15). 9. Maoto a gagwe a tshwana le maotwana a lentswe la legakwa, a a tlhomilweng mo ditlhomong tsa gauta, le jaaka mosetere wa Lebanona (5:15). V. JOB V. JOBE Introduction: Ketapele: 1. This thought to be the oldest book of the entire Bible. Note: 1. Buka e go akanngwa gore ke ya bogologolo me Beibeleng. Ela tlhoko: a. The ancient historical mention of; the pyramids (3:14), the cities of the plains (15:28), and the Flood (22:16). a. Ditiragalo tse di leng teng di bua ka; marope (3:14), metse e e sentsweng (15:28), le morwalela (22:16). b. The mission of Israel's history. No reference is made to the Law, the Exodus, the Red Sea crossing, Canaan, or any of the kings of Israel. b. Maitlhomo a Ditiragalo tsa Iseraele. Ga go na sepe se se nopotsweng sa Molao, Ekesoda, go kgabaganya Lewatle le Lehibidu, Kanana, kgotsa kgosi nngwe ya Iseraele. 2. Job was a historical person, mentioned later by both Ezekiel (Ezek. 14:14, 20) and James (5:11). 2. Jobe e ne e le motho wa ditiragalo, e boletswe morago ke Hesekiele (Hes. 14:14, 20) le Jakobe (5:11). 3. The Greek Septuagint (Greek Old Testament) identifies Job with Jobab, the second king of Edom (Gen. 36:33). 3. Septuagint ya Segerika (Testamente e Kgologolo ya Segerika) e tshwantshanya Jobe le Jobabe, Kgosi ya bobedi ya Etomo (Gen. 36:33). 4. The land of Uz may have been located northeast of the Sea of Galilee toward the Euphrates River. (See Gen. 36:28; Lam. 4:21). 4. Lefatshe la Use le ne le le ntlheng ya bokone botlhaba jwa noka ya Galalia go ya ntlheng ya Noka ya Eferathe. (Gen. 36:28; Dilel. 4:21). 5. Job's disease may have been leprosy, complicated with elephantiasis (skin disease), one of the most disgusting and painful diseases known in the world of his time. 5. Bolwetsi jwa ga Jobe e ka ne e ne e le jwa lepera, bo tlhakane le jwa elephantiasis (Bolwetsi jwa letlalo) bongwe jwa bolwetsi jo bo setlhogo ebile bo le botlhoko mo lefatsheng lotlhe la nako eo. 6. Job's sufferings are made worst by three false friends, a bitter wife, and an unthinking youth. 6. Pogisego ya ga Jobe e ne ya eteegetswa ke ditsala tsa gagwe tse tharo, mosadi yo o galakang, le basha ba ba senang tlhaloganyo. a. Eliphaz, who bases his advice on personal experience. (See 4:8, 12-16; 5:3, 27; 15:17.) Eliphaz was a descendant of Esau. (See Gen. 36:11.) a. Elifase, yo o neng a lebisitse kgakololo ya gagwe mo boitemogelong jwa se se kileng sa mo diragalela (4:8, 12-16; 5:3, 27; 15:17). Elifase e ne e le losika la ga Esau (Gen. 36:11). b. Bildad, who bases his advice on tradition. (See 8:8-10; 18:5-20.) Bildad was a descendant of Abraham and Keturah. (See Gen. 25:2.) b. Biletate, yo o neng a lebisitse kgakololo ya gagwe mo moetlong / setsong. (8:8-10; 18:5-20). Biletate e ne e le wa losika la ga Aborahame le Ketura. (Gen. 25:2). c. Zophar, who bases his advice on his believed. (See 11:6; 20:4.) Zophar was from the land of Naamah. c. Sofare, yo o neng a lebisitse kgakololo ya gagwe mo tumelong ya gagwe. (11:6; 20:4). Sofare o ne a tswa kwa lefatsheng la Naama. d. Elihu, who seems to base his advice on youth alone. (See 32:6-10.) Elihu was a descendant of Nahor, Abraham's brother. (See Gen. 22:21.) d. Elihu, yo o neng a lebisitse kgakololo ya gagwe mo bosheng a le mongwe fela. (32:6-10). Elihu e ne e le wa losika la ga Nahore, mogoloe Aborahame. (Gen. 22:21). e. Job's wife, who bases her advice on unbelief. (See 2:9.) e. Mosadi wa ga Jobe, yo o neng a beile kgakololo ya gagwe mo go dumeleng (2:9). 7. The statements from Job's various "friends" cannot be used for doctrinal purposes, for they are often wrong. 7. Dipuo tse di neng di buiwa ke ditsala tsa ga Jobe tse di farologaneng, di ka se dirisiwe go nna tsa thuto, gonne di na le diphoso tse dintsi. a. God rebukes them for not speaking the truth about him; see 42:7. a. Modimo o ne wa ba kgalemelela go sa bueng nnete ka ga gagwe; 42:7. b. They were also wrong in calling Job a hypocrite. (See 8:12; 15:34; 20:5; 34:30.) God, however, had found no fault in him. (See 1:8; 2:3.) b. Ba ne ba le phoso go bitsa Jobe moitimokanyi. (8:12; 15:34; 20:5; 34:30). Modimo ga a ka a bona phoso epe mo go ena. (1:8; 2:3). 8. The book of Job is an extended comment on Luke 22:31, 32 and Hebrews 12:7-11. 8. Buka ya ga Jobe ke tlaleletso ya ditema tsa Luke 22:31, 32 le Baheb. 12:7-11. A. Job's terrible trials (Job 1-2). A. Diteko tse di botlhoko tsa ga Jobe (Jobe 1-2) 1. The nature of these trials. 1. Tlholego ya diteko tse. a. First trial: His oxen and donkeys are stolen and his farm workers are killed by a Sabean raid. a. Teko ya ntlha: Dipholo le diesele tsa gagwe ba di thopa mme batlhanka ba gagwe ba bolawa ke ba Seba. b. Second trial: His sheep and herdsmen are burned up by fire. b. Teko ya bobedi: Molelo wa fisa dinku le batlhanka wa ba nyeletsa. c. Third trial: His camels are stolen and his servants killed by a Chaldean raid. c. Teko ya boraro: Dikamela tsa thopiwa mme batlhanka ba bolawa ke Bakalatea. d. Fourth trial: His sons and daughters are killed in a mighty wind. d. Teko ya bone: Bomorwawe le bomorwadie ba bolawa ke ledimo le legolo. e. Fifth trial: Job himself is struck with a terrible case of boils. e. Teko ya botlhano: Jobe a betswa ka diso tse dintsi. 2. The reason for these trials. 2. Mabaka a diteko tse. A conversation takes place in heaven between God and Satan concerning Job. The devil charges that Job only worships God because of two selfish benefits: Puisano e ne e le magareng ga Modimo le Satane kwa legodimong ka ga Jobe. Satane a latofatsa Jobe gore o obamela Modimo ka ntlha ya dilo tse pedi tse a di fiwang: a. Because God has given him much wealth. a. Ka gonne Modimo a mo file khumo e ntsi. b. Because God has given him good health. b. Ka gonne Modimo a mo file boitekanelo jo bo siameng. Satan argues that if he could but remove these two things Job would curse God to his face. To prove Satan wrong God gives him permission to remove both Job's wealth and health. It should be noted here that Satan cannot tempt a believer without God's permission. Satane a kopa gore go ntshiwe dilo tse pedi tse mo go Jobe foo o tla itatola Modimo a lebaganye nae. Go bontsha gore Satane o fositse, Modimo a letlelela Satane go tlosa dikhumo tsa ga Jobe le boitekanelo jwa gagwe. Go elwe tlhoko gore Satane a ka se raele modumedi ntle le go letlelelwa ke Modimo. B. His whimpering wife (2:9, 10). B. Mosadi wa gagwe yo o senang tumelo (2:9, 10). "Then said his wife unto him, Dost thou still retain thine integrity? Curse God, and die. But he said unto her, Thou speakest as one of the foolish women speaketh. What? Shall we receive good at the hand of God, and shall we not receive evil? In all this did not Job sin with his lips." “Ke fa mosadi wa gagwe a mo raya a re: A o santse o tshegeditse tshiamo ya gago, itatole Modimo o swe! Mme a mo raya a re: le wena o bua jaaka mongwe wa basadi ba e leng dieleele. A re ka amogela tse di molemo mo Moreneng, mme tse di botlhoko tsona ra di gana? Mo go tsotlhe tseo, Jobe a seke a leofa ka molomo wa gagwe.” C. His fickle friends (4-37). C. Ditsala tsa gagwe tse di tletseng go mokgoba (4-37). It has been pointed out that his friends came to sympathize, but stayed on to preach. At any rate, Job's three "friends" delivered eight messages, all with, to the long-suffering patriarch. Go supilwe fa ditsala tsa gagwe di ne di tlile go mo gomotsa, mme ba nna go mo rerela. Ka sebaka seo, ditsala tse tharo tsa ga Jobe ba ntsha melaetsa e le robedi ga mmogo le mogale yo o sotlegang o. Eliphaz preached three of these (Job 4-5; 15; 22); Elifase a rera e le meraro ya yona (Jobe 4-4; 15; 22); Bildad, preached three (ch. 8; 18; 25); Biletate, a rera e le meraro (8; 18; 25); Zophar, preached two (11; 20). Sofare, a rera e le mebedi (11;20). When they finished a young "preacher boy" named Elihu speaks for almost six chapters (32-37). Fa ba se na go fetsa, “mosimane wa moreri” yo o bidiwang Elihu a bua mo dikgaolong di le thataro (32-37). Following is a brief summary of their speeches and of Job's defense. Tse di latelang ke tshobokanyo ya melaetsa ya bona le boikarabelo jwa ga Jobe. The speeches of Eliphaz (ch. 4, 5, 15, 22). See Genesis 36:10. Melaetsa ya ga Elifase (kg. 4, 5, 15, 22). Genesi 36:10. 1. He claimed Job was suffering for his sins. "Remember, I pray thee, who ever perished, being innocent? Or where were the righteous cut off? Even as I have seen, they that plow iniquity, and sow wickedness, reap the same" (4:7, 8). "Thine own mouth condemneth thee, and not I: yea, thine own life testify against thee" (15:6). 1. A bua gore Jobe o sotlega ka ntlha ya boleo jwa gagwe. “A ko o akanye: ke mang yo o latlhegileng a se na molato? Ke bafe basiami ba ba nyeleditsweng? Ka fa ke boneng ka teng, ba ba lemang boikepo le ba ba jwalang tatlhego ba roba tsona tseo” (4:7, 8). “Ga se nna ke go sekisang, o sekisewa ke molomo wa gago, mafoko a gago a supa ka ga gago” (15:6). He then accuses Job of the following: A latofatsa Jobo ka tse di latelang: a. That he had cheated the poor (22:6). a. Gore o tsieditse bahumanegi (22:6). b. That he had withheld bread from the hungry (22:7). b. Ga a jesa bao ba tshwerweng ke tlala dijo (22:7). c. That he had mistreated widows and orphans (22:9). c. Ga a ka a tshola batlholagadi le masiela sentle (22:9). 2. He bases his conclusions on personal experience. (See 4:8, 12-16; 5:3, 27; 15:17). 2. A lebisa bokhutlo jwa puo ya gagwe mo boitemogelong jwa botshelo jwa gagwe. (4:8, 12-16; 5:3, 27; 15:17). 3. He relates his night vision.(4:12-17). 3. A lebanya puo ya gagwe le pono ya gagwe ya bosigo. (4:12-17). 4. He urges Job to repent and turn back to God (22:21-28). "If thou return to the Almighty, thou shalt be built up, thou shalt put away iniquity very far from thy tents" (22:23). 4. A rotloeletsa Jobe go sokologa le go boela kwaModimong (22:21-28). “Fa o boela kwa go Mong-wa-thata-yotlhe, fa o ikokobetsa o tlosa tshiamololo mo lelapeng la gago” (22:23). The speeches of Bildad (ch. 8; 18; 25). Melaetsa ya ga Biletate (kg. 8; 18; 25). 5. He claimed Job was suffering for his sins. "Behold, God will not cast away a perfect man, neither will he help the evildoers" (8:20). 5. A bua gore Jobe o sotlega ka ntlha ya boikepo jwa gagwe. “Bona Jobe, Modimo ga o latlhe yo o o boifang, mme ga o eme basenyi mo nokeng” (8:20). 6. He bases his conclusions on tradition. "For inquire, I pray thee, of the former age, and prepare thyself to the search of their fathers" (8:8). (See also 8:9, 10.) 6. A lebaganya bokhutlo jwa molaetsa wa gagwe mo setsong. “Ee, a ko o botse batho ba kgale, o ele tlhoko se borrabo ba se tlhotlhomisitseng” (8:8). (8:9, 10). 7. He urges Job to repent and turn back to God. "If thou wouldest seek unto God betimes, and make thy supplication to the Almighty; If thou wert pure and upright; surely now he would awake for thee, and make the habitation of thy righteousness prosperous" (8:5, 6). 7. A kopa Jobe gore a sokologe a boele kwa Modimong. “Mme fa wena o batla Modimo, o kopa bopelotlhomogi mo go Mong-wa-thata-yotlhe fa o sena molato, o le yo o siameng. Ee, foo o tla go ngoka gape, a busetsa tlhogonolo ya lapa la gago” (8:5, 6). The speeches of Zophar (11:4, 5). Melaetsa ya ga Safore (11:4, 5). 8. He claimed Job was suffering for his sins. "For thou hast said, My doctrine is pure, and I am clean.... But oh, that God would speak, and open his lips against thee. . . .Know, therefore, that God exacteth of thee less than thine iniquity deserveth" (11:4-6). "Knowest thou not this of old, since man was placed upon the earth, that the triumphing of the wicked is short, and the joy of the hypocrite but for a moment" (20:4, 5). 8. A bua gore Jobe o sotlega ka ntlha ya boleo jwa gagwe. “Kana o rile: Thuto ya me ke e e phepa, ke itshekile … E kete Modimo a ka bula molomo … Foo o ka bo o itse gore Modimo o itebatsa molato wa gago” (11:4-6). “A ga ke re o itse tsa bogologolo go tloga kgale, fa go tlholwa batho mo lefatsheng? Tse di reng moduduetso wa baikepi o mokhutshwane fela; boitumelo jwa ba ba pelompe ke jwa sebakanyana fela” (20:4, 5). 9. He bases his conclusions on sheer dogmatism (believeth). (See 11:6; 20:4.) 9. A feleletsa bokhutlo jwa puo ya gagwe ka tumelo. (11:6; 20:4). 10. He urges job to repent and turn back to God. "If thou prepare thine heart, and stretch out thine hands toward him. If iniquity be in thine hand, put it far away, and let not wickedness dwell in thy tents. For then shalt thou lift up thy face without spot; yea, thou shalt be steadfast, and shalt not fear" (11:13-15). 10. A kopa Jobe gore a sokologe a boele kwa Modimong. “Fa wena o baakanya pelo ya gago, fa o o tsholeletsa diatla, fa ditla tsa gago di na le bokgopo, bo tlose! A tshiamololo e se nne mo lapeng la ga eno! Ee, foo sefatlhego sa gago o tla se tsholetsa o se na molato, o tla bo o tlhomame o sa boife sepe” (11:13-15). The speech of Elihu (ch. 32-37). Molaetsa wa ga Elihu (kg. 32-37). 11. He waits awhile before speaking because of his youth (32:4-7). 11. A ema go se nene pele a bua ka ntlha ya bosha jwa gagwe (32:4-7) 12. However, once begun, he feels as confident and qualified to straighten out Job as the former three did. In fact, he actually suggests that he is the one whom Job seeks! "Behold, I am according to thy wish in God's stead; I also am formed out of the clay" (33:6). 12. Mme fela a simolola go bua, le go ikutlwa a na le tshepo le tshwanelo ya go bua le Jobe fela jaaka ba bararo ba dirile. O ile a tshitshinya gore ke ene yo Jobe a mo tlhokang! “Bona ke tshwana le wena fa pele ga Morena. Le nna ke ngathilwe mo lotsopeng” (33:6). 13. Elihu is angry at all four, at Job because of his self-righteousness, and at the three friends because they had "found no answers, and yet had condemned Job" (32:3). 13. Elihu o ne a ba galefetse botlhe ka bone (4) jwa bone, Go Jobe o ne a re o itira mosiami, mo go ba bararo ka gonne ba ne ba sa bona dikarabo, mme ba hutsitse Jobe” (32:3). 14. He accuses Job of both foolish speaking (34:35-37; 36:16) and false righteousness (35:2). 14. A latofatsa Jobe ka go bua bosilo (34:35-37; 36:16) le ka ga tshiamo ya maaka (35:2). 15. He exhorts Job to consider God's glory and his greatness (37:14-24). 15. A rotloeletsa Jobe go lemoga Kgalalelo ya Modimo le bogolo jwa gagwe (37:14-24). D. The defenses and dialogues of Job. D. Dikarabo le dipuisano tsa ga Jobe. The suffering patriarch responds to his accusers in nine separate speeches. Mogale yo o sotlegang a araba balatofatsi ba gagwe ka melaetsa e robongwe e e kgaoganeng. First: chapter 3; Sa ntlha: Kgaolo ya 3; Second: 6-7; Sa bobedi: 6-7; Third: 9-10; Sa boraro: 9-10; Fourth: 12, 13, 14; Sa bone: 12, 13, 14; Fifth: 16-17; Sa botlhano: 16-17; Sixth: 19; Sa borataro: 19; Seventh: 21; Sa bosupa: 21; Eighth: 23-24; Sa borobedi: 23-24; Ninth: 26-31 Sa borobongwe: 26-31 During these nine speeches Job discusses fourteen topics. Mo dikarabong tsa gagwe tse robongwe, Jobe a bua ka ditlhogo di le 14. These are: Tsona ke: 1. I am righteous, and therefore not suffering for my sin (27:6; 31:1-30). "My righteousness I hold fast, and will not let it go; my heart shall not reproach me as long as I live" (27:6). 1. Ke mosiami, ka moo ga ke sotlegele boleo jwa me (27:6; 31:1-30). “Ke itshwarelela mo tshiamong ya me, ga nkitla ke e lesa; pelo ya me ga e nkgalemele ka letsatsi lepe la me” (27:6). 2. In the past I have performed many good works (29:12-17; 30:25). 2. Mo nakong e e fitileng ke dirile ditiro tse dintsi tse di siameng (29:12-17; 30:25). 3. In those good days when I enjoyed health, wealth, and respect (29:1-11, 20-25). 3. Mo matsatsing a ke neng ke itumelela boitekanelo jo bontle, khumo le tlotlego (29:1-11, 20-25). 4. But now I am being unfairly punished by God (9:16, 17, 30, 31, 32, 33; 13:26, 27, 10:2, 7, 8; 19:6-11; 30:20, 21). 4. Mme jaanong ke otlhaiwa ke Modimo ke sa tshwanelwa (9:16, 17, 30, 31, 32, 33, 13:26, 27, 10:2, 7, 8; 19:6-11; 30:20, 21). 5. My three so-called friends are miserable comforters (12:2; 13:4; 16:2; 19:3). 5. Ditsala tsa me tse tharo ke bagomotsi ba ba utlwisang botlhoko (12:2; 13:4; 16:2; 19:3). 6. If they were in my place I would help them and not unjustly accuse them (16:4, 5). 6. Fa ba ne ba le mo tulong ya me, nka bo ke ba thusa eseng go ba latofatsa. (16:4, 5). 7. Even my neighbors, associates, and servants have turned against me (19:13-22; 30:1, 9,10). 7. Baagisane, le ba ke neng ke tlwaelane nabo le batlhanka ba mphetogetse (19:13-22; 30:1, 9, 10). 8. I wish I could find the answers for all this (28:12-28). 8. Ke eletsa go bona dikarabo tsa dilo tsotlhe tse (28:12-28). 9. I wish I could find God (23:8, 9). 9. Ke eletsa gore nka bona Modimo (23:8, 9). 10. My flesh is clothed with worms (7:5; 30:17, 18, 30). 10. Nama ya me e apere diboko (7:5; 30:17, 18, 30). 11. I wish I had never been born (3:3-11, 16; 10:18). 11. Ke eletsa gore nka bo ke sa tsalwa (3:3-11, 16; 10:18). 12. I wish I were dead (6:8, 9; 7:15, 16). 12. Ke eletsa gore nka bo ke sule (6:8, 9; 7:15, 16). 13. 1 have no hope (10:20-22). 13. Ga ke na tsholofelo epe (10 14. In spite of all, I'll trust God (13:15; 16:19; 23:10). 14. Mme mo go tsotlhe tseo, ke tla tshepa Modimo (13:15; 16:19; 23:10). E. His glorious God (38-41). E. Modimo o o galalelang wa gagwe (38-41). Suddenly from out of a whirlwind comes the mighty voice of God. The sullen Job is then subjected to a sixty-question quiz. Ka bonako ga tswa lentswe la Modimo mo ledimong. Jobe a tsena mo lenaneong la go botswa dipotso di le some a marataro ka tatelano. Note God's first series of questions (Job 38-39). Ela tlhoko dipotso tse di latellaneng tsa Modimo (Jobe 38-39). 1. Job 38:4: "Where wast thou when I laid the foundations of the earth? Declare, if thou hast understanding." 1. Jobe 38:4: “E rile ke thaya lefatshe wa bo o le kae? Bolela fa o na le kitso.” 2. Job 38:18: "Hast thou perceived the breadth of the earth? Declare if thou knowest it all." 2. Jobe 38:18: “A o lemogile bophara jwa lefatshe? Bolela fa o itse tseo tsotlhe.” 3. Job 38:19: "Where is the way where light dwelleth? and as for darkness, where is the place thereof?" 3. Jobe 38:19: “Tsela e kae e e yang kwa lesedi le nnang teng? Le felo ga lefifi go kwa kae?” 4. Job 38:24: "By what way is the light parted, which scattereth the east wind upon the earth?" 4. Jobe 38:24: “Tsela e kae e e yang kwa lesedi le abelwang teng, kwa phefo ya botlhabatsatsi e tsogang teng go ralala lefatshe? 5. Job 38:28: "Hath the rain a father? Or who hath begotten the drops of dew?" 5. Jobe 38:28: “A pula e na le rrayo? Gongwe marothodi a monyo a tsalwa ke mang?” 6. Job 40:2: "Shall he that contendeth with the Almighty instruct him? He that reproveth God, let him answer it." 6. Jobe 40:2: “A mongongoregi o rata go lwa le Mong-wa-thata- yotlhe? Yo o sekang le Modimo a a fetole.” Job's reply (40:4, 5): "Behold, I am vile; what shall I answer thee? I will lay mine hand upon my mouth. Once have I spoken; but I will not answer: yea, twice; but I will proceed no further." God's second series of questions (40:6-41:34). Karabo ya ga Jobe (40:4, 5): “Bona ga ke lekane. Nka araba ke reng? Ke buile gagwe, ga nkitla ke boelela; ee, gabedi, mme ga nkitla ke araba gape” Modimo a botsa dipotso tse dingwe gape (40:6-41:34). 7. Job 40:15: "Behold now behemoth, which I made with thee; he eateth grass as an ox." 7. Jobe 40:15: “A ko o bone kubu e ke e dirileng, jaaka le wena ke go dirile! E fula bojang jaaka kgomo.” 8. Job 41:1: "Canst thou draw out leviathan with an hook? Or his tongue with a cord which thou lettest down?" 8. Jobe 41:1: “A o ka goga kwena ka kobe le go gatelela loleme lwa yona ka lodi?” . Job's reply (42:1-5): "I know that thou canst do every thing, and that no thought can be withholden from thee. Who is he that hideth counsel without knowledge? Therefore have I uttered that I understood not; things too wonderful for me, which I knew not. Hear, I beseech thee, and I will speak: I will demand of thee, and declare thou unto me. I have heard of thee by the hearing of the ear; but now mine eye seeth thee: Wherefore I abhor myself, and repent in dust and ashes." Karabo ya ga Jobe (42:1-5): “Ke itse gore o kgona tsotlhe; ga o palelwe ke sepe se o se ikaeletseng. O rile ke mang yo o fifatsang maikaelelo a me, yo o se nang kitso? Ke ka moo ke buileng ke sena tlhaloganyo; ka bua metlholo e e mpalelang, e ke sa e itseng. Ke ne ke go utlwetse fela ka ditsebe, mme jaanong matlho a me a go bone: Ka moo ke a inyatsa, ke le loroleng le moloreng.” F. His bountiful blessings (42:7-17). F. Ditshegofatso tse di tseneletseng tsa gagwe (42:7-17). Job has been subjected to five fiery trials and has taken part in five painful debates, but now he receives at the hand of God a tenfold blessing. Jobe o ne a le mo ditekong di le tlhano le go tsaya karolo mo dipuisanong tse tlhano tse di botlhoko, mme jaanong o bona ditshegofatso go tswa mo seatleng sa Modimo ga lesome. 1. He is allowed to see the glory of God. 1. O letlelelwa go bona kgalalelo ya Modimo. 2. He sees himself as God sees him. (This is always a blessing.) 2. O ipona jaaka Modimo a mmona. (Seo ke tshegofatso ka metlha). 3. He is vindicated by God before the eyes of his three critical friends. 3. O siamisiwa ke Modimo mo pele ga matlho a ditsala tsa gagwe. 4. He discovers the joy of praying for these three friends. 4. O iponela boitumelo jwa go rapelela ditsala tsa gagwe. 5. His former health is fully restored. 5. Khumo ya gagwe ya pele ya nna teng gape. 6. He is comforted by his brothers and sister. 6. O gomodiwa ke bomorwarragwe le bokgaitsadie. 7. He is given double his former wealth. 7. O newa babedi go lekana le khumo ya pele ya gagwe. 8. He is given seven more sons and three more daughters. 8. A newa bomorwa ba le supa le bomorwadie ba le bararo. 9. He lives to enjoy his grandchildren and great-grandchildren. 9. A phela le go itumelela bana ba bana le bana-ba-bana-ba-bana. 10. He is given an additional 140 years-twice the number normally accorded a man. (See Ps. 90:10.) 10. A fiwa gape dingwaga gabedi tse di beetsweng motho go phela mo lefatsheng 140. (Pes. 90:10). STATEMENTS IN JOB MELAETSA YA GA JOBE 1. "He taketh the wise in their own craftiness (5:13). Quoted by Paul in 1 Corinthians 3:19. 1. “O o tshwarang batlhalefi ba ba boferefere (5:13). E nopotswe ke Paulo mo 1 Bakorinthe 3:19.” 2. "Behold, happy is the man whom God correcteth; therefore, despise not thou the chastening of the Almighty" (5:17). Quoted in Hebrews 12:5, 6. 2. “Itse he: Go sego motho yo Modimo a mo kgalemelang! Ka moo se nyatse kotlo ya Mong-wa-thata-yotlhe” (5:17). E nopotswe mo Bahebera 12:5, 6. 3. "Neither is there any daysman between us that might lay his hand upon us both" (9:33). The word daysman refers to a mediator. In the New Testament of course, all this would change. See 1 Timothy 2:5. 3. “Ga go na motsereganyi fa gare ga rona yo o ka bayang seatla sa gagwe mo go ona le mo go nna” (9:33). Mo Testamenteng e Ntshwa dilo tsotlhe di tlile go fetoga. 1 Timotheo 2:5. 4. "Man that is born of a woman is of few days, and full of trouble. He cometh forth like a flower, and is cut down; he fleeth also as a shadow, and continueth not" (14:1,2) 4. “Motho, ngwana wa mosadi, ke wa matsatsi a se kae, o kgora matshwenyego. O tlhoga jaaka sethunya a ba a swaba, o tshaba jaaka moriti ga a na tlhomamo” (14:1, 2). 5. "They have gaped upon me with their mouth; they have smitten me upon the cheek reproachfully; they have gathered themselves together against me. God hath delivered me to the ungodly, and turned me over into the hands of the wicked" (16:10, 11) 5. “Ba nkatlhamolosetsa melomo, ba ntitaya marameng ka kgobo, ba nkgobokanela go lwa le nna. Modimo o nneetse ba ba sokameng, wa ntatlhela diatleng tsa baikepi” (16:10, 11). 6. "Also now, behold , my witness is in heaven, and my record is on high" (16:19). 6. “Le jaanong bonang mosupi wa me o kwa legodimong, ee, moemedi wa me o kwa godimodimo” (16:19). 7. "But he knoweth the way that I take; when he hath tested me, I shall come forth as gold" (23:10). 7. “Gonne Modimo o itse tsamao ya me, fa o tla nteka, ke tla tswa jaaka gauta.” (23:10). 8. "He stretcheth out the north over the empty place, and hangeth the earth upon nothing" (26:7). 8. “Ona o tsharolola bokone godimo ga leboa, a lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe” (26:7). 9. "Oh, that I knew where I might find him, that I might come even to his seat!" (23:3).This problem was solved through the incarnation of Christ. See John 1:18, 45. 9. “Ao! Nka bo ke itse kwa nka o fitlhelang teng, gore ke eme fa pele ga sedulo sa ona!” (23:3). Bothata bo bo ile jwa rarabololwa ke go bonagala ga Kresete. (Joh. 1:18:45. 10. "How then can man be justified with God? Or how can he be clean that is born of a woman?" (25:4). Problem solved through the death of Christ. See Romans 4:24, 25; 5:1. 10. “Motho a ka nna jang mosiami mo pele ga Modimo?” (25:4). Bothata bo bo ile jwa rarabololwa ke loso la ga Kresete. Baroma 4:24, 25; 5:1. 11. "If a man die, shall he live again?" (14:14). Problem solved through the resurrection of Christ. 11. “Fa motho a swa, a, a ka phela gape?” (14:14). Seo se rarabolotswe ka tsogo ya ga Kresete. 12. "For I know that my redeemer liveth, and that he shall stand at the latter day upon the earth: And though after my skin worms destroy this body, yet in my flesh shall I see God" (19:25, 26). 12. “Mme nna ke a itse gore Mogolodi wa me o a phela, ke ene yo o nnelang ruri, o tla ema mo godimo ga lorole. Mme ke tla bona Modimo ke se na letlalo le le sentsweng ke dilo tse, ke se na nama ya me” (19:25, 26). SOME REASONS FOR JOB'S SUFFERINGS MABAKA MANGWE A TSHOTLEGO YA GA JOBE 1. That Satan might be silenced (1:9-11; 2:4, 5). 1. Gore Satane a didimadiwe (1:9-11; 2:4, 5). 2. That Job might see God (42:5). 2. Gore Jobe a bone Modimo (42:5). 3. That Job might see himself (40:4; 42:6). 3. Gore Jobe a tle a ipone (40:4; 42:6). 4. That Job's friends might learn not to judge (42:7). 4. Gore ditsala tsa ga jobe di ithute gore ga di a tshwanela go atlhola (42:7). 5. That Job might learn to pray for, rather than to lash out against his critics (42:10). 5. Gore Jobe a ithute go rapela go na le go nna kgatlhanong le matshwenyego (42:10). 6. To demonstrate that all God's plans for his own eventually have happy endings (42:10). 6. Go bontsha gore dithulaganyo tsotlhe tsa Modimo ka ga gagwe di na le bokhutlo jo bo itumedisang (42:10). ADDITIONAL INFORMATION MOLAETSA WA TLALELETSO THE POETIC BOOKS ENCLUDING JOB DIBUKA TSA POKO GO AKARETSA LE YA JOBE (THE WRITINGS OF THE PERIOD OF THE UNITED KINGDOM) PSALMS, PROVERBS, ECCLESIASTES, SONG OF SOLOMON (DIKWALO TSA NAKO YA PUSO E E KOPANENG) PESALOME, DIANE, MORERI, SEFELA SA GA SOLOMONE A WORD ABOUT HEBREW POETRY. LEFOKO KA GA POKO YA SEHEBERA. Most of poetry is rhyme (sounds alike) or rhythm. But in Hebrew poetry there is neither rhyme nor rhythm. There are ideas that are alike. Dipoko tse dintsi di a tshwana ka moretheto. Mme mo pokong ya Sehebera ga go na le fa e le morethetho ope. Ke dikakanyo di tshwanang fela. This takes three forms: Se se dira dikarolo tse tharo tse: A. The second part agrees with the first and develops, or completes it. A. Karolo ya bobedi e dumallana le ya ntlha le go e aga, kgotsa go e feleletsa. Here are some examples: Fa ke dikai di se kae: "The righteous shall flourish like the palm tree; He shall grow like a cedar in Lebanon." (Psa. 92:12) “Mosiami o tla tlhoga jaaka mokolane a gole jaaka setlhare sa mosetere wa Lebanona.” (Pes. 92:12). "God is our refuge and strength, A very present help in trouble." (Psa. 46:1) “Modimo ke botshabelo jwa rona le thata ya rona, o itshupile gantsi e le thuso mo ditlalelong.” (Pes. 46:2) "The law of the Lord is perfect, restoring the soul; The testimony of the Lord is sure, making wise the simple." (Psa. 19:7) “Molao wa Morena o botlalo o lapolosa mowa; tshupo ya Modimo e a ikanyega, e tlhalefisa yo o sa tlhalefang.” (Pes. 19:7). Notice they are not identical, but the second completes and develops the first. See Psalm 30:11. Ele tlhoko gore ga di tshwane, mme ya bobedi e feleletsa le go agalela ya ntlha. (Pes. 30:11). Psalm 1:1-3 is an example of triple parallelism. Pesalome 1:1-3 ke sekai se boraro jo bo lekalekanang e bile di tsamaisana. B. The second part is opposite to the first. B. Karolo ya bobedi ga e tshwane le ya ntlha. Here are a few examples of these opposite ideas. The book of Proverbs has many of these. Fa ke dikai di se kae ka dikakanyo tse di sa tshwaneng. Buka ya Diane e na le bontsi jwa tsona. "Trust in the Lord with all thine heart; And lean not upon thine own understanding." (Prov. 3:5) “Ikanye Morena ka pelo yotlhe; Mme o se ikaege ka tlhaloganyo ya gago” (Diane 3:5). "Faithful are the wounds of a friend: But the kisses of an enemy are deceitful." (Prov. 27:6) “Dintho tse di ntshitsweng ke morati di a ikanyega; Mme dikatlo tsa motlhoi di a aketsa.” (Diane 27:6). "The house of the wicked shall be overthrown; But the tent of the upright shall flourish." (Prov. 14:11) “Matlo a baikepi a tla senngwa; Mme lelapa la ba nnete le tla kgaba” (Diane 14:11). In the following example we have a series of contrastive parallels. Mo dikaing tse di latelang, re na le ditematsa tse di ganetsanang. "Behold, My servants shall eat: But ye shall be famished. Behold, My servants shall drink; But ye shall be thirsty. Behold, My servants shall rejoice; But ye shall be confounded." (Isa. 45:13) “Bonang, Batlhanka ba me ba tla ja; Mme lona le tla tshwarwa ke tlala. Bonang, Batlhanka ba me ba tla nwa; Mme lona lo tla nyorwa; Bonang, Batlhanka ba me ba tla itumela Mme lona le tla hutsafadiwa.” C. Two pairs (four lines) are used to express one complete idea. C. Mela ka bobedi bobedi e dirisiwa go tlhalosa kakanyo e le nngwe e e feletseng. "The Eye that mocketh at his father, And despiseth to obey his mother; The ravens of the valley shall pick it out, And the young vultures shall eat it." (Prov. 30:17) “Leitlho le le sotlang rralo, Le le le nyatsang mmaalo, Magakabe a molatswana a tla le gonya, Manongnyana a tla le ja.” (Diane 30:17). Following is another example of the same but in a different form. Sekai se se latelang se a tshwana le se se fa godimo mme se le ka sebopego se se farologaneng. "These trust in chariots, and these in horses; But we boast the name of Jehovah our God. They are bowed down, yea are fallen: But we are arisen and stand upright." (Psa. 20:7,8) “Bangwe ba boka dikoloi le dipitse tsa tlhabano; Mme rona re boka Leina la Morena Modimo wa rona. Bao ba obegile ba wa, Mme rona re tsogile re eme ka tlhomamo.” (Pes. 20:7, 8) Another example: Psalm 135:15-18. Sekai se sengwe: Pesamolome 135: 15-18. "The idols of the heathen are silver and gold, The work of men's hands. They have mouths but they speak not; They have eyes but they see not; They have ears but they hear not; Neither is there any breath in their mouths; They who make them are like unto them; So are all they who put their trust in them." “Medimo ya diseto ya Basitshaba ke selefera le gauta, Ke tiro ya diatla tsa batho. E na le melomo mme ga e bue; E na le matlho mme ga e bone; E na le ditsebe mme ga e utlwe; Mme le gona ga go na mowa mo melomong ya yona. Badiri ba yona ba tla tshwana nayo le botlhe ba ba e ikanyang” (Pes. 135:15-18). Nothing is harder than to translate poetry from one language into another; but Hebrew poetry can be translated into any language without affecting its beauty or force. Ga go na selo se se thata jaaka go fetola poko go tswa mo puong e nngwe go ya go e nngwe; mme poko ya Sehebera e ka fetolelwa mo puong nngwe le nngwe ntle le go senya bontle le maatla a yona. THE BOOK OF JOB BUKA YA JOBE Although Genesis comes first in our Bible it may not have been written first. The book of Job may have been written even earlier than Genesis. The book of Job may be the oldest book in the world. It is a book on human experience. The Book of Job is the greatest poem in the world's great literatures. Le fa Genesi e tla pele mo Beibeleng, e ka tswa e sa kwalwa ya pele. Buka ya Jobe e ka ne e kwetswe pele ga go kwalwa ga Genesi. Buka ya Jobe e ka ne e le buka ya bogologolo mo lefatsheng. Ke buka ya boitemogelo jwa motho. Buka ya Jobe ke e kgolo mo bokwading jwa poko mo lefatsheng lotlhe. I. SUBJECT AND METHOD. I. THUTO LE MOKGWA WA BUKA. The subject is the problem of suffering, especially when it affects the godly. Job’s book is poetry in conversation. Job's three friends represent different mental attitudes towards suffering. Thuto ke ka ga bothata jwa tshotlego, bogolobogolo fa e tlela baitshepi. Buka ya Jobe ke poko mo puisanong. Ditsala tsa ga Jobe tse tharo di emela dikakanyo tse di farologaneng ka maitsholo a isang tshotlegong. The poem then ends in a Divine intervention. It is a pity that in our Authorized Version this mighty poem is not reproduced in its poetic form.. In the Book of Job, the poem starts at chapter 3. Chapters 1 and 2 are not poetry, but an historical introduction to the poem. The poem ends at chapter 42:6, with Job's words: Poko e, e fela ka poelano e e kgethegileng. Ke ka bomadimabe fela gore poko e mo Beibeleng ya Authorized Version ga e a tlhagisa mo sebopegong sa yona sa poko. Mo bukeng ya Jobe, poko e simolola ka kgaolo ya boraro. Kgaolo 1 le 2 ga se poko, mme ke ditiragalo tse di re isang kwa pokong. Poko e felela mo kgaolong ya 42:6, ka mafoko a ga Jobe: "I had heard of Thee by the hearing of the ear; But now mine eye seeth Thee: Wherefore I abhor myself And repent in dust and ashes." “Ke ne ke go utlwetse fela ka ditsebe, Mme jaanong matlho a me a go bonye: Ka moo ke a inyatsa, ke a ikotlhaya Ke le mo loroleng le mo moloreng” The final eleven verses of the book are an historical closing to the poem. Ditemana tse some le bongwe tsa bofelo ke tsa ditiragalo tse di tswalelang poko. II. OBJECT AND MESSAGE II. SEDIRISWA LE MOLAETSA The general object of the book is to "justify the ways of God to man." The special purpose of the book is to show that there is a compassionate Divine purpose in the sufferings of the godly, and if we did but know this we could not reconcile life's sufferings with God's divine purpose. If Job could have seen what was taking place in heaven before his trial came, as we are permitted to; and if Job could have but known before the outcome of the suffering as God knew, how would he have reacted different. Job did not know. To miss point this is to miss the point of the whole book. Sediriswa se se namileng sa buka e ke go “siamisa ditsela tsa Modimo go motho.” Bokao jo bo kgethegileng jwa buka e ke go bontsha gore go na le maikaelelo a a kgethegileng mo tshotlegong ya ba e leng ba Modimo, mme fa re sa itse se, re ne re ka se ke ra boelana le Modimo ka dipogisego tsa botshelo mo maikaelelong a a kgethegileng a Modimo. Fa Jobe a ka be a bone se se diragetseng kwa legodimong pele a lekwa, jaaka re letleletswe; le fa Jobe a ne a itse ka ga ditlamorago tsa tshotlego e jaaka Modimo a ne a itse, o ne a tla itshwara ka tsela e nngwe. Jobe o ne a sa itse. Go fosa ntlha ke go fosa ntlha ya buka e yotlhe. Here is the message of the book: We are to see that there was an explanation for the suffering even though Job and his friends did not know it, so that when sufferings and problems come our way we may know there is a purpose for it. Job was not meant to know the explanation of the trial. If he had known, there would have been no place for faith There was an explanation to Job's sufferings, but Job did not know it and he was not meant to know it. The problem is, why do the godly suffer? The purpose of the book is to show that suffering fulfills a Divine purpose. The central message of Job then, may be expressed as BLESSINGS THROUGH SUFFERING. Through tragedy comes blessed discovery. Self is slain and God is known through trial. The book is a illustration of Romans 8:28 and Hebrews 12:11. Fa ke molaetsa wa buka e: Re tshwanetse go bona gore go ne go na le tlhaloso ya tshotlego e le fa Jobe le ditsala tsa gagwe ba ne ba sa itse, gore fa tshotlego e re tlela re itse gore go na le maikaelelo ka yona. Jobe o ne a se na tlhaloso ya teko ya gagwe. Fa e ne e le gore o a itse, go ne go se kitla go nna le bonno jwa tumelo. Go ne go na le tlhaloso ya tshotlego ya ga Jobe, mme o ne a sa e itse le gona o ne a sa tshwanela go e itse. Bothata ke gore, goreng batho ba Modimo ba sotlega? Maikaelelo a buka e ke go bontsha gore tshotlego e diragatsa maikaelelo a se se Kgethegileng. Molaetsa o o mo magareng ga Jobe, o ka tlhalosiwa ka gore ke, DITSHEGOFATSO KA NTLHA YA TSHOTLEGO. Ka tshotlego go tla pholo e e tshegofaditsweng. Go bolawa bonna mme Modimo o itsewe ka ntlha ya teko. Buka e ke tshwantshiso ya Baroma 8:28 le Bahebera 12:11. III. IS JOB FACT OR FICTION? III. A JOBE KE NNETE KGOTSA KGANG YA SETSHWANTSHO? It has been argued that this book is not historical fact and that Job was not a real person. Others say the book is partly true, Job was a real person, but the story is just a story and not a record of an event which happened. That this book is a record of historical facts is settled by the testimony of other Scriptures. See Ezek. 14:14, 20 and James 5:11. Go ile ga ngongoregwa gore buka e ga se ya ditiragalo tsa nnete le gore Jobe e ne e se motho wa nnete. Bangwe ba re bontlha nngwe jwa buka ke nnete, Jobe e ne e le motho wa nnete, mme kgang ke kgang fela e seng ya dilo tse di diragetseng. Gore buka e ke ya ditiragalo tsa nnete, e supilwe mo Dikwalong tse dingwe. (Hes. 14:14, 20 le Jakobe 5:11). In the first two chapters we have an discussion between God and Satan. There are some very important truths revealed here. Mo dikgaolong tse pedi tsa ntlha re na le dipuisano magareng ga Modimo le Satane. Go na le nnete e e botlhokwa e e bonagetseng fa. A. Satan (a fallen angel) is accountable to God. A. Satane (moengele yo o weleng) o a ikarabela mo pele ga Modimo. 1. Angel beings must at times present themselves to give account of their actions. 1. Baengele ba ne ba tle ba bonale fa pele ga Modimo ka dinako dingwe go ikarabela mo ditirong tse ba di dirileng. 2. Satan did not just have the freedom to come or not he had to come. 2. Satane o ne a se na kgololosego ya go tla kgotsa ya gore a se ke a tle. 3. He is under God’s authority. 3. O mo tlase ga thata ya Modimo. B. Satan's knew and hated Job for two reasons: B. Satane o ne a itse le go tlhoela Jobe mabaka a mabedi: 1. Job love God and faithfully served Him. 1. Jobe o ne a rata Modimo a mo direla ka botshepegi. 2. God had blessed Job with wealth 2. Modimo o ne a tshegofaditswe Jobe ka khumo. C. Satan is behind the evils of this earth. C. Satane o ka fa morago ga bosula jwa lefatshe le. D. Satan is not omnipresent nor omniscient. D. Satane ga a gotlhe le e seng mo tlhagong yotlhe. He can be in only one place at a time. O kgona go nna mo tulong e le nngwe ka nako e le nngwe. E. Satan can do nothing without God’s permission. E. Satane ga a kgone go dira sepe ntle le go letlelelwa ke Modimo. F. Satan is limited by God as to what he can do. (1:12) F. Satane o lekanyetswa ke Modimo se a tshwanetseng go se dira (1:12). G. God's eyes are always on his people. God was watching Job G. Matlho a Modimo a ka dinako tsotlhe mo bathong ba ona. Modimo o ne a lebeletse Jobe. Study Questions for the United Kingdom Dipotso tsa Thuto ya Puso e e Kopanetsweng 1. Name the Poetic books _______________________________________________________________ 1. Neela ka maina a dibuka tsa poko _______________________________________________________________ 2. The 3 basic ways to study the Psalms are: 1) ___________________________________________________ 2) ___________________________________________________ 3) ___________________________________________________ 2. Mekgwa e meraro ya go ka ithuta Dipesalome ke: 1) ___________________________________________________ 2) ___________________________________________________ 3) ___________________________________________________ 3. List the 8 subjects into which the Psalms may be divided: 1) ________________________________________ 2) ________________________________________ 3) ________________________________________ 4) ________________________________________ 5) ________________________________________ 6) ________________________________________ 7) ________________________________________ 8) ________________________________________ 3. Neela ka dithuto tse robedi tse go ka kgaoganngwang Dipesalome ka tsona: 1) ________________________________________ 2) ________________________________________ 3) ________________________________________ 4) ________________________________________ 5) ________________________________________ 6) ________________________________________ 7) ________________________________________ 8) ________________________________________ 4. To imprecate is to _______________________________________________________________ 4. Go hutsa ke go ________________________________________________________________ 5. Who wrote the Degree or Ascent Psalms? (1) _________________________________________________ (2) _________________________________________________ (3) _________________________________________________ 5. Ke bomang ba ba kwadileng Dipesalome tsa ga tsholetsa Modimo? ________________________________________________________ 6. The ________________ Psalms were fulfilled by ______________ in the New Testament. 6. Dipesalome tsa __________________ di diragaditswe ke _________________ mo Testamenteng e Ntshwa. 7. Who wrote Proverbs? 1) ______________________________________ 2)_______________________________________ 3) _______________________________________ 4) _______________________________________ 7. Ke bo mang ba ba kwadileng Diane? 1) _______________________________________ 2) _______________________________________ 3) _______________________________________ 4) _______________________________________ 8. _________________ is the O. T. equivalent of the epistle of ______________________________________ 8. ____________________ Testamente e Kgologolo e lekana le tsa buka ya ______________________________________ 9. List 6 of the 11 timely themes: 1) __________________ 2) __________________ 3) ___________________ 4) __________________________ 5) ______________________ 6) _______________________________ 9. Neela ka ditlhogo di le thataro (6) go tswa mo go tse 11: 1) ____________________________ 2) ____________________________ 3) ____________________________ 4) ____________________________ 5) ____________________________ 6) ____________________________ 10. The word Ecclesiastes means: ______________________________________________________________ 10. Moreri ke gore: ______________________________________________________________ 11. The purpose of the book is to ______________________________________________________________ 11. Maikaelelo a buka e ke go ______________________________________________________________ 12. Solomon concludes that it is best if man: (1)___________________________________________________________ (2)____________________________________________________________ 12. Solomone o feleleditse ka gore go botoka fa motho a: (1) ____________________________________________________________ (2) ____________________________________________________________ 13. Give the 5 point outline of Song of Solomon: 1) __________________________________________ 2) __________________________________________ 3) __________________________________________ 4) __________________________________________ 5) __________________________________________ 13. Neela ka dintlha di le tlhano tsa lenaneo la Difela tsa ga Solomone: 1) ______________________________________ 2) ______________________________________ 3) ______________________________________ 4) ______________________________________ 5) ______________________________________ ADDITIONAL MATERIAL TLALELETSO YA DIKWALO 14. The first 17 books are about _______________ , the 5 poetical about _____________________________ 14. Dibuka tsa ntlha tse 17 di bua ka _____________________ , tse tlhano tsa poko di bua ka _______________________________________ 15. The first 17 concerned a _______________ , the poetical concerned _______________________________ 15. Tsa ntlha tse 17 di dira ka ______________________, tsa poko di dira ka _________________________________________ Study Questions for the UNITED KINGDOM - Part 2 Dipotso tsa thuto ya PUSO E E KOPANENG – Karolo 2 16. The 17 concern the Hebrew __________, the 5 have to with the ___________________________________ 16. Tse 17 di tshwenyegetse ________________ Bahebera, tse tlhano tsona di _____________________________________________________ 17. The oldest book in the world may be the book of ______________________________________________ 17. Buka ya bogologolo mo lefatsheng e ka ne e le buka ya _____________________________________________ 18. The subject is ____________________________________________________________________ 18. Thuto ya yona ke _________________________________________________________________ 19. _________________ is accountable to God. 19. _________________ a ikarabela fa pele ga Modimo. 20. Satan is not _________________________________ nor ________________________________________ 20. Satane ga a _______________________ le eseng _________________________ 21. Satan is ______________ as to how far he can go. 21. Satane o a __________________ gore a ka tsamaela bokgakala jo bo kae. 22. A proverb is a ____________________ in which a ____________________________ are chosen instead of _________________________________________________________________ 22. Seane ke ____________________ a a dirisitsweng le go tlhopiwa go na le go _________________________________________________________________ 23. What are the 3 different kinds of proverbs? 1) ________________________ 2) _______________________ 3) ________________________________________. 23. Ke mefuta efe e meraro ya Diane 1) _________________________________________ 2) _________________________________________ 3) _________________________________________. 24. The book of Ecclesiastes is a _______________________________________________________________ 24. Buka ya Moreri ke _______________________________________________________________ 25. The introductory words to the last book in this section are: _______________________________________________________________ 25. Mafoko a ketapela a buka ya bofelo a karolo e ke: _______________________________________________________________ 26. The Scriptural Key to the Song of Solomon is ________________________________________________ 26. Mafoko a pulo ya Dikwalo tsa Difela tsa ga Solomone ke _______________________________________________________________ 27. Write the 10 Commandments in short form on the back. 27. Kwala Melao e e Lesome ka boripana mo morago ga pampiri e ya dikarabo. 28. Write the O. T. Books in order THROUGH Song of Solomon on the back. 28. Kwala Dibuka tsa Testamente e Kgologolo ka tatelano go fitlha mo bukeng Difela tsa Difela tsa ga Solomone mo morago ga pampiri e. 32. I have read _______ % of the printed material. I have read from Gen. 1:1 to ___________ 32. Ke buisitse % tse ______ tsa buka e e kwetsweng. Ke Badile go tloga mo go Genesi 1:1 go fitlha go _________________. Exam Questions for the UNITED KINGDOM - Part 2 Dipotso tsa tlhatlhobo tsa PUSO E E KOPANENG – Karolo 2 Your Name: ______________________Date:_________ Leina la gago: ____________________ Letlha: ________ 1. Name the Poetic books ____________________________________________________________________ 1. Neela ka maina a dibuka tsa Poko ____________________________________________________________________ 2. The 3 basic ways to study the Psalms are: 1) ___________________________________________________ 2) _______________________________________ 3) ___________________________________________ 2. Mekgwa e meraro e e botlhofo ya go ithuta Dipesalome ke 1) _______________________________________________ 2) _______________________________________________ 3) _______________________________________________ 3. To imprecate is to ________________________________________________________________ 3. Go hutsa ke go ________________________________________________________________ 4. Who wrote the Degree or Ascent Psalms? (1) _________________________________________________ (2) _________________________________________________ (3) _________________________________________________ 4. Ke bo mang ba ba kwadileng Dipesalome tsa go tsholetsa Modimo? (1) ________________________________________________ (2) ________________________________________________ (3) ________________________________________________ 5. The ________________ Psalms were fulfilled by ______________ in the New Testament. 5. Dipesalome tsa _________________ di dirafaditswe ke _______________ mo Testamenteng e Ntshwa. 6. Who wrote Proverbs? 1) _______________ 2) ___________________ 3) ________________ 4) ______________________ 6. Ke bo mang ba ba kwadileng Diane? 1) ____________________ 2) ____________________ 3) ____________________ 4) ____________________ 7. _________________ is the O. T. equivalent of the epistle of ______________________________________ 7. ___________________ ya Testamente e kgologolo e lekana le buka ya thuto ya ga __________________________. 8. The word Ecclesiastes means: ______________________________________________________________ 8. Buka ya Moreri e raya gore: ______________________________________________________________ 9. The purpose of the book is to ______________________________________________________________ 9. Maikaelelo ka Buka e ke go ______________________________________________________________ 10. Solomon concludes that it is best if man: (1) __________________________________________________ (2)__________________________________________________________________ 10. Solomone o feleletsa ka gore se se botlhokwa ke gore motho: ____________________________________________________________________ ADDITIONAL MATERIAL TLALELETSO YA DIKWALO 11. The first 17 books are about _______________ , the 5 poetical about _____________________________ 11. Dibuka tse 17 tsa ntlha di ka ga ___________________ , le tse 5 tsa poko di ka ga __________________________________. 12. The first 17 concerned a _______________ , the poetical concerned _______________________________ 12. Tse 17 tsa ntlha di tshwenyega ka __________________ , tsa poko di tshwenyega ka ga __________________________ 13. The oldest book in the world may be the book of ______________________________________________ 13. Buka ya bogologolo mo lefatsheng e ka ne e le buka ya _________________________________________ 14. The subject is __________________________________________________________________ 14. Thuto ke gore __________________________________________________________________ 15. _________________ is accountable to God. 15. ______________________ ba ne ba ikarabela mo Modimo. 127