Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 55

Moengele wa ga Jehofa O ne A Sireletsa Hesekia

Moengele wa ga Jehofa O ne A Sireletsa Hesekia

Mmusomogolo wa Asiria o ne o gapile puso ya Iseraele ya ditso di le lesome. Jaanong kgosi ya Asiria e bong Senakaribe o ne a batla go gapa le puso ya ditso di le pedi ya Juda. O ne a simolola go gapa metse ya Juda ka bongwe ka bongwe. Mme motse o a neng a o batla thata ke Jerusalema. Senakaribe o ne a sa itse gore Jehofa o sireleditse Jerusalema.

Kgosi ya Juda e bong Hesekia o ne a duela Senakaribe madi a mantsi gore a se ka a tlhasela Jerusalema. Le fa Senakaribe a ne a tshotse madi ao, o ne a romela masole a gagwe a a maatla gore a ye go tlhasela Jerusalema. Fa masole a Asiria a ntse atamela Jerusalema, batho ba ne ba tshoga. Hesekia o ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tshoga. Baasiria ba maatla mme Jehofa o tla dira gore re nne maatla go ba feta.’

Senakaribe o ne a romela morongwa wa gagwe e bong Rabeshake go ya go dira metlae ka batho ba Jerusalema. Rabeshake o ne a ema kwantle ga motse a bo a goa a re: ‘Jehofa a ka se lo thuse. Lo seka lwa letla Hesekia a lo tsietsa. Ga gona modimo ope yo o ka lo sireletsang gore re se ka ra lo tlhasela.’

Hesekia o ne a botsa Jehofa gore a dire eng. Jehofa o ne a araba jaana: ‘O se ka wa tshosiwa ke se Rabeshake a se buang. Senakaribe a ka se tseye Jerusalema.’ Morago ga moo, Hesekia o ne a amogela makwalo a a tswang kwa go Senakaribe. Makwalo ao a ne a na le mafoko a a reng: ‘Ineele! Jehofa a ka se lo sireletse.’ Hesekia o ne a rapela jaana: ‘Tsweetswee, Jehofa, re boloke, gore batho botlhe ba itse gore ke wena fela Modimo wa boammaaruri.’ Jehofa o ne a mo raya a re: ‘Kgosi ya Asiria ga e na go tla mo Jerusalema. Ke tla sireletsa motse wa me.’

Senakaribe o ne a ithaya a re o tlile go gapa Jerusalema. Mme bosigo bongwe, Jehofa o ne a romela moengele wa gagwe go ya kwa masole a Asiria a neng a tlhomile ditente tsa bone gone. Moengele o ne a bolaya masole a le 185 000! Masole a a maatla a ga kgosi Senakaribe a ne a swa. O ne a tshwanelwa ke go boela gae a fentswe. Jehofa o ne a sireletsa Hesekia le Jerusalema jaaka a ne a solofeditse. Fa o ne o le kwa Jerusalema ka nako eo, a o ne o tla tshepa Jehofa?

“Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba boifang Modimo, mme o a ba namola.”—Pesalema 34:7