>

Di SETHI Explosions tse o neng o sa itse ka tsone

Di SETHI Explosions tse o neng o sa itse ka tsone

 

Mo tokololong eno, re batla go go itsise ka tiragalo ya di SETHI Explosions  e  e bontshang mokgwa o moša wa go dira patlisiso le go dira kgwebo go go dirwang mo YBB yotlhe.

 

Tiragalo eno ya ngwaga le ngwaga e e tsayang beke yotlhe e ne e tshwaretswe kwa Potchefstroom ka kgwedi ya Phatwe. A e go fositse? Se tshwenyege – go na le dibidio di le mmalwa tse di tla go nayang lesedi ka patlisiso eno, tlhabololo le ditšhono tsa go dira kgwebo tse di bontshiwang intaseteri le baamegi ba bangwe kwa SETHI Explosions.

 

A re boeleng kwa tshimologong

 

Tiragalo eno e ne ya simololwa ka 2013 fa Legoro la Boenjenere le ne le simolola boitemogelo jo bo bidiwang “Engineering Explosions” go bontsha diporojeke le patlisiso ya yone ka dibidio. Legoro la Disaense tsa Tlhago le ne la kopanela le bone mo go seno ka 2014 le ka 2015. Ngwaga morago ga moo, tiragalo eno e ne ya gola gore e bontshe saense, boenjenere, thekenoloji, pholo le tlhamosešwa, (science, engineering, technology, health and innovation,) e leng lone lebaka la go bo leina la teng le ne  la bidiwa SETHI Explosions.

 

Fa e sa le ka nako eo, e ile ya atlega mo go tlhameng polatefomo ya go inaakanya le ba bangwe jaaka baakatemi, babatlisisi le intaseteri ka go kopanya dipontsho le dikumo tse di nang le diphelelo tse di molemo-lemo tse di neng tsa tsenyelediwa mo maitseboeng ao a a neng a tletse boitumelo le boitlosobodutu.

 

Fa o tobetsa bidio e e fa godimo, segoke se tla go isa kwa kanaleng ya YouTube ya YBB. Mo bidiong eno o tla fitlhela go na le molaetsa wa kamogelo ka Mop Frikkie van Niekerk, mothusa motlatsa-mokanseliri wa pele wa patlisiso, tlhamosešwa le thekenoloji, le Mop LJ Grobler, modini wa nako e e fetileng wa Legoro la Boenjenere.

 

Fa thoko ga bidio eno mo kanaleng ya YouTube o tla bona lenaane la bidio tse dingwe gape di le robongwe. Tsotlhe di bua ka diporojeke tsa patlisiso le tlhamosešwa tse di neng tsa bontshiwa ka tiragalo ya SETHI Explosions. Itumelele go di leba!

DINTLHA

Setlhopha sa botseleganyi:

sa badiri ba lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo

Mokgabiso le boalo:

Tlhabololo le Tlhamo ya Karikhulama: Ditirelo tsa Sekerafo

Go tsaya dinepe:

Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Go tseleganya puo:

Clairwyn van der Merwe

Fa o na le dipotso go ya pele / fa o batla go kwala sengwe:

Nelia Engelbrecht -
mog 018 299 4937 Lebokoso la mo teng ga setheo la 260

Eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesemane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB